Tlokweng

Go tswa ko Wikipedia
Tlokweng
Legae
Nickname(s): 
Posh
Tlokweng is located in Botswana
Tlokweng
Tlokweng
Coordinates: 24°40′S 25°58′E / 24.667°S 25.967°E / -24.667; 25.967
CountryBotswana
DistrictSouth-East District
Elevation
1,002 m (3,287 ft)
Palo batho
 (2011)[1]
 • Total35,982
Time zoneGMT +2
ClimateBSh

Tlokweng ke motse o agilweng gaufi le toropokgolo ya Botswana, Gaborone, mo kgaolong ya borwa-botlhaba. E ka tsewa e le bontlha bongwe jwa Gaborone. Tlokweng o ka kwa ntlheng e nngwe ya noka,gape o mo tseleng e e yang kwa molelwaneng wa Aferika Borwa, molelwane o dikhilomethara tse di lesome le botlhano mo botlhaba. Palo ya batho e ne e le makgolokgolo a le masome a mabedi le motso,lekgolo le masome a mararo le boraro mo palo bathona ya ngwaga wa 2001.[2]

Mo dipading[fetola | Fetola Motswedi]

Tlokweng o tshwantshangwa le moanelwa mogolo mo pading ya No. 1 Ladies' Detective Agency mo dibukeng ka mefutla tsa mokwadi Alexander McCall Smith. Moganedi ebong , Mma Precious Ramotswe, o nyala Mr. J.L.B. Matekoni, yo tsholetsweng ebile a boa a godisetswa mo Tlokweng, morwa modiri mongwe wa tshimo yo o neng a bereka e le motlhokomedi yo mogolo wa moeteledipele wa ofisi ya kompone ya diterena. Setswerere se se baakayang dikoloi ebong , Mr. J.L.B. Matekoni ke ene mong wa lefelo le go baakanyediwang dikoloi mo Gaborone le le bidiwang "Tlokweng Road Speedy Motors."

Borukuthi jwa kwa Tlokweng[fetola | Fetola Motswedi]

Batswana ba latlhegelwa ke diketekete tsa madi ka go reka ditsha tse di setseng di rekisitswe.Se se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Tlokweng Superintendent Lebalang Maniki, jaaka a ne a lekodisa ba tatediso ya dikgang bosheng.Superintendent Maniki a re ba setse ba amogetse dipego di le mmalwa tsa batho ba ba rekiseditsweng ditsha tse di setseng di rekisitswe.O boletse fa ba tlhotlhomisa kgang e rre mongwe kwa Tlokweng, a neng a reka setsha ka P65 000, mme ya re morago a lemoga fa setsha seo se rekiseditswe mongwe ka madi a a fetang P40 000.A re kwa Modipane gone ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe a neng a reka setsha ka madi a a fetang P10 000, a re monna yo o ne a tlhabolola setsha seo ka go aga ntlo, fa e tlaa re morago a bo a fitlhela ntlo e agilwe e feleditswe.Superintendent Maniki a re rre yoo o ne a ikgolaganya le yo a mo rekiseditseng setsha, mme a mmolelela fa a mo rekiseditse setsha seo a sa itsisa ba masika.A re e ntse e le gone kwa Modipane ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe a neng a rekisetsa mongwe setsha ka P25 000, a re e ne ya re morago rre wa moreki a fitlhela ditena mo setsheng seo, mme ya re a botsa morekisi gore ditena tsa ga mang a tlhalosa fa mongwe a ka tswa a timetse mo setsheng seo.O boletse fa rre yoo a ne a felela a lemoga fa setsha seo se rekiseditswe yo mongwe gape ke fa a ikgolaganya le mapodisi.

Superintendent Maniki a re ba tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone rre mongwe a neng a rekisetsa yo mongwe setsha ka P65 000, a re rre yoo o ne a ntsha bontlha bongwe jwa P60 000, a re morago rre wa moreki o ne a lemoga fa morekisi a mo rekiseditse setsha se e seng sa gagwe.A re e ntse e le gone kwa Tlokweng, ba tshegeditse banna ba le babedi ba ba lebanweng ke molato wa go bapatsa setsha e se sa bone.O tlhalositse fa banna bao ba ne ba bapatsa setsha sa mongwe mo pampiring ya Advertiser, ka lesego mong wa setsha a se bona se bapaditswe mme a ikgolaganya le ba sepodisi.Superintendent Maniki a re e re le ntswa a tlhaloganya gore batho ba tlhoka boroko mo toropo kgolo Gaborone, batho ba tshwanetse go dira ditlhotlhomiso pele ba digela diketekete tsa madi ka motlhobodika, ba re ba reka ditsha.O kopile batho go ikopanya le ba bogosi kana ba kabo ditsha go netefatsa gore a batho ba ba ba rekisetsang ditsha, ba na le tsone pele ga ba kgaogana le madi a bone.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "2011 census". Archived from the original on 2013-01-11.
  2. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-04.

Coordinates: 24°40′S 25°58′E / 24.667°S 25.967°E / -24.667; 25.967