Jump to content

Affirmative Repositioning

Go tswa ko Wikipedia
Affirmative Repositioning
AbbreviationAR
Founded2014 Ngwanatsele a le lesome
Split fromSWAPO
HeadquartersWindhoek
International affiliationWorld Federation of Democratic Youth

Affirmative Repositioning (AR) ke phathi ya polotiki ya kganetso kwa Namibia e e itebagantseng le go fetola dikgang tsa ditsha, go rotloetsa banana le diphetogo tsa matshelo a batho. E tlhamilwe ka 2014 ke Job Amupanda,Dimbulukeni Nauyoma le George Kambala, AR e dirisa  maranyane go gwetlha beng gae go tsenya dikopo tsa erven (diteseletso tsa ditsha tsa bonno tse dipotlana) kwa ga mmasepala. Ka ntlha ya dikete tsa banana ba tsentse kopo ka letsatsi le le lengwe, ditirelo tse di tshwantshiwa e megwanto ya matshwititshwiti a batho. Phathi e, mo lekgethong la ntlha la Ngwanatsele 2024, e ne ya amogela bontsi jwa dikopo tsa ditsha kwa Windhoek, kwa toropokgolo ya Namibia, tse di neng di anametse kwa ditoropong tse di gautshwane tsa Namibia.[1][2] Phathi ya Affirmative Repositioning e ne e tshoseditse go tsaya lefatshe ka dikgoka fa dikopo tse di ka se atlege ka Phukwi 2015 mo go bo mmasepala ba ba farologaneng. Ka 2024, phathi e ne e kwadisitswe semmuso go nna phathi ya polotiki.[3]

Affrimative Repositioning e tsere karolo mo ditlhophong tsa palamente tsa 2024 ya iponela ditilo di le thataro.[4]

Go tlhamiwa le go dira

[fetola | Fetola Motswedi]

E le lekgotla la matshelo a batho

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Ngwanatsele a robabongwe ngwaga wa 2014, Amupanda, Kambala le Nauyoma ba ne ba kgaola lefatshe ditlhare le ba neng ba le bitsa Erf 2013 kwa lefelong la maemo a a kwa godimo kwa Klein Windhoek, ba supa fa ditlhwatlhwa tsa phiriso tsa lefelo leo di le kwa godimo le go thusa ba losika fela kwa mmasepaleng e le mabaka a se ba se dirang.[5] Go dira jalo go ne go supiwa e le go gaoa lefatshe e se ka fa molaong. Amupanda, o e neng e le mokwaledi wa ditlhaeletsanyo le phatlalatso mafoko wa lekgotla la banana la SWAPO ka nako eo ebile a bereka mo komiting ya lekgamu la banana, o ne a ithola marapo mo maemong a gagwe moragonyana ga boraro boo bo kobiwa kwa SWAPO ka ntlha yaditiro tsa bone. Go kobiwa mo go ne go laotswe ke bone jo bo kwa godimo jwa phathi ya SWAPO ebong: tautona Hifikepunye Pohamba, mothusa tautona Hage Geingob, mokwaledi mogolo Nangolo Mbumba le mothusi wa gagwe Laura McLeod-Katjirua.[6] Boraro boo ba ne ba tswa kwa setsheng se ba neng ba nna kwa go sone e sw ka fa molaong morago ga malatsi a se kae.

Ka nako eo, balweladitshwanelo ba AR ba ne ba simolola go gwetlha banana go tsenya dikopo tsa ditsha kwa go mmasepala wa Windhoek. Ba ne ba dirisa maranyane le methale ya SWAPO ya lekgotla la banana.[7] Ka Ngwanatsele a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2014, toropokgolo Windhoek e ne ya amogela dikopo tsa ditsha di le dikete di le lesome le bone.[8] Mo sebakeng sa bobedi dikopo tse dintsi ka Firikgong a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2015, Windhoek e ne ya amogela dikopo tse dingwe di le dikete pedi makgolo a matlhamo. Dikopo tsa ditsha di ne tsa neelwa mmasepala wa Walvis Bay (di le dikete di robabongwe), Okahandja (di le dikete nne), Swakopmund (dikete tharo),[9] Ongwediva (dikete pedi le makgolo a matlhano), Oshakati (dikete pedi makgolo a matlhano),Keetmanshoop(makgolo a robabobedi),Rundu(makgolo a mane), Otjiwarongo(makgolo a mabedi) le Tsumeb (makgolo a mabedi).[10]

Ka Moranang 2015, mmasepala wa Henties Bay o ne a neela bakopi ba letsholo la AR ditsha tse di tlhabolotsweng di le lekgolo, masome a mabedi, mo go bone go na le Amupanda,Nauyoma le Kambala. Go dira jaana go kgadilwe, baeteledipele ba AR ba supiwa ka monwana go dirisa maikaelelo a bone makgwakgwa ka go kopa ditsha kwa toropong ya tlhwatlhwa ya bojanala ya Henties Bay mme e le banni ba Windhoek.[11] [12]Ka Motsheganobg 2015, ditsha tse ga di a fetolwa.

