Akofa Edjeani Asiedu

Akofa Edjeani (o belegwe ka 20 Tlhakole 1969) ke motshameki wa filimi wa kwa Ghana, motlhami le rakgwebo. Filimi ya gagwe e khutshwane, Not My Daughter (filimi e e buang ka go segwa ga dirwe tsa tsalo tsa basadi), e ne ya gapa sekgele sa Best Short Film kwa Africa Movie Academy Awards (AMAA) ka 2008, mme I Sing of a Well, filimi e a e tshamekileng le go nna motlhami wa yone, e ne ya gapa dikgele di le tharo le sekgele sa Best Jury kwa Africa Movie Academy Awards ka 2010.[ 1]2][3][4][5]
Dithutego le botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Akofa o belegwe ka 20 Tlhakole 1969 mme o tswa kwa Avatime Vane, lefelo la Baaborijene la Ba-Guan kwa Kgaolong ya Volta ya Ghana.[6][7] O tsene sekolo sa sekontari kwa Mawuli School koo a simolotseng go tshameka jaaka leloko la tlelapa ya sekolo ya terama. O na le dikirii ya bachelor's degree in arts go tswa kwa University of Ghana Performing Arts le setifikeiti sa PR, Marketing le papatso go tswa kwa Ghana Institute of Journalism (1995). [8][9]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Edjeani ke motshameki wa difilimi, o ithutile Performing Arts kwa Yunibesithing ya Ghana. O ne a tshameka mo difiliming di le mmalwa tsa Ghana le Nigeria-Ghana go tloga magareng a dingwaga tsa bo1990.[ 10]Ka 1995, o ne a tshameka mo filiming ya For Better For Worse, ka 2015 o ne a tshameka mo filiming ya British-Ghanaian e e gapileng sekgele, The Cursed Ones.[11][10] O ne a le leloko la Interim Governing Council ya Ghana Culture Forum. [12]
Edjeani o na le resetšhurente kwa Kanda, Accra, jaaka ka 2016 o ne a itsise mo potsolotsong gore o tlhomile resetšhurente dingwaga di le 17 tse di fetileng go rekisa dijo go tlamela lelapa la gagwe.
Akofa o ne a fiwa tlotlo e e kgethegileng mme a tsenngwa mo Golden Movie Walk of Fame. [13]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Edjeani o ne a nyetswe ke Robert Asiedu ka dingwaga tse di fetang 20, mme moragonyana banyalani bano ba ne ba kgaogana ba bo ba tlhalana. Ka Phukwi wa 2018, o ne a itsise mo potsolotsong le Deloris Frimpong Manso, mo lenaneong la gagwe, The Delay Show gore o ne a tlhadilwe mme a ratana le go rulaganya go nyala gape. Ke kgaitsadie Constance Ama Emefa Edjeani-Afenu.O na le bana ba le babedi.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Pay attention to arts & culture — Akofa Edjeani". todaygh.com. Ghana Today. 18 September 2017. Archived from the original on 23 July 2019. Retrieved 27 October 2018.
[2] "We need more female writers and producers so that the story about women will change - Akofa Edjeani". yen.com.gh. Yen GH. 18 October 2017. Archived from the original on 27 October 2018. Retrieved 27 October 2018.
[3] "Movies have reduced women to husband snatchers – Akofa Edjeani". adomonline.com. ADOM Online. 1 December 2016. Retrieved 27 October 2018.
[4] "I feel young and look forward to remarry even though I'm 49 – Afoka Edjeani Asiedu". pulse.mtn.com.gh. MTN Pulse. 23 July 2018. Archived from the original on 28 October 2018. Retrieved 27 October 2018.
[5] "Veteran actress Akorfa Edjeani leads new role 'Amina'". Ghana Crusader. 19 August 2017. Archived from the original on 28 October 2018. Retrieved 27 October 2018.
[6] "Akofa Edjeani Asiedu : Actress - Films, episodes and roles on digiguide.tv". digiguide.tv. Retrieved 27 October 2018.
[7] "Acting was my altar call – Akofa Edjeani". Graphic Online. Retrieved 4 March 2021.
[8] "childreN of the mountaiN Screens in U.K. Cinemas. » My Blog / Website". ikennaobi.com. Archived from the original on 11 November 2016. Retrieved 27 October 2018.
[9] "Delay Interviews Akofa Edjeani Asiedu". mobile.ghananews.xyz. Archived from the original on 27 October 2018. Retrieved 27 October 2018.
[10] "Movies have reduced women to husband snatchers - Akofa Edjeani - MyJoyOnline.com". www.myjoyonline.com. Retrieved 10 March 2021.
[11] "The Making Of The Movie "The Cursed Ones"". Modern Ghana. Retrieved 10 March 2021. [12] "Ghana Culture Forum Interim Governing Council". www.ghanacultureforum.org. Archived from the original on 11 May 2021. Retrieved 10 March 2021.