Sheila Tlou

Go tswa ko Wikipedia

Sheila Dinotshe Tlou ke moitsaanape wa Botswana mo bolwetseng jwa HIV/AIDS le mo botsogong jwa basadi, ga mmogo le mo dithutong tsa booki. O kile a nna tona wa botsogo ka ngwaga 2004 go fitlha ka ngwaga wa 2008.

Dithuto le tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Tlou o ithutile kwa sekolong sa Teachers College, Columbia University, U.S., a amogela setlankana sa M.A. sa Dithuto (sa go itebaganya le taelo ya maranyane a botsogo).[1] O ne a amogela setankana sa PhD mo bodireding jwa botsogo mo tikologong(Community health nursing) le setankana sa diploma tsa dikgang tse di amanang le bong (gender issues), gotsweng ko sekolong sa University of Illinois at Chicago ka ngwaga wa 1990.[2] O ne a ruta kwa mmadikwele, ke gore University of Botswana gotsweng ka ngwaga wa 1980 . Go simolola fela ka ngwaga wa 1994 go ya ko ngwageng wa 1996, o ne a nna mookamedi wa lephata la Nursing Education, ka jalo gwa modira gore a nne moitsanape wa tlwatlwa ka ngwaga wa 1999 le wa 2002–04 fa a ne le moteledipele wa HIV/AIDS mo mmadikwele ka go farologana.[3]

Tlou o ne a emela lefatshe la Botswana ko tirelong ya 1995 Fourth World Conference on Women kwa lefatsheng la Beijing. E rile ka ngwaga wa 2002 o ne a lebagangwa le tiro ya botlhokwa ya UN ya banyana, basadi , le HIV/AIDS mo kgaolong ya borwa jwa Africa. O ne a buisana le UNAIDS, UN Commission ka boleng jwa bomme le World Health Organisation. O ne a tsaya karolo mo moletlhong wa bodiredi jwa batho ba ba rutang ba banngwe lefatshe ka bophare wa HIV Vaccine Trials Network.[4]

Tlou o ne a tsena mo nyalong e e boitshepho le moitsanape wa tsa ditso tsa Botswana e bong Professor Thomas Tlou.

Tlou o ne a tsena mo ditlhakong tsaga Precious Ramotswe mosadi wa senaka wa dibuka tsedi farologaneng tsa Alexander McCall Smith #1 Ladies' Detective Agency, e le ntlha nngwe ya go fetisa nako le go ekentsha bodutu ka motshameko o. Ka nako nngwe ba-bega dikgang ba kile ba bega gore go ka nna ga nna le kgonagalo ya gore a tshameke motshameko e le Mma Ramotswe mo ditswantshong tsa motshikinyego tsa Hollywood.[5]

Ga tla kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa ditlhopho tsa lefatshe 2004, Tlou a neelwa maemo a gore a nne tona wa tsa Botsogo ka kgwedi ya Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le boferabongwe ka ngwaga wa 2004[6]. Morago ga go latlhegelwa ke ditlhopho tse di potlana tsa Botswana Democratic Party (BDP) ko Palapye, Tlou o ne tswanelwa ke go rola marapo ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2008 fa Ian Khama a nna tautona ya lefatshe.[7]

Kalafi le thibelo ya HIV/AIDS[fetola | Fetola Motswedi]

Go bereka thata ga ga Tlou mo Africa borwa ka bolwetsi jwa HIV/AIDS, go dirile gore basadi ba buisane le bakapelo ba bone ka tsela tse di siameng tsa go tlakanela dikobo ka go sa tlakanela dikobo go sa itsherelediwa e le gone mo go bakang bolwetsi jo, segolo jang basadi ba ba nyetsweng. O berekile le basadi ba motiya ba maphata a bomme le mekgatho e e dirwang mo lefatsheng go tsibosa ka bolwetsi jwa AIDS mo Botswana. O dirile go ka tlala diata mo go lwantsheng le go fokotsa kgethololo ya batho ba ba nang le AIDS le go thusa batho ba ba nang le HIV gore ba amogele seemo sa bone gore ba tswelele le matshelo a bone.

