Afi Ekong
Chief Constance Afiong "Afi" Ekong, Lady Attah (26 Seetebosigo 1930 - 24 Ferikgong 2009) e ne e le motaki wa kwa Nigeria le motshegetsi wa tsa botaki.
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Afi Ekong o belegetswe kwa Efik le Ibibio kwa Calabar, Nigeria, jaaka leloko la lelapa la segosi la Edidem Bassey Eyo Epharaim Adam III. O ne a tsena sekolo sa Duke Town School le Christ Church School kwa Calabar. O ne a katisiwa jaaka motaki mme a ithuta go dira difeshene kwa Engelane kwa Oxford College of Arts and Technology, Saint Martin's School of Art, le Central School of Art and Design. Afi o ne a nyalwa a le dingwaga di le 19 ke Rre. Abdiel, yo e neng e le modiredimogolo wa kgaolo ka nako ya bokoloniale.
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ekong o simolotse dithuto tsa gagwe tsa botaki kwa London ka 1951 kwa Oxford College of Arts and Technology. Moragonyana o ne a ya kwa Saint Martin's School of Art ka 1955, mme a boela kwa Lagos ka 1957.[3] Ka 1958, kwa Exhibition Centre Marina, Ekong e ne e le mosadi wa ntlha wa motaki go tshwara dipontsho tsa gagwe kwa Lagos.[4] Ka 1961, o ne a nna le pontsho ya gagwe a le esi kwa Galeria Galatea kwa Buenos Aires.[1] O ne a na le le go tsamaisa Bronze Gallery kwa mafelong a a farologaneng kwa Lagos le kwa Fiekong Estate kwa Calabar.[5] O ne a le motsamaisi wa Lekgotla la Botsweretshi la Lagos, leloko la mothei wa Mokgatlho wa Badiri ba Botaki ba Nigeria, motlhokomedi wa Gallery Labac go tloga ka 1961, le modulasetulo wa Lekgotla la Botsweretshi la Federal Nigeria go tloga ka 1961 go fitlha ka 1967. Ka metlha o ne a tlhagelela mo thulaganyong ya thelebishene ya kwa Nigeria e e bidiwang Cultural Heritage go rotloetsa botswerere. Ka 1963, o ne a tlhagisiwa mo New York Times photo essay jaaka sekai sa "mosadi yo moša wa moAfrika" morago ga boipuso. O ne gape a etelela pele UNESCO Commission ka bo1970 mme, ka 1990, National Council of Women's Societies Committee on Arts and Crafts. Ekong e ne e le mosadi wa ntlha wa Mo-Nigeria go katisiwa ka tsa botaki kwa Oxford College. O ne a tlhotlhelediwa ke ngwao kgotsa setso fa a ne a dira tiro ya gagwe ya botaki. Tiro ya ga Afi ya "Grief" e ne ya sekasekwa ka tsela e e masisi kwa Musiamong wa Botaki wa Chrysler mo kanaleng ya YouTube.
Ekong o ne a buelela gore mantswe a basadi a utlwiwe. Tiro ya ga Ekong ya go tsweledisa dithuto tsa botsweretshi le tsa basadi mo Aforika Bophirima e ne ya lemogiwa ka 1962 fa a ne a bidiwa "The Star of Dame Official of the Human Order of African Redemption", ke Tautona William Tubman wa Liberia. Gape e ne e le mogolwane yo o tlhomilweng mo Kerekeng ya Presbyterian.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 1949, Afi Ekong o ne a nyala Kgosana Abdul Azizi Attah, morwa wa ga Atta wa Igbirra, yo e neng e le modiredi wa puso. O ne a tlhokafala ka 2009 kwa Calabar a na le dingwaga di le 78. The Bronze Gallery e santse e dira mo Calabar gompieno, ditshwantsho tsa Afi Ekong di mo University of Lagos Library, mme o ne a na le lefatshe le le golo mo Calabar pele ga loso lwa gagwe.[7][8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] Ngozi Akande, "Nigeria: Afi Ekong, the Amazon of Local Arts, Takes a Bow" Vanguard (29 March 2009).
[2] Bernice M. Kelly and Janet L. Stanley, eds, Nigerian Artists: A Who's Who and Bibliography (Hans Zell Publishers, 1993): 186–188. ISBN 0905450825.
[3] Bosah, Chukwuemeka (2017). The art of Nigerian women. Okediji, Moyosore B. (Moyosore Benjamin). New Albany, Ohio. ISBN 978-0-9969084-5-0. OCLC 965603634.
[4] Smithsonian Libraries, Monographs on African Artists: An Annotated Bibliography.
[5] Bosah, Chukwuemeka (2017). The art of Nigerian women. Okediji, Moyosore B. (Moyosore Benjamin). New Albany, Ohio. p. 241. ISBN 978-0-9969084-5-0. OCLC 965603634.
[6] Marc and Evelyne Burnheim, "A New Kind of African Woman", The New York Times (7 July 1963): SM8.
[7] The Bronze Gallery Archived 8 January 2018 at the Wayback Machine, The collection of Afi Ekong.
[8]Chika Okeke-Agulu, Postcolonial Modernism: Art and Decolonization in Twentieth-Century Nigeria (Duke University Press, 2015). ISBN 9780822376309.