Setso sa Setswana

From Wikipedia
Jump to: navigation, search

Setso se bua ka mekgwa, boitshwaro mo dithulaganyong le mo ditirong tsa morafe. Di kaya botlhale jwa morafe mo go rarabololeng mathata le go dira ditshono gore go nne le tswelelopele mo botshelong.

Gape setso se bua ka tsela eo re tshwanetse go itswara ka yona, tlotlo, Maitseo a a amogeletsegang bogolo thata go iketse gore o tswa ole kae?

Setso le Ngwao tsa Setswana[baakanya | edit source]

Mo Batswaneng Setso le Ngwao di botlhokwa thata. Melao ya Setswana ga e kwalwe fa fatshe go buisiwa ke mongwe le mongwe, ebile ga e tsamaisane le bogolo jwa dingwaga tsa motho. Se se raya gore fa o sa nyala kgotsa o sa nyalwa ga o kitla o itse molao wa lenyalo, le fa le ka tshwaraganngwa fela ke magiseterata la se ka la laiwa ke bagolo, ga lo tsene fa go laiwa banyalani ba bangwe ka gore lona lo jele molao wa sekgowa fela. Fa o le mogolo o tswalelwa kwa ntle fa ngwana wa gago a nyala kgotsa a nyalwa wena o sa laiwa mo nyalong. O ka nna malome, rangwane kgotsa rakgadi fela mo molaong o ikgogela kwa morago fa setlogolo se laiwa. Mengwe ya melao ke fa banyalani ba tsena mo ntlong, go na le molao o ba o fiwang, fa o sa tsenngwa mo ntlong ka molao ga o tsene fa go na le tiro ya mofuta o, gore go tsena bana ba gago ga go tshwenye. Molao mongwe ke wa go rupa, fa o sa tswe bogwera kgotsa bojale ga o a tshwanela goitse gore go dirwang, o le monnamogolo gongwe mosadimogolo.

Gompieno go na le ketsaetsego ya gore melao e mentsi ga e salwe morago ka tshwanelo, mme go botlhokwa gore re se ka ra letlelela bophelo jwa segompieno jo bo tletseng ka mafaratlhatlha a tekenoloji go re fenya. Ka gompieno bontsi ba rona re phela mo metseng setoropo re tshwanetse re tsamaye ka thuto e bagolo ba rona ba re e tlogeletseng go e dirisa kwa rephelang teng, re diragatse ditiro tsa rona tsa setso tse di kgonagalang fa re nnang teng, re se ka ra tsaya gore ka e se mo magaeng re ka seka ra diragatsa setso sa rona. Ga ntsi ga re dirise meila ya rona jaaka re tshwanetse ka re phela mo ditoropong, fa gotwe o seka wa ja o e me ka maoto gongwe o seka wa jela mopitseng, gore o kwa Seborogo, Jeremane kgotsa Fora fa o le Motswana se dire jalo.

Seaparo[baakanya | edit source]

Makgabe

Tshega, Makgabe, Serampheetšhane, sedirwa ka letlalo la phatla ya kgomo. Motlokolo: O dirwa ka letlalo la nku, o aparwa ke makgarebe Leteisi le aparwa ke batho ba ba nyetsweng, le basadi ga ba bereka ko meketeng(dipitseng)[1].

Ditiro Tsa Diatla/Botaki[baakanya | edit source]

Go na le dilo tse dintsi tse di ntseng di itirelwa ka diatla go tswa bogologolong. Dingwe tsa dilo tse di setse di lebetswe mo malatsing a segompieno, fa tse dingwe di ntse di tsweletse di dirwa. Dilo tse di ne di direlwa go dirisiwa, mme jaanong gompieno bontsi jwa tsone di dirisediwa go kgabisa.

Tse di Nyeletseng[baakanya | edit source]

Mo tlholegong ya Setswana, Batswana ba ne ba itse go gakolosa tshipi, ba itirele dilepe, digai, dithipa, megoma e e otolang, le tse dingwe tse ba neng ba di tlhoka go itshetsa le go iphemela ka tsona. Mo malatsing ano kitso e ya go gakolosa tshipi e tsamaile, le gone go itirela dilwana tse tsa tshipi go nyeletse. Batswana ba kile ba be ba kgona go ipetlela selepe sa ntwa - magagana; mme gompieno kitso eo e ile le beng ba yona

Tse di sa leng teng[baakanya | edit source]

Bontsi jwa dilwana tse di itiretsweng ka diatla di sa ntse di le teng le gompieno. Dingwe tsa dilwana tse, jaaka tlatlana, di diretse Botswana mo mafatsheng a mantsi. Dingwe tsa dilwana tseo ke tse:

Tlatlana[baakanya | edit source]

Tlatlana

Tlatlana ya Botswana, e e dirwang bogolo thata kwa Maun, e galalediwa thata mo ditshupong tsa mafatshefatshe tsa ditiro tsa diatla. E bonwa e le nngwe ya ditiro tse di dirilweng ka botswerere le kitso e e tswang mo mading a motho.Tlatlana ya Setswana e logwa ka lotlhaka lwa noka.Tlatlana ya Botswana e setse e rekisiwa mo mafatsheng a mantsi mme ka go rialo e tsisetsa lefatshe leno madi a a tswang mo mafatsheng a sele Tlatlana e e kgabisiwa ka mefutafuta, e be e logwe ka dilekanyo, tse di farologanyeng. Go na le tse ditona le tse dinnye, tse di kgonang go pegwa mo loboteng, go kgabisiwe ka tsona[2].

