Ada Ehi
Ada Ehi | |
|---|---|
| Background information | |
| Leina la Matsalo | Ada Ogochukwu Ndukauba |
| O itsegi gape ele | Ada |
| Tsalo | September 18, 1983 |
| Didirisiwa | Lentswe |
| Dingwaga tsa a le mo boopeding | 2009Tempolete:En dashgompieno |
| Labels |
|
| Website | adaehi |
Ada Ogochukwu Ehi (née Ndukauba; o tshotswe ka 18 Lwetswe 1983) ke moopedi, mokwadi wa dipina, moopedi wa mmino wa gospel wa kwa Nigeria. O simolotse tiro ya gagwe ya mmino a na le dingwaga di le 10 jaaka moopedi wa kwa morago wa naledi ya ngwana Tosin Jegede. Fa e sale a simolola tiro ya gagwe ya mmino ka fa tlase ga FreeNation INC ka 2009, o ntse a tuma thata mo gae le mo lefatsheng ka bophara ka dipina tsa gagwe le dibidio tsa mmino.[1][2]
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Botshelo ja kwa bonnyeng
[fetola | Fetola Motswedi]Ehi o alogile kwa Lagos State University (B.Sc Chemical and Polymer Engineering). Ka nako ya fa a ne a le kwa yunibesithing, o ne a nna le seabe mo go Believers Loveworld Campus Fellowship.[3] Ka bonako morago ga moo, o ne a tsenela khwaere ya Christ Embassy mme morago a tsenela FreeNation INC record label kwa a ileng a golola mmino wa gagwe teng mme a tswelela ka tiro ya gagwe ya seporofeshenale jaaka moopedi wa gospel.[4][5]
Ehi o ne a ikgolaganya le FreeNation INC Records ka 2009.[6]
O kopane le monna wa gagwe, Moses Ehi kwa kerekeng ya Christ Embassy fa a ne a le kwa yunibesithing. Ba nyalane ka ngwaga wa 2008 mme ga jaana ba na le bana ba le babedi.[7][6]
Tiro ya gagwe ya kopelo
[fetola | Fetola Motswedi]Fa e sale a tsenela Christ Embassy Choir, Ehi o ntse a le matlhagatlhaga mo Tirelong ya Mmino ya Christ Embassy, mme o ntse a dira mo ditiragalong tsa Christ Embassy mo mananeong a le mmalwa go ralala lefatshe go akaretsa kwa Yuropa, Amerika le dinaga di le mmalwa tsa Aforika.[8]
Alebamo ya gagwe ya ntlha ya studio ya Undenied e ne ya gololwa ka Ngwanatsele 2009. Lifted and So Fly, e leng alebamo e e nang le didisiki tse pedi, e ne ya gololwa ka Ngwanatsele 2013.[9][10][11][12] O ne a golola alebamo ya gagwe ya boraro ya studio, Future Now, ka 16 Diphalane 2017. E ne ya tsaya maemo a ntlha mo iTunes Nigeria ka lone letsatsi le.[13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Jayne Augoye (July 8, 2017). "Gospel music singer, Ada Ehi, raises the bar with 'Overcame' video". Premium Times. Retrieved July 10, 2017.
- ↑ Daniel Anazia (July 8, 2017). "Ada reaches new height with Overcame". The Guardian. Lagos, Nigeria. Retrieved July 10, 2017.
- ↑ Chinyere Abiaziem (July 17, 2017). "'You Do Not Have To Be Naked to Look Good' – Ada". Independent. Lagos, Nigeria. Retrieved July 17, 2017.
- ↑ "On 'Born of God,' Ada Ehi is resilient and grateful [Pulse Album Review] | Pulse Nigeria". www.pulse.ng. Retrieved June 13, 2025.
- ↑ "Gospel music singer, Ada Ehi, raises the bar with 'Overcame' video". Premium Times. Retrieved June 13, 2025.
- 1 2 Ada, Jack (September 14, 2024). "Ada Ehi Biography, Age & Net Worth 2024". Np Media. Retrieved September 14, 2024.
- ↑ "Official Profile and Biography of Nigeria Gospel Musician Ada Ogochukwu Ehi". October 13, 2018.
- ↑ Uche Atuma (July 16, 2017). "WHAT I LEARNT FROM PASTOR CHRIS OYAKHILOME – Ada Ehi, International Gospel Music Minister". The Sun. Lagos, Nigeria. Retrieved July 20, 2017.
- ↑ Francisca Kadiri (February 26, 2016). "Ada Ehi". Online Nigeria. Retrieved July 10, 2017.
- ↑ ThisDay (August 29, 2009). "Nigeria: The Emergence of Love World Records". channelstv. Retrieved July 21, 2017.
- ↑ nigeriatribune (June 11, 2017). "My music saved a woman from suicide —Ada Ehi". Nigerian Tribune. Retrieved July 10, 2017.
- ↑ Alex Amos (August 31, 2013). "UPCLOSE: "I ROAR IN TONGUES" – "I'M RICH" CROONER ADA EHI IS ON FIRE! TALKS SPIRITUALITY, UPCOMING ALBUM, LOVE, FASHION AND MORE". selahafrik. Retrieved July 10, 2017.
- ↑ "Ada's New Album "Future Now" races to No. 1 Spot on iTunes Nigeria Same Day of Release – BellaNaija". BellaNaija. July 29, 2006. Retrieved October 25, 2017.
