Achta Djibrine Sy
Achta Djibrine Sy | |
|---|---|
| Tsalo | Phalane a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 1962 |
| Tiro | leloko la lekgotla la kagiso |
| O itsegi ka | Tona wa kgwebo le mehama kwa Chad |
| Bana | ba le barataro |
Achta Djibrine Sy (o o tshotsweng ka Phalane a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 1962) ke molweladitshwanelo wa kagiso kwa Chad, o o nnileng tona wa puso wa dikgwebo le mehama ka 2019
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Sy o tshotswe ka 1962, a aloga ka degree ya gagwe ya ntlha kwa University of N'Djamena ka management and economics.[1] Morago ga ntwa ya selegae ya Chad, Sy o ne a bereka le ditlhopha tsa bomme le lekgotla la boutlwelobotlhoko la Britain la Oxfam go busetsa kagiso mo lefatsheng la gaabo.[2] O ne a le leloko la Oxfam kwa Chad.[3] Ka 1993 o ne a kwala ka seabe sa basadi kwa Chad go thusa molao wa Oxfam.[4] Dingwaga di feta lesome, o ne a emetse Intermón kwa lefatsheng la gagwe.
Ka 2005, e ne e le mongwe wa basadi ba le sekete ba ba neng ba tlhageletse mo bukeng ya basadi ba kagiso ba le sekete mo lefatsheng ka bophara.[5]
Ka 2014, khansele ya basadi ya Chad e ne ya tlhamiwa ka thotloetso ya ga mohumagadi Hinda Deby Itno. Sy o ne a nna mothusa tautona wa lekgotla leo, le le neng le lwa kgatlhanong le tlhaolele.Sebaka sa gagwe se fedile ka 2017.[6]

O ratiwa thata ke mohumagadi ka ntlha ya go bereka ka thata. Ka Phatwe a le lesome le motso 2019, o ne a thapiwa ke tautona wa Chad, Idriss Deby Itno go nna tona wa dikgwebo le mehama.[1][7] Sy o ne a tlhomamisiwa mo maemong ao ka Phatwe a le lesome le borobabongwe 2019.[8] Kgwebo ya Chad le dipeeletso tsa mafatshe a sele ka 2019 di ne di eteletswe pele ke lookwane lwa lefatshe leo.[9]
Sy o ntse a bua le lekgotla la mafatshe la bokopano jwa dikgwebo le tlhabololo e le bontlha jwa go tlhabolola molao wa peeletso, go tsamaelana le mekgele ya United Nations. Sy o ne a nyoretswe go bona go fetola itsholelo kwa Chad go itsa lehuma la dijo le go fokotsa go ikaega ka lookwane. Dipeeletso mo go diriweng ga gum ga mmogo le dihutshane, peo ya sesame, shea butter, algae spirulina le manoko e ne e le ditshono tsa dipeeletso.[9]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Chef, Ahmat Ali Adji Rédacteur en (2019-08-12). "ACHTA DJIBRINE SY du social à la politique". Toumaï Web Médias (in French). Archived from the original on 2021-05-27. Retrieved 2025-10-29
- ↑ "Achta Djibrine Sy". Women In Peace. Retrieved 2025-10-29
- ↑ Twagiramariya, Clotilde (1998-06-15). What women do in wartime: gender and conflict in Africa. Zed Books. ISBN 9781856495370.
- ↑ "Conflict and the women of Chad | Oxfam Policy & Practice". Policy & Practice. Archived from the original on 2011-08-28. Retrieved 2025-10-25
- ↑ Vieceli, Alberto (2005). 1000 Peacewomen Across the Globe. Scalo. ISBN 9783039390397.
- ↑ "Site Officiel de la Présidence de la République du Tchad | CONAF-TCHAD". www.presidence.td. Archived from the original on 2019-11-15. Retrieved 2025-10-29
- ↑ UNCTAD (2019-11-12), Achta Djibrine Sy, retrieved 2025-10-29
- ↑ "Tchad : Achta Djibrine Sy prête serment comme ministre du Commerce". Tchadinfos.com (in French). 2019-08-20. Retrieved 2025-10-29
- 1 2 "unctad.org | Chad can unlock more investments by diversifying its economy". unctad.org. Retrieved 2025-10-29