Ka Motsheganong 2016, baeteledipele ba bararo ba AR ba ne ba busediwa go nna maloko a SWAPO morago ga gore ba fenye tsheko ya bone ya kgotlatshekelo kgatlhanong le phathi.[13]

Jaaka phathi ya polotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga gore baakgedi ba polotiki ba akanyetse gore letsholo la Affirmative Repositioning le tla fetoga go nna phathi ya polotiki,[14][15] letsholo le ne la kwadisiwa mo ditlhophong tsa 2020 tsa kgaolo e le mokgatlho kwa ditoropong tsa Windhoek,Walvis Bay le Swakopmund.[16]

Ka 2015, AR e ne ya tlhalosiwa e le tiragalo ya kagiso ya matshwititshwiti fa e sale ka boipuso ka 1990.[9] Maemo a thulaganyo mo letsholong ga mmogo le ditsholofetso tsa polotiki tsa molweladitshwanelo o mogolo Amupanda, di ne tsa tsisa matshwenyego a gore AR ke phathi ya polotiki e e santseng e dirwa. Phathi ya SWAPO e kgadile go utswa lefatshe ga ntlha, mme mo tiragalong ga go gwetlha bontsi jwa batho,phathi eo ga e a tsaya maemo. Mokwaledi mogolo wa pele wa SPYL Elijah Ngurade o eme nokeng letsgolo mme bontsi jwa mapolotiki a SWAPO bone ga ba dumalane le lone.[17]

Ditso tsa ditlhopho

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditlhopho tsa botautona

[fetola | Fetola Motswedi]
Ditlhopho Ntlhopheng Ditalama % Maduo
2024 Job Amupanda dikete di le lesome le borobabongwe, makgolo a marataro, masome a supa le borataro 1.79% O ne a latlhegelwa

Ditlhopho tsa bo palamente

[fetola | Fetola Motswedi]
Ditlhopho Ntlhopheng Ditalama % Ditilo Maduo
2024 Job Amupanda Dikete di le masome a supa le bobedi, makgolo a mabedi, masome a mabedi le bosupa 6.61% Di le thataro mo go tse di masome a ferabongwe le borataro Kganetso
  1. Ndalikokule, Paulina (2019-04-24). "AR to launch 'People's Litigation Centre'". The Namibian. Retrieved 2025-10-15
  2. https://allafrica.com/stories/201901220516.html | Namibia: AR to Challenge Squatters Law After Activist's Bail - allAfrica.com
  3. Louw, Madeline (2024-07-04). "ECN officially confirms registration of AR and ADM as political parties". 99FM - Your Inspiration Station. Retrieved 2025-10-15
  4. info_e12wt4cs (2024-12-04). "NNN shatters glass ceiling – Windhoek Observer". Retrieved 2025-10-15.
  5. Kambala, George; Nauyoma, Dimbulukeni; Amupanda, Job Shipululo (13 February 2015). "Affirmative Repositioning – The Two Options". New Era.
  6. Mongudhi, Tileni; Haidula, Tuyeimo (4 March 2015). "Politburo endorses Amupanda's suspension". The Namibian. Archived from the original on April 28, 2015.
  7. Ndimbira, Diana (27 February 2015). "Amupanda causes panic". Windhoek Observer.
  8. Tjihenua, Theresia; Haidula, Tuyeimo (24 November 2014). "14 000 submit land applications". The Namibian. Archived from the original on 28 April 2015. Retrieved 15 October 2025
  9. 1 2 "Mass land application peaceful". The Citizen. 28 February 2015. Archived from the original on 2 April 2015. Retrieved 15 October 2025.
  10. "Mass land applications hailed a success". New Era. 2 March 2015.
  11. Heita, Hileni (24 April 2015). "AR Trio Receive Henties Plots". Windhoek Observer. Archived from the original on 18 May 2015. Retrieved 15 October 2025
  12. Beukes, Jemima (7 May 2015). "Amupanda disappointed by Gurirab's remarks". Namibian Sun. Archived from the original on 2015-05-15. Retrieved 2025-10-15
  13. Muraranganda, Elvis (16 May 2016). "Swapo welcomes back expelled quartet". New Era.
  14. Whittaker, Shaun; Boesak, Harry; van Wyk, Mitchell (20 December 2019). "Namibia Post-Swapo". The Namibian.
  15. Iikela, Sakeus (19 September 2019). "AR promises 76 000 houses for Windhoek". The Namibian. p. 3.
  16. Iikela, Sakeus (23 September 2020). "ECN registers 22 associations". The Namibian. Archived from the original on 26 October 2020. Retrieved 15 October 2025.
  17. "Swapo divided on land applications". New Era. 27 February 2015.