Alec Campbell
Alec Campbell | |
|---|---|
| Leina la tsalo | Alexander William Campbell |
| Maina a tshameko | The Kid |
| Tsalo | 26 Tlhakole 1899 Launceston, Colony of Tasmania, British Empire |
| Leso | 16 Motsheganong 2002 (aged 103) Hobart, Tasmania, Australia |
| Allegiance | Tempolete:Country data Australia Australia |
| Tiro/ | Australian Army Australian Imperial Force (AIF), 15th Battalion, 4th Infantry Brigade |
| Dingwag tsa a le mo tirong | 2 July 1915 – 22 August 1984 |
| Maemo | Private |
| Dintwa | |
| Awards | 1914–15 Star, British War Medal, Victory Medal, 80th Anniversary Armistice Remembrance Medal, Centenary Medal |
| Losika | Ruby Rose (great-granddaughter) |
| Tiro tse dingwe | Jackeroo, carpenter, mechanic, builder, boxer (Tasmanian Flyweight Champion), sailor (six Sydney to Hobart Yacht Races) and unionist |
Alexander William Campbell (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome mabedi le borataro 1899 – abo a tlhokafala ka kgwedi ya Motsheganong e le lesome le borataro 2002) e ne e le motsayakarolo wa bofelo yo o neng a sa ntse a le mo Australia wa letsholo la Gallipoli ka nako ya Ntwa ya mafatshe ya Ntlha.[1]Campbell o ne a tsenelela Sesole sa Australia a le dingwaga di le lesome le borataro ka 1915, mme o ne a dira jaaka setlamo sa mabenkele dikgwedi di le pedi ka nako ya ntwa kwa Gallipoli. O ne a kgaolwa mme a gololwa ka 1916. Moragonyana o ne a bereka mo palong e ntsi ya ditiro, o ne a nyetse gabedi mme a na le bana ba le borobabongwe. Ke rremogolo wa modiragatsi,seopedi, le mmabontle Ruby Rose.[2][3]
Ka ga Ene
[fetola | Fetola Motswedi]Alec Campbell o tsholetswe kwa Launceston, Koloni ya Tasmania, Mmusomogolo wa Boritane, morwa wa ga Marian Isobel (Mokoloti) le Samuel Alexander Campbell.[4]O ne a ithuta kwa Kholetšheng ya Scotch, kwa Launceston,[5] mme morago ga moo a dira jaaka tlelereke le Colonial Mutual Fire Insurance Company. Fa a le dingwaga di le lesome le borataro o ne a tlogela tiro ya gagwe go ya go ikwadisa mo sesoleng. Ka a ne a se na tetla ya ga rraagwe, o ne a bua maaka ka dingwaga tsa gagwe, a bolela gore o godile ka dingwaga di le pedi go ikwadisa kwantle ga tumelelo ya batsadi.[6][7] O ne a tsenelela Mophato wa bo lesome le botlhano wa Sesole sa Imperial sa Australia ka Phukwi 1915. Le fa e le go gola go lekana go ka beola, Campbell o ne a bona leina la matshamekwane la "The Kid" ka nako ya katiso ya gagwe kwa Hobart. Mongwe wa bo ntsalae o ne a setse a tlhokafetse kwa Gallipoli, mme kgopolo ya gore Campbell o romelwa koo e ne ya tshosa batsadi ba gagwe. Mophato wa gagwe o ne wa simolola kwa Melbourne mo sekepeng sa HMAT Kyarra ka Phatwe a le masome mabedi le motso 1915, mme Campbell o ne a goroga kwa Anzac Cove mo tshimologong ya Ngwanatsele 1915. O ne a thusa go rwala marumo, mabeelo le metsi kwa meseleng. O ne a bona kgobalo e nnye mo ntweng kwa Gallipoli; fa a ne a fudusiwa le masole a mangwe otlhe a Australia ka 1916, o ne a lwala letshoroma le le neng la baka go swa mhama mo sefatlhegong.[1] O ne a romelwa gae ale mo HMAT Port Sydney ka Seetebosigo a le masome mabedi le bone 1916, mme o ne a gololwa semmuso ka kgwedi ya Phatwe e le masome mabedi le bobedi1916[8]—mogale wa Gallipoli a le dingwaga di le lesome le bosupa fela.[9] O ne a lwa mo ntweng dikgwedi di le pedi; moragonyana o ne a tlhalosa a sa tlhwaafala,
