Jump to content

Alex McGregor

Go tswa ko Wikipedia

Alex Piara McGregor (o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo ele supa(7) ka ngwga wa 1993) ke motshameki wa mo Afrika Borwa.[1] O simolotse tiro ya gagwe jaaka ngwana wa motshameki pele a itsege ka go tshameka jaaka Christine mo difiliming tsa Spud (2010 -  2014).[2] Tiro ya gagwe e akaretsa difilimi Impunity (2014) le Slumber Party Massacre (2021), BBC docudrama The Gamechangers (2015), le Syfy series Vagrant Queen (2020).[3]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

McGregor o goletse kwa Sea Point, Cape Town. O na le bokgaitsadie ba babedi ba bagolo e bong Tamara le Lauren, yo mongwe wa bone ke motshameki wa difilimi. McGregor o ne a rotloediwa go tshameka motshameko wa terama fa a ne a bona kgaitsadie a tshameka Rizzo mo go direng Grease mme a tsenela go tshameka terama ya gagwe.[4]Batswala ba gagwe ke bokgaitsadie ba ba tlhomang sekao Kerry le Tracy McGregor.[5]McGregor o saenetse le Storm Models le Artistes Personal Management. O ne a tlhagelela la ntlha mo sekirining mo papatsong fa a ne a le dingwaga di le 6,[6] mme a simolola go tlhagelela mo thelebišeneng a le dingwaga di le 11 mo go Charlie Jade.[7]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2024, McGregor o ne a beeletsana le molekane wa gagwe wa nako e telele Bjorn Steinbach.[8]

ngwaga setlhogo seabe Dintlha
2010 Spud Christine Comedy/Drama
2013 Spud 2: The Madness Continues Christine Comedy
House Party: Tonight's the Night Morgan Comedy
2014 Young Ones Sooz Action/Drama/Romance
Sophia Grace and Rosie's Royal Adventure Not Phyllis Bundt Direct-to-video
Impunity Echo Crime/Thriller
Spud 3: Learning to Fly Christine Comedy
2017 The Dark Tower Susan Delgado Additional scene
2018 The Sound Lia Short film/Horror
2021 Slumber Party Massacre Breanie Horror
2024 Invasive Jessica Horror
2024 Killer Body Count Tawny Comedy/Horror

Thelebishene

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dintlha
2005 Charlie Jade Young Gemma Dikarolo tse 3
2008 Crusoe Grace Dikarolo tse 2
2012 Infested! Lauren Girard Letoto la docuseries; Karolo: "Driven Insane"
2015 The Gamechangers Bridjet Filimi ya telebishene
2016 Of Kings and Prophets Sarah Karolo e e iponang gangwe le gape; Dikarolo 5
2016 Cape Town Yvonne Stoffberg Letoto le le khutshwane (miniseries); Dikarolo 3
2017 Blood Drive Karma Karolo e e iponang gangwe le gape; Dikarolo 4
2017 The Searchers Fable Brooks (Pilot)[9][10]
2020 Vagrant Queen Amae Rali (Main role)[11]
2022 Justice Served Karabo Friedman (Main role)
  1. ↑ Petzer, Brett (11 November 2013). "Top Ten South African actors about to make it big". The South African. Retrieved 14 January 2023
  2. ↑ Buck, Kirstin (20 June 2013). "Spud 2: Getting to know . . . Alex McGregor". You. Retrieved 11 January 2023
  3. ↑ (subscription required
  4. ↑ Atson, Laura (29 January 2014). "Q&A with rising star Alex McGregor". You. Retrieved 11 January 2023
  5. ↑ Visser, Gys (6 March 2017). "This SA actress just landed a MAJOR international TV role". You.
  6. ↑ Eliard, Jean-Paul (31 May 2020). "Alex McGregor: learning to fly". Citizen. Retrieved 24 September 2021
  7. ↑ "Alex McGregor - Vagrant Queen". Syfy. 20 March 2020. Retrieved 11 January 2023.
  8. ↑ Alex McGregor (24 September 2024). "After 11 years together, @bjornsteinbach still got nervous enough to propose with the ring box upside down… Just the two of us in the middle of Lake Como. What a dream!". Retrieved 3 April 2025 – via Instagram.
  9. ↑ Andreeva, Nellie (24 February 2017). "'Searchers': Alex McGregor Cast As Female Lead In Berlanti Prods. CW Pilot". Deadline.
  10. ↑ "Alex McGregor: Kaapse model met 'n blink toekoms". Rooi Rose (in Afrikaans). 7 March 2017. Retrieved 11 January 2023.
  11. ↑ Liszewski, Bridget (22 April 2020). "Vagrant Queen's Alex McGregor on what draws everyone to Amae". The TV Junkies. Archived from the original on 11 January 2023. Retrieved 11 January 2023.