Jump to content

Algeria

Go tswa ko Wikipedia

Lefatshe la Algeria, [1]le le tlhomamisitsweng semmuso go nna People's Democratic Republic of Algeria, ke lefatshe le le kwa kgaolong ya Maghreb kwa Aforika Bokone. Ke lefatshe le dikologilwe ke Tunisia kwa bokonebotlhaba; Libya kwa botlhaba; Niger kwa borwabotlhaba; Mali, Mauritania le Western Sahara kwa borwabophirima; Morocco kwa bophirima; le Lewatle la Mediterranean kwa bokone.

Motsemogolo le toropo e kgolo go di feta tsotlhe ke Algiers, e e kwa bokone jo bo kgakala mo lotshitshing lwa Mediterranean.

E re ka Algeria e ne e nnile le batho ba le bantsi go tsweng bogologolo pele ga ditiragalo tsa ditso, e ne e le lefelo le mo go lone go neng go kopana ditso le ditso tse dintsi, go akaretsa tsa Bafonekia, tsa Ba-Numidia, tsa Baroma, tsa Ba-Vandal le tsa Bagerika ba kwa Byzantium. Seemo sa one sa segompieno se theilwe mo makgolokgolong a dingwaga a go fuduga ga Baarabia ba Bamoseleme go tloga ka lekgolo la bosupa la dingwaga le go dirwa ga baagi ba koo Baarabia. Morago ga go latelana ga dikgosi tsa Baislamo ba Maarabia le Ba-Berber magareng ga lekgolo la borobabobedi (8 )le la jwa lesome le botlhano (15) la dingwaga, Regency ya Algiers e ne ya tlhomiwa ka 1516 jaaka lefatshe le le ikemetseng le le neng le le kafa tlase ga Mmusomogolo wa Ottoman.

Morago ga dingwaga di ka nna makgolo a mararo e le mmusomogolo o mogolo kwa Mediterranean, lefatsl la Algeria le ne la tlhaselwa ke lefatshe la France ka ngwaga wa 1830 mme la kopanngwa ka semolao ka ngwaga wa 1848, le fa gontse jalo, le ne la seka la gapiwa gotlhelele le go rulaganngwa go fitlhela ka ngwaga wa 1903. Mmuso wa lefatshe la France o ne wa tlisa baagi ba Yuropa ba le bantsi ba ba neng ba fudusa baagi ba lefelo leo, ba ba neng ba fokotsega ka nngwetharong ka ntlha ya ntwa, malwetse le tlala. Polao ya kwa Sétif le kwa Guelma ka 1945 e ne ya dira gore go nne le kganetso ya selegae e e neng ya felela ka go runya ga Ntwa ya Algeria ka 1954.

Algeria e ne ya bona boipuso ka 1962. Lefatshe le ne la nna le ntwa ya selegae e e neng ya tsholola madi go tloga ka 1992 go ya go 2002.

Ka botona jwa 2,381,741 square kilometres (919,595 sq mi), Algeria ke lefatshe la bolesome (10) le letona thata go gaisa mo lefatsheng ka bogolo, ke lefatshe le le tona thata go gaisa mo Aforika.E na Seemo sa bosa ke se se omileng, mme sekaka sa Sahara se laola bontsi jwa lefatshe kwa ntle ga bokone jwa lone jo bo nonneng le jwa dithaba, koo bontsi jwa baagi ba teng. Ka palo ya baagi ba le diketekete di le masome a mane le bone (44), Algeria ke lefatshe la bo lesome (10) le le nang le batho ba bantsi thata mo Aforika, le ebileng e leng lefatshe la bo masome a marararo le boraro (33) le le nang le batho ba le bantsi thata mo lefatsheng. Dipuo tsa semmuso tsa Algeria ke Searabia le Se-Tamazight; Sefora se dirisiwa mo metsweding ya tshedimosetso, mo thutong le mo dilong dingwe tsa tsamaiso, mme ga se semmuso. Bontsi jwa baagi ba Algeria ba bua puo ya Searabia e e buiwang kwa Algeria. Bontsi jwa Ba-Algeria ke Baarabia, mme Ba-Berber ke bone ba le mmalwa thata. Boiselamo jwa Sunni ke bodumedi jwa semmuso mme bo dirisiwa ke ka dipalo di le 99 mo lekgolong la baagi.

  1. "Constitution of Algeria, Art. 11". El-mouradia.dz. language: France and Arabic (government language); people of Algeria speak Arabic and Berber. Archived from the original on 18 July 2012. Retrieved 17 January 2013.