Abiola Ajimobi
Abiola Ajimobi |
---|
Isiaka Abiola Adeyemi Ajimobi (16 Sedimonthole 1949 – 25 Seetebosigo 2020) e ne e le radipolotiki wa Nigeria yo o neng a direla jaaka mmusi wa puso ya Oyo go tloga ka 2011 go fitlha ka 2019, e ne e le motho wa ntlha go tlhophiwa mo ofising eno gabedi.[1]
Pele e ne e le Mokaedi Mokaedi/Motsamaisi mogolo wa Kompone ya national oil le chemical marketing, e leng setlamo se se potlana sa Shell Petroleum, kwa Nigeria. O tlogetse lekala la oil ka 2002 morago ga dingwaga di le masome a mabedi le borataro tsa tirelo e e nang le bokgoni mme a tlhophiwa ka 2003 jaaka Senator wa Republic ya Nigeria a emetse Kgaolo ya Senator ya Oyo Borwa mo seraleng sa Alliance for democracy(AD). Morago ga paka e le nngwe mo senateng, o ne a gaisana ka 2007 go nna mo setilong sa mmuso wa Oyo ka fa tlase ga folaga ya All Nigeria People's Party, e leng kgaisano e a neng a e latlhegelwa.[2] O ne a gaisana gape mo ditlhophong tsa go nna mmusi ka Moranang 2011 ka fa tlase ga Action Congress ya Nigeria mme a tlhophiwa go nna Mmusi wa Oyo mo ditlhophong tse di neng di gaisana thata.[3] Ka 2019, o ne a latelelwa ke Engr. Oluwaseyi Makinde. Fa a sena go tlogela tiro, o ne a gaisana le setulo sa Senate sa kgaolo ya gagwe ya bosenate mme a latlhegelwa. Ka Seetebosigo 2020, go ne ga tlhomamisiwa gore o ne a na le COVID-19 mme ga itsisiwe gore o tlhokafetse ka Seetebosigo a le masome a mabedi le botlhano.
Botshelo jwa bogologolo
[fetola | Fetola Motswedi]Abiola Ajimobi | |
---|---|
Setshwantsho:Abiola Ajimobi.jpg | |
Mmusi wa kgaolo ya Oyo | |
In office 29 Motsheganong 2007 – 29 Motsheganong 2019 | |
Deputy | Moses Alake Adeyemo |
Pele Ga Gagwe | Adebayo Alao-Akala |
Morago Ga Gagwe | Seyi Makinde |
Senator ya Oyo Borwa | |
In office 3 Seetebosigo 2003 – 5 Seetebosigo 2007 | |
Pele Ga Gagwe | Peter Olawuyi |
Morago Ga Gagwe | Kamorudeen Adekunle Adedibu |
Ka Ga Ena | |
O tsetswe | Isiaka Abiola Adeyemi Ajimobi 16 Sedimonthole 1949 Oja'ba, Ibadan, Kgaolo ya Borwa, Nigeria ya Borithane (jaanong e mo mmuso wa Oyo, Nigeria) |
O Tlhokafetse | 25 Seetebosigo 2020(dingwaga 70) Ikoyi, Lagos, Nigeria |
Mokgatlho | All Progressives Congress (2013–2020) |
Dikamano tse dingwe tsa sepolotiki | Action Congress of Nigeria (pele ga 2013) |
Mo/Bakapelo | Florence Ajimobi (m. 1980) |
Bana | 5 |
Alma mater | Mmadikolo wa mmuso wa New York mmadikolo wa mmuso wa Balaodi |
Tiro | Mopolotiki |
Maranyane | www |
O tshotswe ka la bo 16 Sedimonthole 1949 mo lelapeng la ga Ajimobi la Ibadan kwa Oja-Iba, kwa Ibadan. Mmuso wa Oyo.[4] O simolotse dithuto tsa gagwe kwa Sekolong se se Potlana sa Saint Patricks, kwa Oke-Padre kwa Ibadan. O weditse dithuto tsa gagwe kwa Sekolong se se Potlana sa Lekgotla la Toropo ya Ibadan, kwa Aperin. Dihuto tsa gagwe tsa sekolo se segolwane e ne e le kwa Sekolong sa Thutapuo sa Lagelu.[5]
Ajimobi o tsene sekolo kwa mmadikolo kwa United States of America, kwa a neng a ithuta Tsamaiso ya Kgwebo le Matlole gone kwa Mmadikolo wa lefatshe la New York, kwa Buffalo, New York a aloga ka degree ya Bachelor ya maranyane. MBA ya gagwe e ne e le ya Patlisiso ya Ditiro le Papatso e e neng e le mo go tsa Madi kwa Mmadikolo ya Governors State, kwa mmadikolo wa Park, kwa Illinois.[6]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2003, Abiola Adeyemi Ajimobi o ne a nna Senator wa Republic ya Nigeria. Ajimobi e ne e le moemedi yo mogolo mo Senateng, a direla jaaka Motlatsa moeteledipele wa Minority wa Senate. Ka 2007, Ajimobi o ne a tsenela ditlhopho tsa go nna mmusi ka fa tlase ga All Nigeria people`s party ba mme a fenngwa. Ajimobi o ne a gaisana gape ka 2011 ka fa tlase ga Action Congree of Nigeria mme a fenya.[3]