"Ke ne ka ya teng go bona maitemogelo. Go ne go sena maikutlo a magolo a go sireletsa Mmusomogolo. Ke ne ke tshela ka one, ka tsela nngwe. Ke ne ke itumelela dingwe tsa tsone. Ga ke motlhalefi. Gallipoli e ne e le Gallipoli."[1]
Botshelo jwa gagwe a se Lesole
[fetola | Fetola Motswedi]Campbell o ne a na le botshelo jo bo tletseng. Kwa Australia Borwa, New South Wales le Tasmania, e ne e le jackaroo, mmetli, moagi wa matoroko a terena, moithuti wa yunibesithi ya dingwaga tse di godileng, modirelapuso, modiredi wa patlisiso le raditso.[9] O ne a newa katiso ya tiro ya diatla ya go aga mmele wa dikoloi kwa Hobart Repatriation Trade School.[6] E ne e le morulaganyi wa lekgotla la babereki mo dikokoanong tsa terena tsa Launnceston le Hobart le morulaganyi wa Mokgatlho wa Babetli ba ba Kopaneng le Basolegi ba Australia (jaanong e le karolo ya Kago, Dikgwa, Meepo le Mokgatlho wa Maatla a Motlakase (CFMEU)). O ne a nna Tona wa lekala la Tasmania la Mokgatlho wa sephato sa Diterena kwa Australia fa gare ga 1939 le 1941, le Tona wa Lekgotla la Bagwebi ba Launceston le Lekgotla la Badiri fa gare ga 1939 le 1942.[9] Gape o ne a dira mo go ageng Ntlo ya bogologolo ya Palamente kwa Canberra.[6]
Morago ga Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, Campbell o ne a wetsa dikirii ya itsholelo a le dingwaga di le masome matlhano. O ne a dira le Lephata la Badiri le Tirelo setšhaba.[8]
Morati wa go tsamaya ka sekepe, o ne a nna moagi wa mokoro yo o nang le bokgoni, mme a gaisana mo mabelong a le supa a Sydney go ya kwa Hobart yacht.[8] Ka 1950, o ne a dikologa Tasmania mo sekepeng sa Kinktail.[6]
Campbell o ne a nyala gabedi - basadi ka bobedi ba ne ba bidiwa Kathleen - ebile o ne a nna le bana ba le borobabongwe,[6] wa bofelo a tsholwa fa a ne a le masome a marataro le borobabongwe.
O ne a tshela botshelo jo bo sa tlwaelesegang. Ke mo dikgweding tsa gagwe tsa bofelo fela tse a neng a tlhoka go dirisa setilo sa maotwana. Kwa bokhutlong, bolwetse jwa sehuba bo ne jwa dira gore go nne le boemo jo bo senyegelang pele, mme mogale wa ntwa wa dingwaga di le lekgolo le metso e meraro o ne a tlhokafala ka kagiso ka kgwedi ya Motsheganong a le lesome le boraro ka 2002. O fitlhilwe kwa Mabitleng a Cornelian Bay kwa Hobart.[7]
Mosadi wa gagwe wa bobedi, yo a mo tlogelang, o ne a ela tlhoko:
"Alec o fetogile dithoto tsa setšhaba, le fa ke sa tlhomamise gore a o a lemoga."[1]
O ne a tlogela bana ba bana ba le masome a mararo, dikokomane di le masome a mararo le bobedi (tse di akaretsang mmabontle/modiragatsi Ruby Rose) le bana ba dikokomane ba le babedi, go tloga ka 2000.[8] Go tloga ka 2022, o na le bana ba dikokomane ba le borobabongwe.
"Mogaka" wa Australia.
