Jump to content

Agnes Jeruto Barsosio

Go tswa ko Wikipedia

Agnes Jeruto Barsosio ke moatlelete wa kwa Kenya le motabogi wa marathone. O tshotswe ka ngwaga wa 1983. O gaisana le setlhopha sa bosetšhaba sa Kenya mme o emela [1]Kenya mo dikgaisanyong tsa boditšhabatšhaba tsa diatleletiki. [2]

Barsosio o ne a neelwa thibelo ya dingwaga di le tlhano go tswa mo kgaisanong ke Athletics Integrity Unit ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2023 ka ntlha ya tlolo molao ya doping.[3]

Ka ngwaga wa 2008, o ne a nna moatlelete wa bobedi yo o neng a le botoka thata kwa Lille Half Marathon mme a fenya Foulees Monterelaises. O ne a feleletsa e le wa bobedi mo lobelong lwa dikilometara di le 10 kwa Taroudant. Mo go one ngwaga oo, o ne a tsenela Düsseldorf Marathon mme a fenya kgaisano eo. Ka kgwedi ya Moranang ya ngwaga wa 2012, Agnes o ne a tsenela kgaisano ya 10th Metro Group Marathon Düsseldorf. E ne e le lekgetlho la ntlha a tsenela marathone mme o ne a fenya ka bobedi mme a tlhoma rekoto e ntšha ya tsela ka nako ya 2:25:49, a feta rekoto ya pele ka nako e e ka fa tlase ga motsotso.[4]

Ka kgwedi ya Motsheganong e le borataro (6) ka ngwaga wa 2017, Barsosio o ne a gaisana mo kgaisanong ya borataro ya halofo ya marathone ya České Budějovice e e neng e tshwaretswe kwa České Budějovice, Czech Republic. O ne a fenya mme a tlhoma rekoto e ntšhwa ya tsela ka nako ya 1:09:53 morago ga go fenya baatlelete ba bangwe ba basadi ba Kenya, Rebecca Cheris le Lucy Wangui Kabuu. Ka kgwedi Seetebosigo e thola boraro (3) ka ngwaga wa 2017, o ne a gaisana mo Budweis half marathon, koo a fitlheletseng rekoto e ntšhwa ya 01:09:56.[5]Ka kgwedi Seetebosigo e le masome a mabedi le botlhano (25),ka ngwaga wa 2017, o ne a tlhoma rekoto e ntšha ya lobelo mo kgaisanong ya borataro ya Ceske Budejovice Half Marathon, IAAF Gold Label Road Race, ka nako ya rekoto ya 1:09:53. Katlego eno e ne ya roba rekoto ya nako ya 1:10:40 e e neng e tlhomilwe ke Ashete Bekere wa kwa Ethiopia ngogola.[6]

Ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2023, Barsosio o ne a neelwa thibelo ya dingwaga di le tlhano ka ntlha ya go tlola molao wa anti-doping o o amanang le dipharologano mo Passport ya gagwe ya Athlete Biological. Thibelo ya gagwe ya dingwaga di le thataro e ne ya fokodiwa ka ngwaga o le mongwe ka a ne a dumela gore o tlodile melao.[7][8]

  1. "Agnes Jeruto KIPROTICH | Profile | iaaf.org". www.iaaf.org. Retrieved 2019-02-04
  2. "Agnes Jeruto Barsosio - Articles". MileSplit Kenya. Retrieved 2019-02-04
  3. Kelsall, Christopher (11 September 2023). "Kenyan Agness Barsosio handed five-year doping ban, months after sister Stella's suspension". Athletics Illustrated. Retrieved 5 November 2023.
  4. "Tola and debutante Jeruto break course records in Düsseldorf| News | iaaf.org". www.iaaf.org. Retrieved 2019-02-04.
  5. "Kenyan athletes shine in Czech Republic". Facebook. 2017-06-05. Retrieved 2019-02-04.
  6. "Barsosio tops race". The Star, Kenya. Retrieved 2019-02-04.
  7. Wafula, Abigael (11 August 2023). "Another big blow! The Athletics Integrity Unit suspends Rodgers Kwemoi and Agnes Barsosio". Pulse Sports. Retrieved 9 September 2023.
  8. "Kenyan Marathon Star Banned for Five Years Over Doping Violation". Runners Tribe. 20 September 2023