O itsewe e le Mogapi wa mmuso Oyo wa sesha wa sesha ,Ajimobi o ne a tsenelela ditlhopho tsaa puso ya bobedi ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le lesome le bongwe ka ngwga wa 2015 ka fa tlase ga All Progressivse Congress mme a fenya. Fa a ka tlhophiwa gape go nna Mmusi, Ajimobi o ne a nna motho wa ntlha go nna mo setulong seno gabedi le ka tatelano.[7][8] O ne a itsisiwe jaaka mofenyi wa ditlhopho tsa bobusi jwa Oyo State ke Independent National Electroral Commission.[9]
Ajimobi o ne a tlhophiwa go nna ntlhopheng wa ntlha wa All Progressivse Congress Oyo Borwa ka la Lwetse e tlhola malatsi ale masome a mabedi le borobabobedi ka ngwaga wa 2018. O ne a fenngwa ke Kola Balogun wa Peoples Demogratic Party mo ditlhophong tsa 2019 tsa senate .[10]
Ka di 16 Seetebosigo 2020, o ne a tlhomiwa go nna modulasetulo wa bosetšhaba wa namane o sa tshwere wa All Progressivse Congress (APC) ke Komiti ya Bosetšhaba ya Tiro (NWC) ya lekoko.[11][12]
Botshelo jwa motho le loso
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 1980, Ajimobi o ne a nyala Florence Ajimobi; ba ne ba na le bana ba le batlhano.
Ka di 19 Seetebosigo 2020, Ajimobi o ne a amogelwa kwa Bookelong jwa Ntlha jwa Ngaka ya Pelo le Bagakolodi ba Pelo kwa Lagos morago ga go relela mo gare ga botshelo le leso morago ga mathata a COVID-19 ka nako ya leroborobo la COVID-19 kwa Nigeria. O ne a bolelwa fa a tlhokafetse ka di 25 Seetebosigo 2020.[13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Yoruba Leaders Threaten Secession If Falae's Abductors are Not Arrested". This Day. Archived from the original on 17 October 2015. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Tinubu reconciles Lam Adesina, Ajimobi". The Nation. 24 October 2009. Archived from the original on 27 October 2009. Retrieved 2025-03-11
- ↑ 3.0 3.1 "Victory At Last! As Ajimobi Beats Akala In Oyo State". Osun Defender. 27 April 2011. Archived from the original on 29 April 2011. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "OBITUARY: Ajimobi, the 'constituted authority' who wanted to die at 70". TheCable. 25 June 2020. Retrieved2025-03-11
- ↑ "Senator Abiola Ajimobi- I avoid ladies because I'm happily married". This Day. 16 October 2010. Archived from the original on 30 April 2011. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Adesina, Funlola. "Biography of Senator Abiola Ajimobi". osundefender.org. Archived from the original on 15 April 2013. Retrieved 2025-03-11.
- ↑ Babalola, Ademola (13 April 2015). "Nigeria: At Last, Ajimobi Breaks 2nd Term Jinx in Oyo". This Day. Retrieved 2025-03-11 – via allAfrica.
- ↑ "Meet your 2015 governorship candidates". The Punch. Archived from the original on 29 January 2015. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "Ajimobi Receives Certificate of Return". The Sun. Archived from the original on 18 April 2015. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Hanafi, Afeez (25 February 2019). "Ajimobi loses Senatorial election to PDP". The Punch. Retrieved 2025-03-11
- ↑ "APC NWC Appoints Ajimobi as Acting National Chairman". This Day. 16 June 2020. Retrieved 2025-03-11
- ↑ Abuh, Adamu (17 June 2020). "APC names Ajimobi as acting national chairman". The Guardian. Retrieved 2025-03-11
- ↑ King, Isaac (25 June 2020). "Ajimobi burial: Senator Abiola Ajimob, Oyo ex-Govnor die for coronavirus complications - See wetin we sabi about im death & burial". BBC News. Retrieved 2025-03-11
- Articles using infobox templates with no data rows
- Pages with broken file links
- Mafatshe a Aforika
- Matsalo a 1949
- Dintsho tsa 2020
- Babusi ba mmuso wa Oyo
- Baithuti ba nako e e fetileng ba Mmadikolo kwa Buffalo
- Mapolotiki go tswa kwa Ibadan
- Baithuti ba nako e e fetileng ba Mmadikolo wa Puso
- Batswakwa ba Nigeria kwa United States
- Mamoseleme a Nigeria
- Mapolotiki a Yoruba
- Bakaedi ba dikompone tsa kwa Nigeria
- Bagwebi ba oruba
- Dintsho tse di bakiwang ke leroborobo la COVID-19 kwa Nigeria
- Baithuti ba nako e e fetileng ba Sekolo sa Thutapuo sa Lagelu
- Basenate ba Kokoano Bosetšhaba ya bo tlhano (Nigeria)