Alexander McCall Smith
Sir Alexander "Sandy" McCall Smith CBE FRSE FRSL (o tshotswe ka 24 Phatwe 1948) ke moithuti wa molao wa kwa Scotland le mokwadi wa dibuka. O goletse kwa Borwa jwa Rhodesia (e jaanong e leng Zimbabwe) mme e ne e le Porofesa wa Molao wa Kalafi kwa Yunibesithing ya Edinburgh. O ne a nna mankge mo molaong wa tsa kalafi le wa boitsholo jwa dilo tsa tlholego mme a direla mo dikomiting tse di amanang le seno tsa Boritane le tsa boditšhabatšhaba. O sale a itsege jaaka mokwadi wa dibuka tsa ditlhamane, tse di rekisitsweng ka Seesimane di feta dimilione di le 40 ka 2010 le dithanolo ka dipuo di le 46.[1] O itsege jaaka mmopi wa The No. 1 Ladies' Detective Agency series.[1][2][ Leina la "McCall" le tswa mo go mmaagwemogolo Bethea McCall, yo o nyetseng James Smith kwa Glencairn, Dumfries-shire, ka 1833.[3]
Botshelo Jwa Pele
[fetola | Fetola Motswedi]Rodney Alexander Alasdair McCall Smith o belegwe ka 1948 kwa Bulawayo mo kolone ya Borithane ya Borwa jwa Rhodesia (e gompieno e leng Zimbabwe), ke batsadi ba kwa Borithane.[4] E ne e le ene morwa a le esi, a na le bokgaitsadie ba le bararo.[5] Rraagwe o ne a dira jaaka mosekisi wa setšhaba kwa Bulawayo.[6] McCall Smith o ne a rutwa kwa Christian Brothers College kwa Bulawayo pele a fudugela kwa Scotland a na le dingwaga di le 17 go ya go ithuta molao kwa Yunibesithing ya Edinburgh, kwa a boneng LLB[7] le dikirii ya PhD.[4][8][ O ne a ruta kwa Queen's University Belfast, mme fa a ntse a ruta koo o ne a tsenela kgaisano ya dibuka: e nngwe e le ya bana mme e nngwe e le ya bagolo. O ne a fenya mo setlhopheng sa bana.[6]
Rremogolo wa ga McCall Smith, e bong George Marshall McCall Smith, yo o tsholetsweng kwa Nairn, o ne a tlogela mosadi wa gagwe le bana ba le banè kwa Scotland mme a tshabela kwa New Zealand le mongwe wa balwetse ba gagwe ka 1914. Ba ne ba ya go nna kwa Rawene koo a neng a nna ngaka ya kalafi le moeteledipele wa morafe.[9][10][11]
Tiro Ya Gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]McCall Smith o ne a boela kwa borwa jwa Aforika ka 1981 go thusa go tlhama sekolo sa molao le go ruta molao kwa Yunibesithing ya Botswana.[12] Fa a le koo, o ne a kwala The Criminal Law of Botswana (1992).
E ne e le Moporofesa wa Molao wa Kalafi kwa Yunibesithing ya Edinburgh mme jaanong ke Moporofesa yo o Tlotlegang kwa Sekolong sa Molao sa yone. O tswelela go nna le seabe se sengwe le yunibesiti mabapi le James Tait Black Memorial Prize.
McCall Smith ke modulasetilo wa maloba wa Komiti ya Boitsholo ya British Medical Journal (go fitlha ka 2002), motlatsa modulasetilo wa maloba wa Khomišene ya Human Genetics ya United Kingdom, le leloko la maloba la Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Boitsholo ya UNESCO. Fa a sena go atlega jaaka mokwadi, o ne a tlogela ditiro tseno.
Motswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-Philby-1
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-Grice-2
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-3
- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-Buffalo2012-4
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-5
- 1 2 https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-Hunter_2009-6
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-UEdinburgh-7
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-Buffalo2012-4
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-9
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-10
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-11
- ↑ https://en.wikipedia.org/wiki/Alexander_McCall_Smith#cite_note-Buffalo2012-4