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2000, Campbell o ne a amogelwa jaaka nngwe ya "Bagaka ba Lefatshe la Australia". Leina le senepe sa gagwe di ne tsa tlotliwa jaaka karolo ya motseletsele wa ngwaga le ngwaga wa ditempe tsa poso tsa segopotso tse di ntshitsweng ke Australia Post fa e sale ka 1997. Ditempe tsa segopotso tsa segopotso tsa batho ba Australia ba ba tshelang "ba ba dirileng meneelo ya botshelo jotlhe mo go tlhabololeng boitshupo jwa bosetšhaba jwa Australia le semelo".[10] Campbell o ne a tshela go itumelela tlotlo eno ka botlalo.[11]
Setempe sa ga Campbell sa disente di le masome mane le botlhano sa Legend se bontsha setshwantsho sa lesole le fa e santse e le lekawana, se se tserweng pele ga fa aya kwa Gallipoli. Dinepe tsa semmuso tsa batho ba bangwe ba babedi ba Anzac ba feleletsa sete eno ya setempe. Mo godimo ga moo, setempe sa bone se bontsha seetsele sa naledi ya 1914–15 se se neng sa tlhagisiwa go botlhe ba ba neng ba lwa mo matsholong ka dingwaga tseo tsa ntwa.[12] Ditempe tse,di tlhamilwe ke Cathleen Cram wa Studio sa Moakanyetso wa Poso ya Australia, di gopola kgang ya ditiragalo le batho ba ba bopileng Australia ya segompieno.[13] Setempe sa ga Campbell se mo tlotla jaaka motho ka bongwe le jaaka moemedi wa masole otlhe a le 68 000 kwa Gallipoli yo ditiro tsa gagwe di neng tsa ama setshwantsho se se fetogang sa Australia.[14]
Mo go nngwe ya diponagalo tsa gagwe tsa bofelo tsa phatlalatsa, Campbell o ne a etelela pele Mogwanto wa Letsatsi la Anzac ka 2002 kwa Hobart. Fa a santse a ntse mo koloing ya gagwe pele ga mogwanto, o ne a lebega a itumelela go tshwarana ka diatla le bana ba bannye ba le bantsintsi ba ba neng ba tla go mo dumedisa.[1]
Tsalo ya ga Campbell ka 1899 e ne e le fela pele ga Kgweranoditšhaba ya Australia e nna teng.[1] Fa a tlhokafala, setšhaba se ne sa mo tlotla ka phitlho ya puso e e neng e tshegediwa ke Kgweranoditšhaba kwa Kerekeng ya Saint David ya Anglican kwa Hobart ka kgwedi ya Motsheganong a le masome mabedi le bone 2002.[6]
Mo bokaong jwa loso lwa ga Campbell, ka nako eo Tonakgolo ya Australia e bong John Howard o ne a lemoga gore Campbell e ne e le kgolagano ya bofelo e e tshelang le setlhopha seo sa batho ba Australia se se neng sa tlhoma tlhamane ya Anzac. Howard o ne a amogela gape gore Gallipoli e ne e le "kgang ya bopelokgale jo bogolo ka fa tlase ga molelo, kutlwano ya boikaelelo le go iketleeletsa go lwantsha mathata" le gore Campbell "e ne e le motho wa bofelo yo o itsegeng gongwe le gongwe mo lefatsheng yo o neng a direla mo letsholong leo le le utlwisang botlhoko ka tsela e e sa tlwaelesegang."[6] Campbell ga a ise a ke a tlhaloganye tlhokomelo e e tseneletseng ya setšhaba mo botshelong jwa gagwe jwa moragonyana le botshelo jwa gagwe jo boleele, mme o ne a sa itumela ka dinako tse dingwe gore o ne a akgolwa ke mapolotiki ba ba sa fetogeng ba ba neng ba itlhokomolosa tiro ya gagwe ya moragonyana ya makgotla a babereki. Morago ga loso lwa gagwe o ne a amogela ditumalano tse dintsi, go akaretsa le go tswa kwa Tasmania Retured and Services League (RSL) Tautona Rre Ian Kennett, o ne a re Rre Alec William Campbell e ne e le Mo-Australia yo mogolo le gore o ne a "tshela botshelo jo bo tletseng le jo bo itumedisang mme a baya maatla a gagwe, fa a boela kwa Hobart, a boela mo tirong ya gagwe le mo lelwapeng la gagwe".
