Toropo ya Sowa mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Coordinates: 20°33′49″S 026°13′28″E / 20.56361°S 26.22444°E / -20.56361; 26.22444

Kwa Sowa a bonwang teng mo Botswana

Sowa ke toropo e e bonwana mo kgaolong ya legare la of Botswana, mme e ikemetse ka bonosi. Toropo ya Sowa e simolodisitswe ka ngwaga wa 1991 ke molaomotheo wa khuduthamaga, wa Statutory Instrument No.26 wa ngwaga wa 1991 gape o laolwa ke melawana ya toropo ya Sowa , 1991 ka fa tlase ga molaomotheo wa Township Act (Cap 40:02). Palo ya batho e ne e le 2,879 ya banni, go ya ka ba palo batho ya ngwaga wa 2001.

Sowa o raya letswai mo temeng ya Basarwa. Toropo e bapile le Sua Pan (gape go itsege ka Sowa Pan),[1] letswai kwa sodium carbonate (soda ash) e epiwang teng.[2]

Makhanselara a masha a ngongoregela ditlhabololo[fetola | Fetola Motswedi]

Makhanselara a masha a toropo ya Sowa a supile ngongorego morago ga go lekodisiwa fa go se na dipe ditlhabololo tse di rulaganyeditsweng toropo eo mo ngwageng ono wa madi.E rile ba bua kwa phuthegong ya malatsi mabedi o o neng o rulaganyeditswe go ba rutuntsha ka tsamaiso ya khansele, mongwe wa makhanselara ao, Rre Baemedi Medupe o ne a re ka ntata ya go bo go se na ditlhabololo tse di rulagantsweng mo toropong eo, go tlaa ba thathafalela e le baemedi ba batho go ema fa pele ga setshaba ba ba bolelela ka fa go se nang ditlhabololo ka teng.Mogolwane go tswa mo ofising ya khansele ya Sowa, Rre Letswalo Moesi o ne a tlhalosetsa makhanselara ao gore tshwetso ya go emisa go dira ditlhabololo tse disha mo toropong eo e bakilwe ke letlhoko la madi le le dirilweng ke kwelo tlase ya itsholelo lefatshe ka bophara.Rre Moesi o ne gape a gakolola makhanselara ao go tsenelela diphuthego tsa kgotla tse di bidiwang ke ba khansele go lekodisa setshaba ka mananeo a puso, gore le bone ba tle ba thuse go tlhalosa ka jaana e tlaabo e le bone baeteledipele ba dikomiti tse di farologanyeng mo khanseleng.O bile a lekodisa makhanselara ao gore batho ba Sowa ba na le mokgwa wa go goga dinao fa ba bilediwa diphuthego tsa kgotla, ntswa khansele e dira gotlhe mo e nang nago jaaka go ba bitsa ka digoagoe.

Makhanselara ba ne ba ngongorega ka gore mo nakong ya gompieno ditsha tse di mo Sowa ke tsa moepo le tsa kompone ya matlo ya BHC fela, mme ba re ba belaela gore selo seo ke sone se dirang gore batho ba seka ba tsenelela diphuthego tsa kgotla ka jaana ba sa tseye toropo eo e le legae la bone. Ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore go abelwe batho ditsha tsa bonno mo Sowa gore batho ba tle ba tsenwe ke mowa wa go tlhabolola toropo eo ka jaanong e tlaabo e le baagi ba sennelaruri.E rile Rre Moesi a ba kgwa dikgaba, a ba bolelela gore go sa tswa go simolodisiwa lenaneo la SHHA mo Sowa, mme a re ke tsholofelo ya bone e le bagogi ba toropo eo gore batho ba ba filweng ditsha tseo ba tlaa oketsa palo ya batho ba Sowa, e bontsi jwa yone mo nakong ya gompieno e leng babereki ba moepo.Makhanselara a ne a rutuntshiwa ka ditsamaiso tsa khansele ka go farologana, jaaka melawana e e laolang boitshwaro jwa bone le go tsisa melao-kakanyetso mo khanseleng.

Banni ba lela ka metsi a a letswai[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba metse ya Gweta, Tsokatshaa,Dzoroga,le Sowa ba ne ba ikuela ka seemo sa metsi a a sielwang batho ba metse eo, ba re a letswai, a ka ama botsogo jwa bone.Ba ntshitse boikuelo joo, mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mothusa tona, mme Botlogile Tshireletso kwa metseng eo, ka Mosupologo. Ba kopile gore metsi ao, a dirwe sengwe go timola letswai leo.Ba ne gape ba lela ka lephata la metsi la khansele ya Tutume, ba re badiri bao ba tsaya nako go gokela metsi le go bala dimmithara.Kwa Tsokatshaa, banni ba ne ba ikuela ka tsela ya lekgarapa ya Dzoroga/Tsokatshaa, ba re go tsaya nako gore tsela eo e gopiwe.Mme Kesentsemang Gadibolae wa Dzoroga, a re ba le balemi ba motse oo, ba leka ka bojotlhe go diragatsa lenaneo la ISPAAD bothata ke terekere.O ne a bolela fa e sale ba solofediwa terekere ya mmuso, lebaka la temo la bo la wela ba sa e bona.

Mafoko a gagwe a ne a tlatswa ke rre Keolekile Malepa, yo o neng a bolela fa mmuso o ntsha mananeo a a siameng, sebe sa phiri e nne barongwa ba ba fiwang boikarabelo jwa go diragatsa mananeo ao.A re seo se tlaa dira gore batho ba felele ba tlhoboga mananeo ao. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lenyatso Gobela, o ne a bolela fa diterekere tsa ISPAAD di tlhaela mo e bile kgaolo potlana ya Tutume e abetswe diterekere tse nne go thusa balemi ba kgaolo yotlhe, mme go rotloediwa balemi go dirisa methale e mengwe go lema.E rile a ba araba ka kgang ya metsi, mogolwane mo lephateng la metsi la kgansele potlana ya Tutume, Rre Vincent Ragabane.O ne a bolela fa go thapilwe kompone nngwe ka thulaganyo ya metsi ya Sowa Water Supply Master Plan go thusa metse eo.Rre Ragabane a re ka thulaganyo eo e tlaa bo e le go arabela dilelo tsa bone tsa go tokafatsa seemo sa metsi ao, le ntswa a le mo seemong se ka boranyane a siametsweng go nowa.Mme Tshireletso o tsamaya le metse e e mo kgaolong ya Nata/Gweta go rerisa sethaba ka thulaganyo ya go hudusiwa ga ditirelo tsa metsi go ya kwa go ba koporase ya metsi ya Water Utilities.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Tutume Sowa

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Sowa Pan. Lekgotla la Bojanala.
  2. Murphy, Alan (2007). Southern Africa (4th ed.). Lonely Planet. p. 99. ISBN 9781740597456. OCLC 156530975.

[[Category: Mafelo a a nang le batho ba bantsi mo Botswana]]