Abena Busia
Abena Busia | |
|---|---|
| Tsalo | Abena Polua Adompim Busia Ngwaga wa 1953 Accra, Ghana |
| Thuto | St Annes'College, Oxford St. Antony's College, Oxford |
| Tiro | Morutintshi, mokwadi, mmoki, molweladitshwanelo tsa bomme, moemedi kwa mafatsheng |
| Batsadi(s) | Kofi Abrefa Busia (rraagwe) Naa Morkor Busia (mmaagwe) |
| Masika | Akosua Busia (motsalwa le ene) |
Abena Pokua Adompim Busia (o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a matlhano le boraro) ke mokwadi, mmoki, molwela ditshwanelo tsa basadi, morutintshi le moemedi kwa mafatsheng a sele wa kwa Ghana. Ke morwadie tonakgolo wa pele wa lefatshe la Ghana ebong Kofi Abrefa Busia, gape ke motsalwa le modiragatsi Akosua Busia. Busia ke mothusa moporofesa wa padi ka seesemane, le wa dithuto tsa basadi le bong kwa Rutgers University.[1][2][3][4] E ne e le moemedi wa lefatshe la Ghana kwa Brazil go tswa ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa go tsena kgwedi ya Phalane ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano[5][6], ka teseletso ya mafatshe a mangwe a le lesome le bobedi a borwa jwa Amerika.[7]
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Busia o tsholetswe kwa Accra, Ghana, mo lolwapeng lwa bogosi loora Yenfri kwa Wenchi kwa kgaolong ya Brong-Ahafo kwa Ghana, e le ngwana wa ga Kofi Abrefa Busia, moeteledipele wa lefatshe la Ghana wa pele, le mosadi wa gagwe Naa (Morkor) Busia. O goletse kwa Ghana le kwa Netherlands le Mexico pele ga a fudugela kwa Oxford, kwa lolwapa lwa gagwe lo neng lwa thibelela teng kwa bofelong.[8]
Busia o ne a aloga ka degree ya B.A. ya teme ya seesemane le padi kwa sekolong se segolwane sa St. Anne College kwa Oxford, ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le borataro, le D.Phil ya Social anthropology kwa sekolong sa St. Antony's College ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bone. O nnile morutintshi o o tswang kwa ntle kwa sekolong sa Ruskin College, sekolo sa pereko se se amanang le University of Oxford, o ne a a nna morutintshi o o etileng mo lenaneong la dithuto tsa Aforika le batho bantsho ba Amerika kwa Yale University. O fentse gape ditshono tsa go rutintshiwa ka tirisanommogo di le mmalwa di akaretsa ya Andrew Mellon mo lephateng la seesemane kwa Bryn Mawr College, le ya Institute for American Cultures kwa Center for Afro-American Studies kwa UCLA.[9]
Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Busia e ne e le mookamedi wa Women Writing Project (tiro e a neng a sa e dire a le nosi; e go tswa ka ngwaga wa dikete pedi le bobedi go tsena ngwaga wa dikete pedi le borobabobedi e neng ya gatisa motseletsele wa dikarolo tse nne wa Women Writing Africa), gape e ne e le moporofesa wa puo ya seesemane kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Rutgers University, fa godimo ga foo e ne e le modulasetilo wa lephata la dithuto tsa bomme le bong.[7]
O rutile gape kwa dikolong tse dingwe, mo go tsone go na le sa Yale le University of Ghana.[10]
O berekile e le tautona wa lekgotla la go ithuta ga ma Aforika a a kwa ntle (Study of the Worldwide African Diaspora ) le lekotla la padi ya Aforika (African Literature Association), ka jaana ke modulasetilo wa lekgotla la baokamedi ba AWDF-USA, lekgotla le le tsamaisanang le la African Women's Development Fund(AWDF), e le motheo wa ntlha wa Aforika o o kopaneng go ema nokeng tiro ya makgotla a ditshwanelo tsa basadi mo Aforika.[7][11]
Go kwala
[fetola | Fetola Motswedi]Busia o gatisitse thata ka padi ya basadi ba mmala o montsho, bokolone, le dithuto tsa morago ga bokolone. Dikwalo tsa thuto tse a di kwadileng le ba bangwe di akaretsa Theorizing Black Feminism: The Visionary Pragamatism of Black Women (ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro) le Beyond Survival: African Literature and the Search for New Life (e yone e gatisitsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabongwe). Fa godimo ga tseo, ke mokwadi wa dikarolo tse pedi tsa maboko: Testimonies of Exile (e e gatisitsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a robabongwe) le ya Traces of Life (e e gatisitsweng ka ngwaga wa dikete pedi le borobabobedi). Tiro ya gagwe e akareditswe mo dikgobokanyong di tshwana le ya Daughters of Africa (e e kwadilweng ke Margaret Busby, ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi).[8]
