Alfies Antique Market
Ponalo

Alfies Antique Market ke mmaraka o mogolo wa ka fa gare o o kwa Church Street kwa Lisson Grove, London. E na le bagwebi ba ba fetang masome a supa le botlhano ba ba rekang dilo tsa bogologolo; go akaretsa selefera, fanitšhara, dibenyane, ditshwantsho, letsopa, galase le diaparo tsa segologolo.
Histori
[fetola | Fetola Motswedi]Alfies e ne ya bulwa ke Bennie Gray ka 1976, e beilwe mo dikagong tsa Edwardian tsa lebenkele la bogologolo la Jordans department store. Go ne ga dirwa tiro ya go ntšhafatsa le go atolosa kago eno ka 1988. Gone jaanong dikago tseno di bogolo jwa disekweremetara di le 3.300 mme di na le matlhatlaganyane a le matlhano.