Sinenjongo High School

Go tswa ko Wikipedia
Sinenjongo High School
Location
Map
Coordinates33°52′25.68″S 18°30′34.56″E / 33.8738000°S 18.5096000°E / -33.8738000; 18.5096000;[1]
Information
TypePublic and paying;[2] mixed gender
MottoIsiseko senkcubeko
The foundation of development
HeadmistressMrs Khuselwa Malinga-Nopote
Staff41 teachers
Grades8–12
Enrollmentmore than 1400
HousesNo residence halls
Colour(s)Blue and grey

Sinenjongo High School ke sekolo se segolwane mo Joe Slovo Park, Milnerton, Cape Town (toropo ya Kapa), Aferika Borwa.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1993 Elda Mahlentle o simolotse sekolo se bitswa ( Elda Mahlentle Primary School) kwa maipafela a a ko toropong a bitswana Chuku go lebagana le kwa mabaleng a matabogelo a dipitse mo Milnerton.Baithuti ba lokwalo lwa Ntlha go fitlha kwa go ba lokwalo lwa Bone ba ne ba kopantswe mo ntlwaneng e ngwefela. Fa ngwaga wa 1994 o ya bokhutlong sekolo se ne sa atloloswa go fitlha ka dithuto tsa lokwalo lwa Boferabongwe mme gape go okeditswe le one mantlwana a borutelo a le Boferabobedi. Ba Lephata la Thuto ba ne ba thusa sekolo ka go duela barutabana ba le Lesome.

Ka ngwaga wa 1996 mantlo a masha a ne a agiwa mo lefelong la Joe Slovo mme ka go nna jalo sekolo se ne sa atlolosetswa teng go nale barutabana ba le Lesome le Borataro. Moragonyana ga ditumalano tse di tsereng sebakanyana sekolo se ne sa felela se tlhapmiwa go nna sa setšhaba ka ngwaga wa 200. Elda Mahlentle Primary School e ne ya fetlolwa go nna Sinenjongo High School gape le Marconi Beam Primary School.

Go itsege ga sekolo[fetola | Fetola Motswedi]

Kompone ya Rabie Property Group e ne ya kaya mo sekolong sa Sinenjongo High School jaaka nngwe ya mananeo a katlego ya kompone mo go neyeng setšhaba.[3]

Mme Nopote o ne a tlhapiwa go nna moeteledipele wa sekolo ka kgwedi ya Phukwi 2010, mme a bua kwa bokopanong jwa TEDxCapeTownED ngwaga wa 2012 ka fa sekolong se tsweletseng pele ka maduo a mantle a sekolo.[4][5]

Sekolo se ne sa fiwa tlotla ya go nna nngwe ya dikolo tse di Lesome mo Western Cape mo go direng bontle ka ngwaga wa 2012 go tsweng kwa ba Lephateng_la_thuto_mo_Western_Cape.[6]

Ditlamelo[fetola | Fetola Motswedi]

Ntlwana ya Borutulelo mo Senenjongo

Go simololeng ka ngwaga wa 2012, sekolo se ne se nale:

  • Lefelo le go rutelwang tsa Maranyane le le 1[7] [8][9]
  • Lefelo le go lengwang merogo le le 1[10][11]
  • Mafelo a mabedi a dikhomputara (ka dikhomputara di le Masome a Mane tse di berekang fela)[12][13]
  • Mafelo a borutelo a le Lesome le Boferabobedi, barutabana ba le Masome a Mabedi le Bosupa (go akaretsa barutabana ba le Boraro ba dithuto tsa Dipalo gape le ba le Bobedi ba dithuto tsa Science mme ga bowa go tlhapiwa ba bangwe ba le Bobedi [14][13] [15][16]) and more than 800 learners. [17]
Year Pass Rate Number of learners Bachelors Bachelors Rate
2008 27% 71 3 4%
2009 44% 66 3 5%
2010 98% 44 7 16%
2011 88% 87 19 22%
2012 95% 92 32 35%

Mekgatlho ya Sekolo[fetola | Fetola Motswedi]

Mekgatlho e mengwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mananeo a amanang[fetola | Fetola Motswedi]

Tiriso ya Wikipedia mahala[fetola | Fetola Motswedi]

Grade 11A Class who penned the open letter for free access to Wikipedia on their cellphones, (photographed in February 2013 as the 12A class)
A sample from a Cape Town radio interview between Kieno Kammies and Pam Robertson, Maths and Science teacher at Sinenjongo High School about her class and their campaign for free access to Wikipedia on their cellphones.

