Jump to content

African National Congress

Go tswa ko Wikipedia

Phathi ya African National Congress(ANC),ke phathi ya sepolotiki kwa lefatsheng la Aferika Borwa.E simolotse e le balwela kgololesego ba ba neng ba ganetsa mmuso wa tlhaolele go tloga ka ngwaga wa 1994 fa go se na go tshwarwa ditlhopho tse mo go tsone Rre Nelson Mandela a neng a tlhophiwa e le tautona.Rre Cyril Ramaphosa,tautona wa lefatshe leo mo nakong e,o nnile tautona wa ANC go tloga ka ngwaga wa 2017,kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le lesome le boferabobedi go fitlha jaanong.[1]

Mokgatlho o,o o tlhomilweng ka ngwaga wa 1912 kgwedi ya Ferikgong e tlhola malatsi a le boferabobedi kwa Bloemfontein, o ne bidiwa South African Native National Congress.O ne o tlhametswe go lwela ditshwanelo tsa batho bantsho kwa lefatsheng la Aferika Borwa.Fa National Party e tsaya puso ka ngwaga wa 1948,tiro ya konokono ya ANC e ne ele go ganetsa tsamaiso ya puso e ntsha ya mmuso wa tlhaolele.Ke sone se ditsamaiso tsa phathi e,di ne tsa fetoga mme tsa akaretsa go rotloetsa tatedi e ntsi go fetisa selekanyo se se bakileng gore phathi e,e bonwe molato wa go tlhoka go sala ditsamaiso tsa puso morago ka ngwaga wa 1952 go ya go 1953.

ANC e ne ya kganelwa ke puso go tlhola e nna teng ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 1960,moragonyana ga tiragalo ya kwa Sharpeville e matshwititshwiti a batho a neng a ganyaolwa ke mapodise morago ga go ngongoregela molao wa dipasa, go fitlha ka ngwaga wa 1990 kgwedi e le ya Tlhakole.Ka nako e, le fa ANC e ne e leka go busetsa serodumo sa yone,puso e ne ya ba gatelela mo ba neng ba patelesega go ya lejwa.Bontsi jwa baeteledipele ba bone,go balelwa le tautona wa pele wa Aferika Borwa Rre Nelson Mandela, ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong e e neng e le fa gare ga metsi e bile e sa dirisiwe kgapetsakgapetsa ya Robben Island.[2]

Fa ba ile lejwa phathi e ya ANC e ne ya itshetlela kwa Zambia mo toropong ya Lusaka,moonomogolo e le go koafatsa ,go lwa le go tsogologela mmuso wa tlhaolele kwa gae kwa lefatsheng la bone.Tse tsotlhe di ne di dirwa ka fa tlase ga legwafa la lekalana la bone la sesole le le neng le bidiwa Umkhonto Wesizwe le le tlhamilweng ka ngwaga wa 1961.Lekalana le ,le ne le tshwaraganetse tiro le ba phathi ya sepolotiki ya South African Communist.Babusi ba United States , United Kingdom gammogo le Aferika Borwa ba ne ba kgala ba sa kgwe mathe phathi ya ANC ba re ke ya ditsuulodi.Fa kemiso ya bone go dira e wela ka 1990,phathi e, e ne ya itlhoma kwa pele mo dipuisanong go fedisa tlhaolele.Bontsi jwa nako,baeteledipele ba ANC gammogo le maloko a a botlhokwa ba ne ba dira ba le kwa mafatsheng a sele .Morago ga dintwa tsa Soweto tsa ngwaga wa 1976,phathi e ene ya dirisa dikgoka le ntwa go fitlhelela maitlamo a bone,ke sone se se e bopileng fa ba ile lejwa.

E re le ntswa ANC e ikwadisitse e le phathi ya sepolotiki,morago ga mmuso wa tlhaolele ba santse ba ipitsa balwela kgololesego.Ka ntlha ya tshwaragano le ba South African Communist Party le ba Congress of South African Trade Unions, e santse e tlhophiwa ke matshwititshwiti a batho Aferika Borwa ka bophara.BoTautona botlhe ka botlhano go tswa ka ngwaga wa 1994 ba tswa mo go yone.Lefatshe le le tsewa jaaka le le busiwang ke phathi e le nngwefela.Le fa go ntse jalo,dipalo tsa yone di ile tlase go tloga ka ngwaga wa 2004.Ka ngwaga wa 2021 ka ditlhopho tsa bommasepala,tlhopo ya ANC e ne ya ya kwa tlase ga masome a matlhano mo lekgolong e le lantlha mo ditsong.Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng phathi e ,e ne ya farwafarwa ke dikgang tsa tshenyetso setshaba fa gare ga maloko a yone.

Morago ga ditlhopho tsa setshaba tsa 2024.ANC e ne ya latlhegelwa ke bontsi jwa ditilo mo palamenteng.E ne ele tlholo ntsha mo ditsong tsa lefatshe le.Le fa go ntse jalo,ka tlhopho e e fa godingwana ga masome a mane mo lekgolong,e ne ya sala e ntse e le yone e nang le seabe se setona.Phathi e gape e ne ya latlhegelwa kwa mafelong a a latelang;Kwa-Zulu Natal,Gauteng le Northern Cape.E re le ntswa go nnile le dipoelo morago phathi e e kgonne go gapa puso ka tshwaragano le ba diphathi tse dingwe tse di kgonneng go gapa masome a supa le bobedi mo lekgolong a ditilo mo palamenteng.

  1. Burke, Jason (18 December 2017). "Cyril Ramaphosa chosen to lead South Africa's ruling ANC party". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 19 December 2017.
  2. Burke, Jason (18 December 2017). "Cyril Ramaphosa chosen to lead South Africa's ruling ANC party". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 19 December 2017.