Aisha Lawal
Aisha Lawal Oladunni ke motshameki wa difilimi, mokwadi le motlhami wa difilimi wa kwa Nigeria. [1] O ne a tlhophiwa go nna mosupedi yo o solofetsang wa ngwaga (Yoruba) kwa 2014 City People Entertainment Awards, Best Actress in Leading Role (Yoruba) kwa 2015 Best of Nollywood Awards, Best Indigenous Language Movie/TV Series (Yoruba) kwa 2016 Africa Magic Viewers' Choice Awards le Best Actress of the Year (Yoruba) le Best Supporting Actress of the Year (Yoruba) kwa 2018 City People Movie Awards. [2][3][4][5]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Lawal ke moagi wa Ibadan, Oyo State, kwa borwabophirima jwa Nigeria mme o tsene Adeen International School le Federal Government College, Ogbomoso. Lawal o ne a rata go tshameka go tswa bonyaneng jwa gagwe, o ne a tshameka mo metshamekong e e farologaneng ya dibaesekopo. [8] [9] Lawal o ne a ya kwa Yunibesithing ya Lead City, kwa a neng a bona dikirii ya molao le dikirii ya bobedi ya tsamaiso ya setšhaba.
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Lawal o ne a tsena sekolo sa Femi Adebayo's J15 School of Performing Arts go tloga ka 2008 go fitlha ka 2010 mme a ithuta go tshameka. [1] Filimi ya gagwe ya ntlha e ne e le Adunmadeke moo a neng a tshameka karolo ya seaka. [2] O ne a tuma ka ntlha ya seabe sa gagwe mo Irugbin. [9] Fa e sale a simolola go tuma, o ne a tswelela go tshameka mo difiliming tse di fetang lekgolo. O dirile difilimi di le lesome jaaka Imu Nika le Opon Ife. [6]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Lawal o tswa kwa lwapeng la bana ba bararo ene ele wa fagare[7].O nyetswe Ana le morwadie, O ithuta bo Muslim.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Aisha Lawal: I still attract men despite being married with child The Nation Newspaper". 12 September 2020. Retrieved 5 October 2022.
[2] Reporter (8 September 2018). "Nominees For 2018 City People Movie Awards [FULL LIST]". City People Magazine. Retrieved 5 October 2022.
[3] "AMVCA 2016: Full nomination list". Africa Magic – AMVCA 2016: Full nomination list. Retrieved 5 October 2022.[dead link]
[4] BellaNaija.com (6 June 2014). "Rita Dominic, Davido, Tiwa Savage, Majid Michel – 2014 City People Entertainment Awards Nominees". BellaNaija. Retrieved 5 October 2022.
[5] lawal, fuad (14 December 2015). "See full list of winners". Pulse Nigeria. Retrieved 5 October 2022.
[6] Reporter (3 September 2018). "Each Time I Get On Set, I Become A Different Person – Aisha Lawal". City People Magazine. Retrieved 5 October 2022.
[7] "Àwọn ojú oge Yollywood t'ọ́jà wọ́n ṣì ń tà wàràwàrà". BBC News Yorùbá (in Yoruba). 18 October 2019. Retrieved 5 October 2022.
[8] "Some people laughed at me when they saw me in a public bus — Aisha Lawal". Punch Newspapers. 6 August 2017. Retrieved 5 October 2022.
[9] Online, Tribune (14 March 2020). "I'd not have forgiven myself if I didn't have my baby in the US —Actress Aishat Lawal". Tribune Online. Retrieved 5 October 2022