Ka ngwaga wa 2012, setlhopha sa baithuti ba lokwalo lwa 11A kwa sekolong ba ne ba kopa dikompone tsa maranyane tsa South African go ba letla go dirisa Wikipedia mahala e le ntlha ya go thusa baithuti go dira tiro ya bone ya sekolo.[25][26] .FNB_Connect (kompone ya South African ya maranyane) e ne ya nna ya ntlha go araba kopo ka go letla tiriso ya mahala ya Wikipedia ka dioura tse di rileng mo bagwebing ba bone. Le go ntse jalo teta e e ne e seyo mo megaleng ya matheka, e tla tsenya dingalo tse di ntsi mo bagwebing ba dikompone tsa maranayane a megala ya matheka go fa se se tshwanang.[27][28]

Kgwedi ya May 2013, sekolo se ne sa etelwa ke Victor Grigas and Charlene Music go tsweng kwa Wikimedia_Foundation go ikgolaganya le sekolo gore setšhaba se itse ka ikopelo e.[29][30][31] Ka go rialo, kgwedi ya June 2013, babega dikgang lefatšhe ka bophara bo ne jwa, gasa makwalo a baithuti go nale mekwalo ya dipalo mo go one,bogolo jang ka beke e e neng e latela ya malatsi a banana a Soweto_uprising. Lekwalo le ne la goroga maikuelo lefatšhe ka bophara, kgaolo ya Western_Cape, fela jaaka dikgaolo tse dingwe Gauteng le ya KwaZulu_Natal mme tsa tswelela ka go itsise lefatshe ka se ka tsepe ya Facebook ya 'Free Access to Wikipedia from Cellphones.' [32] [33][34][35][36][37][38][39][40][41]

Ditiragalo tsa ngwaga[fetola | Fetola Motswedi]

Go nale letsatsi la ithuthuntso ka tsa mebereko le haphegileng la bana ba ba dirang lokwalo lwa Boferabobedi le lwa Boferabongwe mo batho ba ba tlang ba tswa mo maphateng a a farologanyneg a tsa pereko ba tlang go buwa le baithuti ba bo ba ba itsese ka maphata a tsa pereko ka go farologana. Se se dirwa ka gore baithuti ba lokwalo lwa Lesome ba tshwanetse go itlhophela dithuto tse ba tshwanetseng go itebaganya le tsone mo setlheng sa makgaolakgang. Baithuti ba bangwe ba makwalo a mangwe bone ba akarediwa le bone. [42][43]

Ngwaga le ngwaga go nale moletlo wa kabo dimpho wa baithuto ba ba gaisitseng botlhe mo setlhopheng sa baithuting ba lokwalo lwa Lesome le Bobedi. Gape ke ipelelo ya bone ya bofelo ya ngwaga.[44]

Moragonyana fela ga ipelelo e sekolo se dira moletlo yo mongwe wa tsamaya sentle wa setlhopha sa baithuti ba lokwalo la Lesome le Bobedi se bitswang gotwe "Matric Dance" kgotsa "Matric Ball"[45]

