Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba

Go tswa ko Wikipedia

Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba e rotloetsa le go bebofatsa tlhaeletsano ka dipuo. Go tshegetsa ditlhokego tsa Molaotheo, Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (NLS) e laola dipuo tse di farologaneng tsa setšhaba sa rona, e bile e rwele maikarabelo a go tlhokomela dipuo tsotlhe tsa batho ba rona ka go tsenya tirisong dipholisi tse di ikaeletseng go tsweletsa tiriso ya dipuo tse, gammogo le dipuo tse pele di neng di ikgatolositswe.

Tirokgolo ya NLS ke go fitlhelela ditlhokego tsa Molaotheo ka go bebofatsa, go tsweletsa le go tlamela tirelo ya bofetoledi le botseleganyi ka dipuo tsotlhe tsa semmuso, le go laola dipuo tse di farologaneng ka diporojeke tsa thulaganyo ya puo le tsa mareo.

NLS e dira jaaka thulaganyo ya porofešenale ya Mmuso ya tshegetso ya puo ka go fetolela dikwalo tsa semmuso ka dipuo tsotlhe tsa semmuso. Tirelo ya yona ya mareo e thusa ka go tlhabolola le go tokafatsa tlotlofoko ya setegeniki ya dipuo tsa semmuso. Ditiro tsa thulaganyo ya puo di akaretsa go eletsa Mmuso ka ga tlhabololo ya pholisi ya puo le maano a tiragatso.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]