Ka nako nngwe fa gare ga 1996 le 2002, jaaka fa maemo a bafalodi ba ga Anzac a ne a sesafala mme botsogo jwa ga Campbell bo ne jwa koafala, leina la gagwe le ne la tlhatloga. Go ya ka Rowan Cahill, a kwalela Mokgatlho wa Intaseteri ya Diterena le Dibese wa Australia, masole a a tlhomameng a bosetšhaba le a ntwa a ne a batla go fetola Campbell go nna mogaka jaaka "mongwe wa Ba-Anzac ba bofelo." Campbell o ne a ganana le go dira dikinane. O ne a lemoga gore ga go na sepe se se sa tlwaelesegang tota ka go nna wa bofelo; go na le moo, o ne a supa ntlha e e motlhofo ya gore e ne e le mongwe wa ba ba botlana kwa Gallipoli.[9] Moragonyana fela pele ga loso lwa gagwe, Campbell o ne a bolela gore "ka ntlha ya modimo, o se ka wa galaletsa Gallipoli - e ne e le ntlhagaraga e e boitshegang, ebile go botoka e lebetswe".[15]
Dimetale le ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]- 1914-15 Star[7]
- British War Medal[7]
- Victory Medal[7]
- 80th Anniversary Armistice Remembrance Medal (21 April 1999)[12][16]
- Australia Post Australian Legends Award (2000)[12]
- Centenary Medal (1 January 2002)[17]
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]- Roy Longmore, one of the last two surviving veterans of Gallipoli.[11]
- Walter Parker, one of the last three surviving veterans of Gallipoli.[11]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 Shaw, John, "Alec Campbell, Last Anzac at Gallipoli, Dies at 103", The New York Times, 20 May 2002
- ↑ "State Funeral for Alec Campbell" (PDF). Archived (PDF) from the original on 19 July 2012.
- ↑ "Ruby Rose scores shot at as VJ | NEWS.com.au Entertainment". 23 November 2007. Archived from the original on 23 November 2007. Retrieved 24 September 2021
- ↑ "Alec William Campbell; the last Anzac"
- ↑ "AFL Alec Campbell Cup". Scotch Oakburn College. Retrieved 11 October 2020.
- 1 2 3 4 5 6 7 "The Last ANZAC" Archived 26 May 2003 at the Wayback Machine, RSA Review (Royal New Zealand Returned and Services' Association), June 2002.
- 1 2 3 4 5 2731 Alexander William CAMPBELL, The AIF Project, www.aif.adfa.edu.au
- 1 2 3 4 Australia Post, "Australia Day: Australian Legends", Stamp Bulletin No. 254, p. 3, 2000
- 1 2 3 4 Cahill, Rowan, "Alec Campbell, the last Anzac, a unionist" Archived 11 October 2007 at the Wayback Machine, Workers On-line, (Australian Rail Tram and Bus Industry Union), 2000.
- ↑ Australia Post, "Racing Legends are first past the post" Archived 11 December 2007 at the Wayback Machine, 2007.
- 1 2 3 Goldstein, Richard, "Roy Longmore Dies; Australian 'Legend', 107", The New York Times, 2 July 2001
- 1 2 3 Australia Post, "Previous Australia Post Australian Legends" Archived 10 November 2007 at the Wayback Machine, 2005.
- ↑ Australia Post, "156 years collecting Australian graphic art", Priority, Issue 32, 2000. Also [1], February 2006.
- ↑ Australia Post, "Australian Legends – The Last Anzacs", Stamp Bulletin No. 254, 21 January 2000
- ↑ King, Jonathan (20 April 2013). "It's Anzac Day - not the Big Day Out". The Sydney Morning Herald. Retrieved 25 April 2015.
- ↑ 80th Anniversary Armistice Remembrance Medal, 21 April 1999, It's an Honour
- ↑ Centenary Medal, 1 January 2002, It's an Honour