Dinepe[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Sinenjongo High School – South Africa". Plak.co.za. Retrieved 13 July 2014.
  2. "Mediaweb: SA Journalist Network". 15 June 2013. Archived from the original on 15 June 2013.
  3. "Sinenjongo | Rabie Blog". Rabie.co.za. Retrieved 2013-06-13.
  4. "Malinga Nopote - Excellence Through Trust". TEDxCapeTownED. Retrieved 2013-06-13.
  5. "Excellence through trust: Malinga Nopote at TEDxCapeTownED". YouTube. 2012-06-18. Retrieved 2013-06-13.
  6. "WESTERN CAPE EDUCATION DEPARTMENT NATIONAL SENIOR CERTIFICATE (NSC) AWARDS FOR 2012" (PDF). info.gov.za. Retrieved 2013-06-13.
  7. IOL | News for South Africa and the world
  8. "Community Involvement". Archived from the original on 2014-04-03. Retrieved 2013-07-10.
  9. Joe Slovo pupils get to grips with science - Post | IOL.co.za
  10. "Century City | Blog | Century City Takes Arbor Day To Neighbouring Community". Archived from the original on 2014-07-14. Retrieved 2013-07-10.
  11. Path: /Published/TygerBurger/2011/02/23/TG/Texts/csfoodtun3.xml Creator: system Last Modified by: system Author: leon.steenkamp Keyword: Print Chanal: TygerBurger Edition: TG ...
  12. Path: /Published/TygerBurger/TC/2006/06/21/Texts/cfrotary.xml Creator: system Last Modified by: system Print Chanal: TygerBurger Edition: TC Publication Date: 20060621 Section...
  13. 13.0 13.1 Ratanga Junction donates R150 000 to Sinenjongo High School | Ratanga Junction Theme Park | Unique Function Venue
  14. "K-Way Platteklip Charity Challenge raised R518k for Sinenjongo | Rabie Blog". Archived from the original on 2012-05-20. Retrieved 2013-07-10.
  15. Path: /Published/TygerBurger/2012/01/11/TP/Texts/absinen2.xml Creator: system Last Modified by: system Author: andre.bakkes Keyword: Sinenjongo High School Print Chanal: Tyger...
  16. ISSUU - Century City Edits issue 2 by Michele Attwood
  17. "Sinenjongo High School -My Valedictory Speech (2011, September)". Sinenjongohighschoolvaledictory2011.blogspot.com. 2011-10-15. Retrieved 2013-06-13.
  18. "Programmes". Starschools. Archived from the original on 2013-08-10. Retrieved 2013-06-13.
  19. "PPC | In The Mix". Archived from the original on 2013-04-08. Retrieved 2013-07-10.
  20. "Legacy Partneship". BBN. Retrieved 2013-06-13.
  21. "BBN - Legacy Partneship". Archived from the original on 2013-08-13. Retrieved 2013-07-10.
  22. BBN Addsure Sinenjongo 2011 Learners: BBN LEARNERS 2011 - Sinenjongo
  23. BBN Addsure Sinenjongo 2011 Learners
  24. "ASSET". Association for Educational Transformation. 2013-03-14. Retrieved 2013-06-13.
  25. "South African school-goers lobby mobile operators for free Wikipedia access". Livdigital Independent News. 12 December 2012. Archived from the original on 2013-02-11. Retrieved 2013-06-13.
  26. "SA learners lobby for free Wikipedia on phones". Gadget. 27 Dec 2012. Archived from the original on 2013-06-03. Retrieved 2013-06-13.
  27. "FNB Connect to offer free Wikipedia browsing in the evening". Telecompaper. 17 January 2013. Retrieved 2013-06-13.
  28. "FNB Connect offers free wiki browsing". BusinessTech. 2013-01-16. Retrieved 2013-06-13.
  29. "Tygerburger Milnerton 29 May 2013 by Tygerburger Newspaper". ISSUU. 2013-05-29. Retrieved 2013-06-13.
  30. "Call for free Wikipedia for schoolkids on cellphones by Primedia Broadcasting on SoundCloud". Soundcloud.com. 2013-06-07. Retrieved 2013-06-13.
  31. SAHA - South African learners lobby for free mobile access to online encyclopedia
  32. http://www.facebook.com/FreeAccessToWikipedia
  33. SA learners lobby for free Wikipedia | News24
  34. "Wikipedia | NGO Pulse". Archived from the original on 2013-06-12. Retrieved 2013-07-10.
  35. Students want free mobile Wikipedia | ITWeb
  36. Wikipedia films Sinenjongo learners | News | HumanIPO
  37. File:Sinenjongo High School Wiki class.JPG - Wikimedia Commons
  38. allAfrica.com: South Africa: Learners Lobby for Free Wikipedia Access (Page 1 of 2)
  39. Let pupils roam info highway - Sowetan LIVE
  40. "OPINION: Free access to Wikipedia from cellphones". Archived from the original on 2013-10-23. Retrieved 2013-07-10.
  41. Change lives of millions of children with penstroke - The Mercury | IOL.co.za
  42. "School's achievements recognised.(Workplace) - Cape Times (South Africa) | HighBeam Research". Archived from the original on 2014-09-21. Retrieved 2013-07-10.
  43. "Dozens of speakers address learners at Sinenjongo's 2012 Careers Day | Rabie Blog". Archived from the original on 2012-09-23. Retrieved 2013-07-10.
  44. "Sinenjongo's Valedictory Celebrations | Rabie Blog". Archived from the original on 2013-02-27. Retrieved 2013-07-10.
  45. "Dance spectacular for Sinenjongo | Rabie Blog". Archived from the original on 2013-02-27. Retrieved 2013-07-10.