Alexandre Luba Ntambo

Alexandre Luba Ntambo ke mopolotiki wa kwa Democratic Republic of the Congo. O bereka e le mothusa tonakgolo mo ketelelong pele ya ga tautona Joseph Kabila.[1][2] O bereka gape e le tona wa tshireletso le dikgang tsa bagaka ba pele.[2] O nnile mo maemong ao ka Moranang a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2012.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O tshotswe ka Morule a le lesome le bone ngwaga wa 1947 kwa Manono (Katanga).[3] O rutetswe go bereka le dipilisi. O na le diploma ya pharmacy go tswa kwa Kinshasa University ka 1975, o bereketse Gecamines fa e sale ka 1981.[3]
O ne a thapiwa go nna tona wa tshireletso setshaba ka Moranang a le masome mabedi le borobabobedu ngwaga wa 2012.[4]
O supile fa a na le tshepho mo bokopanong jwa mafatshefatshe jwa kgaolo ya dinoka tse ditona.[5] Ka 2012, o ne a galaletsa Southern African Development Community (SADC) go bo e okeditse masole mo kgaolong ya botlhaba jwa DRC.[6]
O nyetse, ebile ke rraagwe bana ba le batlhano.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ CIA World Leaders, Democratic Republic of the Congo Archived May 6, 2009, at the Wayback Machine
- 1 2 "Embassy of the Democratic Republic of the Congo in Washington, D.C." Archived from the original on 2012-12-29. Retrieved 2025-10-31
- 1 2 3 "Défense nationale : Le ministre Luba présenté aux éléments des FARDC". 25 June 2012.
- ↑ Un bouc émissaire nommé Luba Ntambo, Le Congolais, September 19, 2012
- ↑ Launching of the activities of the Military Assessment Team in Goma, DRC Archived 2012-12-20 at archive.today, Goma, 26 September 2012
- ↑ Agence Ecofin, Selon le FMI, la RD Congo « est en train de décoller » Archived 2014-01-04 at the Wayback Machine, Economie Matin, October 28, 2012