Jump to content

Akwidaa

Go tswa ko Wikipedia

Akwidaa ke toropo e nnye le motsana wa batshwari ba ditlhapi mo kgaolong ya Ahanta Bophirima, kwa kgaolong ya Bophirima jwa Ghana. Ke lengwe la mafelo a a kwa borwa jwa Ghana.

Karolo ya toropo e e gaufi le Kgogometso ya Guinea, e e itsegeng e le Akiwidaa Old Town, e tlhasetswe ke merwalela le kgogolego ka ntlha ya go fetoga ga tlelaemete. Seno se dirwa ke go bo e le mo lefelong le le kwa tlase le le bapileng le lefelo le le bongola le molomo wa noka. Seno se ne sa dira gore bontsi jwa banni ba fudugele kwa karolong e e kwa tengteng ya naga, e e neng ya nna Toropo e Ntšha ya Akiwidaa.

Popego ya lefoko

[fetola | Fetola Motswedi]

Akwidaa ke lefoko la Se-Twi le le kayang 'monna yo o tsofetseng.' Go dumelwa gore e reeletswe ka monna mongwe yo o neng a rwala batho go ralala Noka ya Ezile ka nako ya fa e ne e laolwa ke Ba-Dutch. Kwa tshimologong toropo eno e ne e bidiwa ka leina la noka eno.

Toropo eno e nnile lefelo la go nna la Ba-Ahanta ka makgolokgolo a dingwaga.

Fort Dorothea Kwa bokhutlong jwa ngwagakgolo wa bo17 le kwa tshimologong ya ngwagakgolo wa bo18, Akwidaa, e e neng e itsege ka nako eo jaaka Fort Dorothea, e ne e le yone e nnye mo dikagong tse pedi tsa phemelo tse di neng di bopa kolone ya Jeremane, Brandenburger Gold Coast. Morago ga go tshwarwa ke MaDutch, ba ne ba nna mo kagong e e thata go tloga ka 1687 go fitlha ka 1698 mme Ba-Brandenburg ba ne ba e rekisa ka 1718. Marope a kago a ne a kwalwa mo UNESCO World Heritage List ka 1979 mmogo le dikago tse dingwe mo kgaolong eo.

Itsholelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Itsholelo ya teng e ikaegile thata ka go tshwara ditlhapi, ka gonne go na le mekoro e le mentsi ya go tshwara ditlhapi e e bapileng le lotshitshi lwa lewatle. Temothuo le yone ke lephata le legolo mo toropong. Ke lefelo la bojanala mo kgaolong, e le lefelo la mabopo a a tumileng a le mantsi.

Ka ntlha ya go ribololwa ga oli mo kgaolong eno, Akwidaa e ile ya nna lefelo le le kgatlhang la go beeletsa madi.