Jump to content

Abena B Brigidi

Go tswa ko Wikipedia

Abena B Brigidi (Mrs) ke mokwadi wa moelatlhoko dipeeletso le sebui. Ke moelatlhoko madi o o nang le setlankana, gape a berekile thata mo bankeng le mo mohameng wa madi dingwaga di feta lesome.[1]

Ke moeteledipele wa Nimed Capital Limited, kompone e e di gogang kwa pele mo dipeeletsong tsa dibanka kwa Accra,Ghana.[2]

Botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Brigidi o tsene sekolo kwa Achimota le Aburi. O na le degree ya Humanities go tswa kwa University of Ghana le Masters of Business Admin kwa University of East London. O tsena kereke kwa Assemblies of God.[2][3]

Tsa Pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Brigidi o bereketse banka ya kwa United Kingdom ya Halifax PLC. O ne a bereka gape kwa Zenith Bank e le mogakolodi wa bareki, le mookamedi wa bareki kwa Ghana. O ne a tswa kwa Zenith Bank a ya All Time Capital, banka ya dipeeletso kwa Accra, e le mothusa tautona wa dithekiso, tiro ya gagwe e le go rekisa le go tlhabolola.[3] Morago ga dingwaga tse pedi le All Time Capital o ne a ya go bereka kwa Kariela Oil le Gas Ghana ka Firikgong 2010 le Phatwe 2014, kwa a feditseng dingwaga di le nne mo maemong a moeteledipele wa tsa madi.[4]

Brigidi e ne e le moeteledipele wa Nimed Capital Limited, kompone ya banka ya dipeeletso.[5][6]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Abena o nyetswe ke mmueledi wa molao David Cobbina Brigidi, bobedi boo bo segofaditswe kwa mawelana.[7]

  1. WomanRising. "Abena B. Brigidi (Mrs.) – Founding Partner & CEO, Nimed Capital Limited – WomanRising". Archived from the original on 2019-04-23. Retrieved 2025-10-27
  2. 1 2 "About Abena". Abena Brigidi. 2017-02-20. Retrieved 2025-10-27
  3. 1 2 "ABENA BRIGIDI: A commitment to Exceeding Expectations and Working Extra Hard – Amazons Watch magazine". 24 February 2017. Retrieved 2025-10-27
  4. "About Abena | Abena Brigidi". www.abenabrigidi.com. Retrieved 2025-10-27
  5. "ABENA BRIGIDI: A commitment to Exceeding Expectations and Working Extra Hard – Amazons Watch magazine". 24 February 2017. Retrieved 2025-10-27
  6. "Glitz top 100 inspirational women – Page 100 – Glitz Africa Magazine". Retrieved 2025-10-27
  7. "About Abena". Abena Brigidi. 2017-02-20. Retrieved 2025-10-27