Jump to content

Adesua Etomi

Go tswa ko Wikipedia

Tolulope Adesua Etomi-Wellington (o tshotswe ka di 22 Tlhakole 1988) a itsege ka Adesua Etomi ke motshameki wa difilimi le rakgwebo wa kwa Nigeria.[ 3] O simolotse tiro ya gagwe ya go dira difilimi ka Knocking On Heaven's Door (2014). Fa e sa le ka nako eo, o ne a tshameka mo difiliming di le mmalwa mme a amogela dikgele di le dintsi. Gareng ga tsona ke 2016 Africa Magic Viewers Choice Awards. [ 5]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Etomi o belegetswe kwa Owerri, Imo State, Nigeria, jaaka wa bofelo mo baneng ba le bararo. [1] Rraagwe ke lesole la kwa Esan kwa Edo State, mme mmaagwe ke Moenjiniri wa kwa Yoruba. [2] Etomi o ne a tsena sekolo sa Corona kwa Victoria Island, kwa Lagos, mme a ya kwa Queen's College. Fa a le dingwaga di le 13 Etomi o ne a tswa kwa Nigeria a ya kwa United Kingdom, mme a nna le dipoloma ya bonono jwa mmele le theatre kwa City College Coventry ka 2004. [10] O ne a ya kwa Yunibesithing ya Wolverhampton ka 2006, mme a ithutela botsweretshi le tiragatso.

Ditiragalo tsa gagwe tsa difilimi di akaretsa The Arbitration,[11] The Wedding Party,[12][13] le Falling.Go tshameka ga gagwe mo go Falling go mo tliseditse Africa Magic Viewers' Choice Award ya 2016 ya Best Actress in a Drama. Difilimi tse dingwe tse a tlhageletseng mo go tsone ke A Soldier's Story (2015), Out of Luck (2015),] le Couple of Days (2016). Etomi o ne a tshameka Shiela mo setlheng sa bone le sa botlhano sa Shuga, thelebishene e e buang ka thibelo ya HIV/AIDS. Etomi o simolotse go tshameka karolo ya Amaka Obiora, motlhankedi wa sepodisi yo o ikapesitseng, mo motseletseleng wa bokebekwa wa ga Yemisi Wada wa LasGidi Cops, o o simolotseng ka Seetebosigo 2016 mo thelebišeneng. Gape o ne a tlhagisiwa mo lenaaneng la Vogue la dinaledi tse dikgolo tsa lefatshe di le 14. Ka Tlhakole 2022, o ne a golola pina ya gagwe ya ntlha e e bidiwang " So Natural". Ka Diphalane 2023, o ne a simolola letshwao la gagwe la bontle la Sanaa Beauty le le neng la tlhomiwa le Jemima Osunde.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Etomi got engaged to Banky W in February 2017. Ba ne ba dira lenyalo la bone la setso ka 19 Ngwanatsele, lenyalo la kgotla ka 20 Ngwanatsele le lenyalo le lesweu ka 25 Ngwanatsele 2017; moletlo wa bofelo o ne wa tshwarelwa kwa Cape Town, Afrika Borwa. Mo masimologong a Ferikgong 2021, Adesua le Banky W ba ne ba nna le ngwana wa mosimane yo o bidiwang Hazaiah Wellington.

Ka Mopitlwe 2025, Adesua Etomi o ne a dira gore batho ba le bantsi ba itse ka bolwetse jwa Hyperemesis gravidarum ka go bua ka ntwa e a neng a e lwa le bolwetse jono. Go bua ga gagwe a sa fitlhe sepe le go buelela ga gagwe go ne ga dira gore batho ba lemoge mathata a basadi ba ba nang le malwetse a a masisi a a amanang le boimana ba lebanang le one.

[1] "10 wonderful things to know about Adesua Etomi". 3 May 2017. Archived from the original on 26 May 2017. Retrieved 29 May 2017.

[2] "Full Interview: Nollywood Actress Adesua Etomi Chats With Pulse TV". Pulse Nigeria. Archived from the original on 6 October 2019. Retrieved 29 May 2017.

[3] Badmus, Kayode (22 February 2016). "Adesua Etomi: Life of a 'first class' graduate turned screen diva as she celebrates another year". Nigerian Entertainment Today. Archived from the original on 24 February 2016. Retrieved 24 February 2019.

[4] Izuzu, Chidumga. "Adesua Etomi: 5 movies featuring Africa's best actress of the year". Archived from the original on 2 August 2017. Retrieved 8 February 2020.

[5] "Adesua Etomi: Life Of A 'first Class' Graduate Turned Screen Diva As She Celebrates Another Year - Nigerian Entertainment Today - Nigeria's Number 1 Entertainment Daily". 22 February 2016. Archived from the original on 24 February 2016. Retrieved 8 February 2020.

[6] "Adesua Etomi Biography". Naij. Archived from the original on 17 May 2017. Retrieved 31 May 2017.

[7] "Birthday Turnup! Nollywood Actress Adesua Etomi Celebrates with Gideon Okeke, Gbenro Ajibade, Osas Ighodaro, Linda Ejiofor & More". 23 February 2015. Archived from the original on 10 June 2016. Retrieved 24 June 2016.

[8] Martins, Ameh (2 December 2020). "ETOMI-WELLINGTON, Adesuwa". Biographical Legacy and Research Foundation. Retrieved 31 July 2024.

[9] Walubengo, Peris (24 February 2021). "Adesua Etomi's biography: age, parents, movies, where is she from?". Legit.ng - Nigeria news. Retrieved 31 July 2024.

[10] Yemisi Suleiman (5 June 2016). "AMAA Nominees 2016". Allure Magazine (Vanguard): 13. Retrieved 8 October 2016. {{cite journal}}: Empty citation (help): Cite journal requires |journal= (help)

[11] "NET Films: Watch O.C Ukeje and Adesua Etomi in new movie The Arbitration - Nigerian Entertainment Today - Nigeria's Top Website for News, Gossip, Comedy, Videos, Blogs, Events, Weddings, Nollywood, Celebs, Scoop and Games". 28 July 2016. Archived from the original on 15 July 2017. Retrieved 10 May 2017.

[12] The Wedding Party (2016) - IMDb, retrieved 19 November 2021

[13] "'The Wedding Party' of Banky W and Adesua Etomi - Premium Times Nigeria". 11 November 2016. Archived from the original on 7 May 2017. Retrieved 10 May 2017.