Umbrella for Democratic Change

Go tswa ko Wikipedia

Umbrella for Democratic Change (UDC) ke lekgotla la sepolotiki le le kopantseng diphathi tsa kganetso.[1]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

UDC e simolotswe ke maloko a diphathi tsa kganetso tse di farologaneng, di akaretsa BPP le BMD ka ngwaga wa 2012 kgwedi ya Ngwanatsele. Diphathi tsa Botswana National Front (BNF), Botswana Movement for Democracy (BMD) le Botswana People's Party (BPP) di ne tsa ikopanya ka maikemisetso a go kopanya kganetso mo ditlhopong tsa ngwaga wa 2014. Ka ngwaga wa 2017 Kgwedi ya Tlhakole, Botswana Congress Party (BCP) e e neng e e ikemetse ka ditlhopho tsa 2014, e ne ya nna leloko la kgolagano e. Kgolagano e e eteletswe pele ke Duma Boko go tswa kwa BNF, e ne ya ema kgatlhanong le Botswana Democratic Party ka ntlhopheng a le mongwe mo kgaolong nngwe le nngwe ya botlhopi.[2]


Kgolagano ya diphathi tsa kganetso e ne ya fa phathi e e nang le lobaka e busa ya BDP phadisano e e neng e le lantlha e diragala, mme le fa go ntse jalo BDP e ne ya fenya ditlhopho tse di neng di tshwere ka kgwedi ya Phalane e ele malatsia le masome a mabedi le bone ngwaga wa 2014. Sephatlo sa bone sa tlhopo, se se kgonneng go fenya ditilo di le masome a mararo le bosupa se ne sa ba letla go tswelela ba nna le palo e ntsi ya ba ba tlhophilweng go ya palamenteng, le ntswa di ne di le palo potlana fa go tshwantshanngwa le ditlhopo tse di fetileng.[3]


UDC e ne ya fenya ditilo di le lesome le bosupa, Botswana Congress Party ya fenya di le tharo.[3] Ian Khama o ne a tlhophiwa gape go tswelela a busa dingwaga tse dingwe tse tharo.


Ka Phalane ngwaga wa 2018, BMD e ne ya kgapelwa kwa thoko mo bokopanong bo morago ga gore e gane go tlogela dikgaolo tse tharo tsa botlhopi tse e neng e di neetswe.[4][5]

Morago ga ditlhopo tsa ngwaga wa 2019, Duma Boko o ne a tlhalosa fa go nnile le go tlhoka go tsamaisiwa sentle ga ditlhopo.


Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mawarire, Teldah (23 October 2014). "We're on the government's hit list - Botswana opposition leader". Mail and Guardian. Retrieved 28 October 2014.
  2. "Botswana opposition groups unite to challenge ruling BDP", Reuters, 3 February 2017.
  3. 3.0 3.1 "Elections Botswana". Elections Botswana. Retrieved 26 May 2020.
  4. UDC kicks out BMD, at last… Weekend Post, 29 October 2018
  5. Botswana: Lowest levels of registration undermine elections APA News, 14 January 2019