Leselo[baakanya | edit source]

Leselo

Kwa ntle ga tlatlana, Batswana ba tswa kgakala ba itse go loga loselo. Lone lo logwa ka thupa ya moretlwa, e fatotswe’, e bile kwataboloditswe makwati. Le lone jaaka tlatlana, lo logwa dilekanyo tse di farologanyeng, lo bile lo setse lo dirisediwa go kgabisa. jalo le lone lo rekwa kwa mafatsheng a sele [3].

Motlhotlho[baakanya | edit source]

Kwa tshimologong motlhôtlhô o ne o logelwa go tlhotlha bojalwa. One o logwa ka makhaši o o tlhogang fa thoko ga noka. le gale gompieno o setse o logelwa go rekisediwa ba ba ka kgabisang ka one mo matlung.

Moseme[baakanya | edit source]

Moseme gongwe legôgô o logwa ka mokhaši jaaka motlhô tlhô. One o ne o dirisiwa go alwa fa fatshe ke bomme fa ba itapolositse, ba tsere dikgang, kgotsa ba le mo mererong. Le one mo malatsing ano o setse o dirisediwa go kgabisa, bogolo jang mo ditoropong.

Ela Tlhoko[baakanya | edit source]

Kwa ntle ga dilwana tse di fa godimo tse, Batswana ba kgona go loga dika-dinkgo ka lotlhaka, jaaka tlatlana, di be di direlwe le dikhurumelo. Tsone maikaelelo a go di dira ke go kgatlha ba ba eletsang go kgabisa ka tsone, le go supa kitso ya mologi mo tirisong ya lotlhaka.Dilo tse tsotlhe di supa kitso e e nonofileng ya tlholego ya batho mme e bile di fa lefatshe la Botswana leina la gore le lone le na le seabe mo tsweledisong ya ngwao, ya losika loomotho.

Matlalo[baakanya | edit source]

Ke selo se se itsegeng thata gore go suga matlalo go tswa le Motswana kgakala. Pele ga Basweu ba tla ka matsela, Batswana ba ne ba apara diaparo tsa matlalo. Banna ba ne ba apara diphae, fa basadi bona ba apara diphaeyana. Gape go ne go dirwa methikga ka matlalo, mme go binwe ka yona.Go ne go sugwa matlalo go dirwa diphate, thari e e belegang ngwana, lekuka la madila, kuane ya banna, go be go sugwe dikgole go golega dikgomo le go di katlowa fa di gangwa. Diphate tse di aparwang sekobo, le tse di phuthang dithoto di ne di sugwa boleta le bontle,go na le tse di alwang fa fatshe.

Ka ntlha ya go bona ditšhaba tsa seeng di kgatlhegela diphate tsa Setswana, gompieno diphate di sugwa, di rokwe, di be di kgabisiwe ka bokgabane jo bo tsikitlang leitlho la molebi. Ke ka moo le Batswana jaanong ba setseng ba kgabisa ka diphate mo matlung a a bone Ga ba tlhole ba di rekela go di ala. Le gale kwa metseng ya magae go sa ntse go na le ba ba di alang, le fa theko ya tsona e iteile batho tsebe.Diphate tse dingwe di ntlafadiwa ka go tshwaraganya matlalo a diphologolo tse di farologanyeng, go dira phate e le nngwe, Fale le go sa ntse go bonwa diaparo tsa matlalo, jaaka borokgwe, baki, phaeyana, jalo jalo. Go gongwe dibaki di segwa ka matlalo a bophokojwe, mme a se ke a ntshiwe bobowa gore a nne mantle.

Megopo[baakanya | edit source]

Le fa megopo e sa tlhole e dirisediwa go jela, fela go sa na le dithakga tse di e betlang. Mogopo o betlwa ka logong lwa monato, mophane, morula, le tse dingwe. Mo malatsing ano megopo e betlelwa go rekisiwa le go kgabisa mo matlung. Le yona e setse e betlwa ka mekgwa e mentsi go e ntlafatsa le go e tlhabolola. Mengwe e betlelwe dikhurumelo.Jaaka ditlatlana, le megopo e betlwa ka dilekanyo tse di farologanyeng gore batho ba e rekele mabaka a a farologanyeng.Godimo ga megopo go betlwa le dintshwana, dikika, metshe le dipora - dinno tsa Setswana tse di betlilweng ka logong fela. Go betlwa le ditilo tsa dikgojana, mme di kgabisiwe ka mekgwa e mentsi

Babetli ba setse ba. betla dikikanyana, metshenyana, le dikopi tse tse ba di direlang gone go kgabisa fela. Mo e a be e le go supa kitso ya Motswana ya go dira ka logong le petlwana.Kwa ntle ga megopo le tse di setseng di umakilwe, go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse di betlwang ka logong, jaaka lore, setshwantsho sa motho, kgomo, tau, tlou, le diphologolo tse dingwe, le ka dinonyane le digagabi tota.Mo ntlheng e go ka twe kgwebo e thusitse thata, gonne fa di ne di sa betlelwe go rekisiwa, bontsi jwa tsone di ka be di setse di nyeletse, jalo dikokomana tsa rona di ka be di latlhegetswe ke kitso ya ngwao ya segabona.