Moemedi wa mafatshe wa Ghana
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Phukwi ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa, tautona Nana Akuffo-Addo o ne a a Abena Busia maemo a go nna moemedi wa lefatshe la Ghana kwa Brazil. E ne e le mongwe wa batho ba Ghana ba maemo a a kwa godimo ba le masome mabedi le bobedi ba ba neng ba filwe maemo a boemedi jwa mafatshe mo lefatsheng ka bophara.[5] E ne e le moemedi kwa Brazil go fitlhelela ka Phalane ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le botlhano.[12]
Dikgatiso tse di tlhophilweng
[fetola | Fetola Motswedi]Maboko
[fetola | Fetola Motswedi]- Testimonies of Exile - leboko, le bontshitswe ke Akosua Busia (Africa World Press, ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe; ISBN 978-0865431614
- Traces of a Life: A Collection of Elegies and Praise Poems (Ayebia Clarke Publishing, ngwaga wa dikete pedi le borobabobedi; ISBN 978-0955507977
E le morulaganyi
[fetola | Fetola Motswedi]- Theorizing Black Feminism: The Visionary Pragamatism of Black Women, a rulaganya le Stanlie M. James (Routledge, ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro; ISBN 978-0415073370)
- Beyond Survival: African Literature and the Search for New Life, a rulaganya le Kofi Anyidoho le Anne Adams (Africa World Press, ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le borobabongwe; ISBN 978-0865437098)
- Women Writing Africa: West Africa and Sahel (ngwaga wa dikete pedi le botlhano)
Dietsele le tlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa dikete pedi lesome le motso, e tshwaya dingwaga di le lekgolo la letsatsi la mafatshefatshe la bomme, ADWF e ne ya lemoga Abena Busia e le mongwe wa balweladitshwanelo tsa bomme ba ba masome matlhano ba ba nang le thotloetso ba Aforika, ka moletlo wa phatlalatsa go mo fa tlotla o o neng o diragalela kwa National Theatre kwa Accra ka Seetebosigo.[3][13]
Ke mongwe wa batlhami gape e le modulasetilo wa Busia Foundation International, lekgotla le le ikemetseng le eseng la puso le le tlhametsweng go fa tonakgolo wa pele wa kwa Ghana Kofi Abrefa Busia tlotla,[14] e le dingwaga di le masome a mane a ntse a tlhokafetse go ne ga diriwa jaaka ka thuto phatlalatsa ka Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa dikete pedi lesome le borkbabobedi kwa Accra International Conference Centre.[15]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Abena P. A. Busia". The Feminist Press. Archived from the original on 6 February 2016. Retrieved 7 October 2026
- ↑ "Busia, Abena P. A. 1953–". www.encyclopedia.com. Archived from the original on 3 February 2016. Retrieved 7 October 2026
- 1 2 "Celebrating Professor Abena Busia: Works and Achievements | The African Women's Development Fund (AWDF)". awdf.org. 28 June 2011. Archived from the original on 1 February 2016. Retrieved 7 October 2026
- ↑ Serwaa, Abena (22 September 2009). "Ramblings of a Procrastinator in Accra: When Samia met Abena: Two Daughters, Two Legacies and One Meeting". Ramblings of a Procrastinator in Accra. Archived from the original on 11 March 2016. Retrieved 7 October 2026
- 1 2 Here's a full list of Akufo-Addo's 22 newly appointed Ambassadors". 11 July 2017. Archived from the original on 19 November 2017. Retrieved 7 October 2026
- ↑ "Prez Akufo-Addo swears in five new envoys". Daily Graphic. Accra, Ghana. Archived from the original on 14 August 2017. Retrieved 7 October 2026
- 1 2 3 "Abena Busia" Tempolete:Webarchive at Women's Learning Partnership.
- 1 2 Margaret Busby, Daughters of Africa, London: Jonathan Cape, 1992, p. 868.
- ↑ Motovidlak, Dave. "Busia, Abena". womens-studies.rutgers.edu. Archived from the original on 4 March 2016. Retrieved 7 October 2026
- ↑ Curtis M (4 June 2012). "Abena Busia". GhanaVisions. Archived from the original on 2 February 2016. Retrieved 7 October 2026
- ↑ "About Us" Tempolete:Webarchive, AWDF.
- ↑ Website Ghana's Embassy in Brazil
- ↑ "International Women's Day: Celebrating 50 Inspirational African Feminists" Tempolete:Webarchive, AWDF.
- ↑ "Busia Foundation to establish school and scholarship scheme". www.ghanaweb.com. 30 November 2001. Archived from the original on 25 February 2017. Retrieved 7 October 2026
- ↑ "Wife Of Dr Busia, Nana Addo, Abena Busia On August 28th Memorial Lecture" Tempolete:Webarchive, Modern Ghana, 24 August 2018.