Tonota

Go tswa ko Wikipedia
Kwa Tonota e leng teng mo Botswana
Kwa Tonota e leng teng mo Botswana

Tonota ke motse yo o mo kgaolo legare la Botswana. Tonota ke motse o tumile ka bakhurutshe ba ba loleng le merafhe e mengwe go lwelwa motse, ba nna bafenyi mme ba bidiwa babina Khama le Phofu. Mme le fa Tonota go tumile bakhurutshe, bakalanga, bangwato le merafe e mengwe ba tlholega mo motseng o wa Tonota. Ka sekhurutshe leina le la Tonota ke Thonotha, mme le ne la fetolwa go bidiwa Tonota ka tlhotlheletso ya puo ya Tswana. Motse o, o dikhilomethara di le masome a mabedi le bosupa mo borwa jwa toropo ya Francistown mo tseleng ya A1 Francistown-Gaborone. O mo borwa bophirima jwa noka ya Shashe, e e fa gare ga dikgaolo tsa legare le bokone botlhaba, Tonota a le mo kgaolong ya legare. Tonota ke motse o motona yo o kgaogantsweng ka metsana jaaka mo borwa go na le Semotswane, Mandunyane le borogo jwa Shashe mo bokone. Rre Kgosi Ramosinyi Radipitse ke kgosi ya Tonota. Rre Kgosi Ramosinyi Radipitse ke kgosi ya Tonota. E rile ka ngwaga wa 2003 motse wa Tonota wa nna kgaolo potlana ka fa tlase ga Tutume, go na le dikago tse disha tsa Khansele, Dikole tse di potlana di le lesome.

  • Sekolo se sepotlana sa Madisakwana
  • Sekolo se sepotlana sa Moutlwatsi
  • Sekolo se sepotlana sa Rauwe
  • Sekolo se sepotlana sa Tonota
  • Sekolo se sepotlana sa Kgosi Sekoko
  • Sekolo se sepotlana sa John Phooko
  • Sekolo se sepotlana sa Tholodi
  • Sekolo se sepotlana sa Semotswane
  • Sekolo se sepotlana sa Mandunyane
  • Sekolo se sepotlana sa Masedi

Go na le dikole tse tharo tse di kgolwanyane

  • Letlhabile Junior School
  • Rutwang Junior School
  • Tonota Junior School

Le se segolwane sa Shashe River Go na le Tonota College of Education e le sa mmadikole. Moemedi wa palamente wa Tonota borwa ke Rre Motlotlegi Thapelo Olopeng.Motlotlegi Rre Fidelis Mmilili Molao yo e leng moemedi wa palamente yo o tswang mo Tonota bokone a sa amane le motse wa Tonota.

Tonota jaaka metse e mengwe fela mo Botswana o na le merafe e e farologaneng mme bontsi jwa banni ke Bahurutshe, ba ba nnang mo dikgotleng di tswana le Tholo,Molebatsi, Maaloso,Maunya e e leng yone kgotla e tona.Dikgotla tsa Madisakwana le Mhakamme, bakalaka ba ba nnang mo go ya Manyanda. Kgotla ya Lomboko go nna Barotsi fa Bashona kana Bazezuru ba nna mo go ya Mandunyane. Batho ka bontsi ba ba tswang tswang kwa Tonota ba bua Sekhurutshe seka SeNgwato puo e e nang le mafoko a sekalaka le sengwato.

o ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Noka ya Nata

Tempolete:Botswana largest cities

Coordinates: 21°29′S 27°29′E / 21.483°S 27.483°E / -21.483; 27.483

[[Category: Mafelo a a nang le batho ba ba ntsi mo Botswana]]