Main Page

Go tswa ko Wikipedia
Revision as of 15:14, 11 Tlhakole 2021 by Minorax (bua | dineelo) (obs tag)
Amogelesega mo Wikipedia ya Setswana,
Go na le di article di le 1,349.

Ensaetlolopedia Ya Mahala

A o kile wa utlwa...

  • ...gore lefatse la Aferika Borwa ga lena letsatsi la boipuso lone le ipelela letsatsi la kgololosego
  • ... gore mohumi o humileng go fitisa mongwe le mongwe mo lefatsheng ke Elon Musk ebile o tsholetswe kwa Aferika Borwa
  • ...gore go nale lefelo le le bitswang Mmokolodi Nature Reserve mo toropokgolo Gaborone la itloso bodutu?
  • ...gore thaba ya Kgale hill e e mo Gaborone e bitswa "The Sleeping Giant" mme ebile e le yone e tona gape?
  • Dikoranta tse di kwadilweng

    Marekisetso a a rekisang merogo kwa United States.

    Lefoko merogo le raya senngwe se se jegang e ka nna bontlha bongwe jwa setlhare kgotsa setlhare, mme go sa akarediwe dipeo gape le maungo. Se se raya matlhare, ditlhito, kgotsa medi ya ditlhare mme gape go akarediwe le dimela tse dingwe (jaaka squash).

    Lefoko le ga le na leina la nnete le le tsepameng mo dithutong tsa biology; ka go rialo lefoko le le raya dilo tse di mmal culinary and cultural tradition. Sekai ke gore batho ba tsaya gore mabowale one ke merogo le fa e ntse e se ditlhatsana, fa bangwe bone ba a kgaoganya le dijo ka kakaretso.

    Merogo e mngwe e kgona go jwewa e sa apewa, e menngwe yone e jewa e apeilwe, gape le e menngwe ke tshwanelo ya gore e jewe e apeilwe. Merogo gantsi e jewa e apeilwa bogolo jang e le seshabo kgotsa mo dijong tse di letswai. Le fa go ntse jalo merogo mnngwe e dirisiwa modijong tse di nang le sukirinyana, jaaka rhubarb pie le carrot cake. ►Read more

    Dinepe tsa letsatsi 

    Kgosi Seepapitso IV ( o tlhokafetse ka di 24 tsa kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2010) e ne e le kgosi ya morafe wa ga Ngwaketse mo Botswana. E ne e le morwa kgosi Kgosi Bathoen II mme o ne a tlhophiwa go etelela pele Ntlo ya Dikgosi dingwaga di le mmalwa gape e le mongwe wa dikgosi tse di neng di nale seriti ebile di tlotlwa fela thata mo Botswana. Rre Seepapitso o diretse lefatshe la gagwe gape e le moemedi kwa United States of America le kwa China.

    E ne e le mogaka, e le Rraarona kwa Ntlong ya Dikgosi,mme ebile a ne a tlotla thata bogosi ka a ne a sa batle bogosi bo gatakiwa ka dinao.O ne a ngomolwa pelo ke diemo dingwe tse di neng di sa tlotle bogosi.Nako tsotlhe fa emelela a buisa morafe o ne a ngoka theetso ya setŝhaba. Jaaka a ne a direla Ntlo ya Dikgosi ka lobaka le ka nna dingwaga tse di masome a mararo o ne a sa buse fela, ka boeteledipele jwa ga Rre Seepapitso, Ntlo ya Dikgosi e ne e gakolola goromente wa puso ya lefatŝhe ka dikgang tse di neng di ama lefatshe ngwe tsa tsone di akaretsa :go tlosiwa ga Batswakwa ba ba senang teta ya go nna mo lefatsheng.

    Wikipedia's sister projects


    Ditiro tse dingwe tse di moteng