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

  • May 2002 Anna Reynvaan prize, and gave prize lecture (Netherlands)[8]
  • September 2002 Presidential Order of Honour (Botswana)[9]
  • 2003 Florence Nightingale Medal (International Committee of the Red Cross)[10]

Ditiro[fetola | Fetola Motswedi]

Tlou ke mongwe wa bakwadi tota ba buka ya itsetso ya batho ba ba nang le bolwetsi jwa HIV/AIDS mo Africa:

  • With Max Essex, Souleymane Mboup, Phyllis J. Kanki, Richard G. Marlink (eds.) AIDS in Africa . Kluwer Academic / Plenum Publishers (2002). ISBN 0-306-46699-6

Ditiro tse dingwe tse di thophilweng:

  • With K Norr and J Norr. "The threat of AIDS for women in developing countries". In F Cohen, JD Durham (Eds.) Women, children and HIV . New York: Springer (1993)
  • With K Norr and B McElmurry. "AIDS prevention for women: a community-based approach in Botswana". Proceedings of the WHO Global Programme on AIDS meeting on effective approaches for the prevention of HIV/AIDS in women. Geneva, Switzerland, February 1995.
  • “Women & AIDS in Southern Africa”. In proceedings and background papers on regional action, Southern African Development Community/ European Union conference on HIV/AIDS. Malawi, December 1996.
  • With B Ingstad, B and F Bruun. "AIDS and the elderly Tswana: The concept of pollution and consequences for AIDS prevention". In Journal of Cross-cultural Gerontology Vol. 12 (1997)
  • "Communication Strategy for the Introduction of Antiretroviral Therapy in Botswana". In The Science and Culture Series: Nuclear War and Planetary Emergencies . A Zichichi (ed). World Scientific Press (2001)
  • "Mother-to-child transmission of HIV in Botswana". World Federation of Scientists Planetary Emergencies Conference. Erice, Italy, August 2001.
  • With E Lindsey, M Hirschfeld and E Ncube. "Home-based care in Botswana: Experiences of older women and young girls". In Health Care for Women International Vol. 24. (2003)

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

  1. http://www.unaids.org/en/regionscountries/regions/easternandsouthernafrica/rstdirectorforeasternandsouthernafrica/
  2. "African KILP Fellows: Dr Sheila Tlou". W. K. Kellogg foundation. 2003. Archived from the original on 2007-09-27. Retrieved 2006-08-09. {{cite web}}: Unknown parameter |month= ignored (help)
  3. "Professor Sheila Dinotshe Tlou". Contemporary Africa Database. The Africa Centre, London. Retrieved 2006-08-08. {{cite web}}: External link in |publisher= (help)
  4. Nurses at the Forefront of HIV/AIDS: Prevention, Care and Treatment Profile of Tlou, Canadian Nurses Association conference. Toronto, Canada, August 1996. Retrieved on 2006-08-10.
  5. Tlou mum over Mma Ramotswe role Article from the South African Cape Film Society newsletter, quoting a Sunday Times article.
  6. "Mogae appoints cabinet - Ten new faces - Five women", BOPA, November 10, 2004.
  7. Gideon Nkala, "Khama fires five ministers", Mmegi Online , April 2, 2008.
  8. "Inschrijven voor Anna Reynvaan Prijzen" Bijzijn (in Dutch), 27-03-2002. Retrieved on 2006-09-10.
  9. "Batswana celebrate 36th anniversary". Daily News Online. Government of Botswana. 2002-10-04. Retrieved 2006-08-10. Tempolete:Dead link
  10. "Professor Sheila Dinotshe Tlou". Contemporary Africa Database. The Africa Centre, London. Retrieved 2006-08-08. {{cite web}}: External link in |publisher= (help)

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]