Thuto mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Thuto tse dikgolwane mo Botswana ke mahala kgotsa boitlhopelo.[1][2] Mo ngwageng wa 2002, palo ya ntlha ee sa rurifadiwang e ne e le selekanyo sa lekgolo le boraro mo lekgolong, mme ee rurufaditsweng yone ya ntlha e ne e le masome a borobabobedi le motso mo lekgolong.[1] Go kgaogangwa ga bana ba ba tsewang mo dikolong go itebagantse le palo ya baithuti ba ba kwadisiwang kwa dikolong tse di potana gape ga go amane gope le go tsena sekolo sentle ga bana. Dipalo tse di ntsha tsa go tla sekolong mo dikolong tse di potana ga di mo Botswana.[1] Go ya ka dipalo tsa ngwaga wa 2001, masome a borobabobedi le borataro mo lekgolong a bana ba ba simolotseng dithuto tse di potana ba ne ba batlile go fitlhelela kwa lokwalong lwa botlhano.[1] Mo tsamaisong ya thuto ya mo Botswana, basimane le basetsana ba nale tepetepano mo go fiweng dithuto. Basetsana, ka gorialo, ba ka nna ba tswa mo dikolong tse dikgolwane ka ntata ya boimana.[1]

Botswana o dirile tse dintsi mo go tlhabololeng thuto morago ga go tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966.Botswana Morago ga seo go ne go nale baalogani ba ba potana mo lefatsheng gape Batswana ba palo potana ba tsene dikolo tse dikgolwane. Ka ponagalo ya ditemane morago ga go tsaya boipuso le go oketsega ga madi a puso, go ne ga nna le koketsego ee kwa godimo ya go aba thuto mo lefatsheng. Baithuti botlhe ba ne ba fiwa dingwaga tse di lesome tsa go ithuta,se se ba fitlisetsa kwa dithutong tse dikgolwane tsa Junior Certificate. E ka ne e le bontlha bongwe jwa palo ya batho mo sekolong ba ba tsweledisang ka ngwaga tse pedi tsa mo sekolong se se golwane se se isang moithuti kwa mphong ya go fiwa setlankana sa Botswana General Certificate of Education (BGCSE). Fa o sena go tlogela sekolo, baithuti ba ne ba ka tsena sekolo mo dikolong tsa ithutelo tiro di le borataro mo lefatsheng,kgotsa ba ithuthuntsha mo dithutong dingwe tsa borutabana kgotsa booki. Moithuti yo o gaisitseng botlhe o ne a ya go tsena kwa mmadikolo ebong University of Botswana, Botswana College of Agriculture[1], le Botswana Accountancy College mo Gaborone. Palo ee ntsi ya bana ba kwa mmadikolo e solofetswe, fa kago ya bobedi ya mmadikolo mo lefatsheng, ebong Botswana International University of Science and Technology, e fediwa. Bontsi jwa bana ba felela ba tsene dikolo kwa dikholetsheng tse eseng tsa puso mo lefatsheng. Bontsi jwa baithuti ba tsengwa sekolo ke puso. Dipoelo ga di ise di ko di tshwantshangwe le tsa boleng jo bo rileng. Dikolo tse di potana di santse di tlhoka didirisiwa, gape barutabana ba duelwa madi aa kwa tlase go nale badiri ka bone ba kwa dikolong tse dikgolwane.Botswana Mo kgweding ya Ferikgong ngwaga wa 2006, Botswana o ne a simolodisa tuelo ya dithuto morago ga dingwaga ngwaga tse pedi tsa thuto ee neng e fiwa mahala .[2]

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Thuto ke yone konokono ya botshelo ke moo go leng matshwanedi gore e tsewe ka tlhwaafalo.Baithuti ba tshwanetse go nna ba ithuta gore ba tle go atlega mo botshelong.Ke tshwanelo ya puso go bona gore baithuti ba fiwa dithuto tse di lebanyeng gore ba tle ba kgone go baya lefatshe mo maemong aa fa godimo bogolo jang baithuti ba kwa mmadikolo.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 {1}Botswana {/1} 2005 Findings on the Worst Forms of Child Labor . Ba lekgotla le le inamololang mafatshe ka kakaretso, U.S. Lephata la metse selegae (2006). Koranta e e nale molaetsa go tsweng mo tshimologong, e e leng ponagadi ya {0 }phatalatsa.
  2. 2.0 2.1 "Botswana brings back school fees". BBC News. 2006-01-11. http://news.bbc.co.uk/1/hi/world/africa/4601360.stm. Retrieved 2010-05-01. 

Dithuto mo Botswana di felela ka lekwalo la lesome le bobedi.

Dikgolagano tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Education in Africa

Tempolete:Education-stub