Jump to content

Aïcha Macky

Go tswa ko Wikipedia

Aïcha Macky (o belegwe ka 8 Ferikgong 1982) ke motlhami wa difilimi wa kwa Nigeria le moithutaloago.[1] O itsege thata ka go nna motsamaisi wa filimi ya The Fruitless Tree.[ 2]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O tshotswe ka 8 Ferikgong 1982. Fa a ne a le dingwaga di le tlhano, mmaagwe o ne a tlhokafala morago ga go belega.[ 3] ne a bona dikirii ya Master I mo go tsa Audiovisual le Creative Documentary kwa Institut de Formation aux Techniques de l'Information et de la Communication (Training Institute for Information and Communication Technologies: IFTIC) kwa Niger mme morago a fetsa dikirii ya Master II mo go tsa Sociology le mo go tsa Documentary Filmmaking kwa Gaston Berger University kwa Senegal ka 2013.[ 4]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2011, Macky o ne a simolola go dira khutswane ya gagwe ya Moi et ma maigreur e e neng e bua ka mmele o mosesane wa baagi ba kwa Niger. Ka katlego ya kgatiso ya gagwe ya ntlha, o ne a dira kgatiso ya gagwe ya bobedi ya Savoir faire le lit, e e botsang dipotso ka kgotlhang e e leng teng magareng ga bomme le barwadi mo Niger malebana le thuto ya tsa thobalano. Ka 2016, o ne a dira filimi ya gagwe ya ntlha e e bidiwang L'Arbre sans fruit e e neng e bua thata ka go lwantshana ga mosadi yo o nang le bothata jwa go nna moopa, e e neng e theilwe mo botshelong jwa gagwe jwa mmatota.[4][6] Filimi eno e ne ya amogelwa ke babadi mme ya gapa dikgele di feta 50 kwa meletlong ya lefatshe lotlhe. Moragonyana e ne ya rekwa pele ke seteishene sa Japane sa NHK. Ka Seetebosigo 2016, filimi e ne ya gapa sekgele sa documentary kwa Africa Movie Academy Awards (AMAA).[ 3]

Kwantle ga go dira difilimi, gape ke morutabana wa barutabana mo dibaesekopong tse di tsamayang. O kaela basha gore ba tokafatse boleng jwa difilimi tse dikhutshwane tse di buang ka dikgotlhang tsa mmatota mo dinageng tse di gaufi le Nigeria, Libya, Cameroon, Burkina Faso le Mali. O ne a gapa sekgele sa Alumni of Young African Leaders Initiative (YALI), e leng lenaneo la kwa Amerika le le neng la simololwa ke Tautona wa pele Barack Obama. Moragonyana o ne a fiwa leina la Ordre des Arts et des Lettres ke Tona ya setso ya France ka ntlha ya boineelo jwa gagwe mo boitekanelong jwa batho ba Niger le baesekopo. [4]

Macky o ne a tlhatlosiwa maemo go nna Knight of the Academic Palms of the Niger Republic morago ga moo a nna Knight of the Arts. O ne gape a dira jaaka moemedi wa Oasis Niger incubator centre e e rweleng maikarabelo a go maatlafatsa basadi le basetsana. Ka nako e le nngwe, ke leloko la Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Ngwao-Boswa ya Cinematographic ya Afrika (CPCA).[ 1]

[1] "Macky, Aicha: Sociologist and Filmmaker, Niger Republic". amesall. Retrieved 11 October 2020.

[2] "The Fruitless Tree / a film by Aicha Macky". African Filmny. Retrieved 11 October 2020.

[3] "The Fruitless Tree by Aïcha Macky: Woman among mothers". africultures. Retrieved 11 October 2020.

[4] "Aïcha Macky biography". 3continents. Retrieved 11 October 2020.

[5] "The Fruitless Tree". African Filmny. Retrieved 11 October 2020.

[6] "Aïcha Macky biography". African Filmny. Retrieved 11 October 2020.

[7] "The Fruitless Tree". Point du jour international. Retrieved 11 October 2020