Merufa[baakanya | edit source]

Morufa ke kgamelo e e betlilweng ka logong. Batswana ba le bantsi gompieno ga ba tlhole ba itse kgamelo e. Ka ntlha ya kgwebo, re sa ntse re wela kgamelo e e rekisiwa; ka jaana e sa tlhole e dirisiwa mo go gameng.Ke selo se se kgatlhang go lemoga gore e rile pele ga ditšhaba tsa Bophirima di tla mono ga rona, batho ba ne ba ipheditse ka dilo tse ba di tlhokang mo matshelong a bona a gale.

Dinkgo[baakanya | edit source]

Nkgo ya Setswana le yona ke nngwe ya ditiro tsa diatla tlholegileng le ngwao ya Setswana. Yona e botšwa ka mmopa, e besiwe gore e tie. Ka jaana le yona e kgatlhisa thata, babopi ba yona ba e bopa ka go e ntlafatsa le go e kgabisa ka ditsela tse di farolo- ganyeng. Ga e tlhole e dirisiwa thata go beela metsi kgotsa bojalwa, mme jalo ba ba e rekang gantsi ba e rekela go kgabisa ka yona

Diletso[baakanya | edit source]

Maitiso a Setswana go gongwe a ne a loisiwa ka go dirisa diletso tse di itiretsweng. Dingwe tsa diletso tse ke moropa, serankure/segaba/sebintsolo, phala e e dirilweng ka lonakana lwa phala, kgotsa lwa phudufudu, le tse dingwe jalo.Ka jaana gompieno dilo di tlhabolotswe ka bontsi, dingwe tsa diletso tse ga di tlhole di dirisiwa mo dipineng. Bontsi jwa tsona gompieno di bonwa di kgabisitse mo matlung, kgotsa di tlhaga fa go na le meletlo e megolo ya semmuso [4].

Mefuta ya mmino wa Setswana[baakanya | edit source]

TSUTSUBE, PHATISE, HOSANA, HURU, SETAPA SA DIPHATE LE MMAMARUTLE.

Mmino wa Setswana fela jaaka mmino wa ditso tse dingwe, Ke sekgantshwane, ebile ke sekao sa Setshaba sa Setswana. O farologane ka mokgwa o o diragadiwang ka teng. bogolojang fa re lebile dikao tsa ditso tse dingwe mo Aforika. Didiriswa tsa teng ga se tsa manobonobo mme di natifisa pina thata, jaaka mokgwa wa go opa diatla, Matlhao le diphala. Molodi wa pina ya Setswana o supa gore Batswana ke bo mang le gore Botshelo jwa bona bo ntse jang. Mo mminong go bonala Boitumelo, Kutlobotlhoko, Metshameko, kalafi, Kaloso le ditiro tse di amanang le setso tse di dirwang ngwaga le ngwaga jaaka go rapelela Pula le ka nako ya thobo.

Ditlhopa tsa Setswana tse di gatisitseng[baakanya | edit source]

1. Maletangwao Cultural Troupe Montshiwa (Mafikeng) 2. Mosekaphofu Cultural Mull Lorwaneng (Mafikeng) 3. MmaAusi Montshiwa ( Mafikeng) 4. Mebala Lotlhakane (Mafikeng) 5. Tswelelang Traditional Group Logageng (Mafikeng) 6. Serankure Marimba Lotlamoreng (Mafikeng) 7. Serake Traditional Group Serake (Lehurutshe) 8. Bana Ba Kgwale Borakalalo (Lehurutshe) 9. Mma Mpelegele Ngwana Bapong (Rustenburg) 10. Maipela Ka Ngwao Jobetina ( Klerkdrop ) 11. Vision Youth Jobetina ( Klerkdrop) 12. Kopano Ke Matla Jobetina ( Klerkdrop) 13. Thaga Tsa Ga Mme Halenyane Sekhing ( Taung) 14. Mahube Lokaleng ( Taung) 15. Seramphetshane Unit 2 (Mogwase) 16. Ngwao ya Tshona Batlharos ( Kuruman) 17. Ba Ga Phadima MaMmebe ( Kuruman) 18. Dialogane Tsa Tlhaping Magwagwe ( Kuruman) 19. Dinkwe tsa Phuduhudu Dithakong ( Kuruman) 20. Serantlhatlha Ganyesa (Ganyesa) 21. Ngwao Boswa Kudunkgwane ( Ganyesa) 22. Olebogeng Babuseng Seoding ( Taung ) 23.reaipela cultural group(leeudoringstad)

Dikgoge tsa kwa ntle[baakanya | edit source]

Setso sa Setswana

Dipadi tse dingwe[baakanya | edit source]