Allyson Felix
Allyson Michelle Felix (Ngwanatsele a le lesome le boferabobedi ka 1985)[1] motabogi wa pele wa Amerika yo o neng a gaisana mo mabelong a sekgele sa 100 m, 200 m le la 400 m. O ne a itse thata lobelo la 200 m go tswa ka 2003 go fitlha ka 2013,mme a fudugela ko go la 400 ka bonya ka bonya moragonyana mo tirong ya gagwe.[2] Mo lebelong la 200, Felix ke mmampodi wa diolimpiki tsa 2012, mmampodi wa lefatshe gararo (2005 - 2009), mofenyi wa seetsele sa selefera gabedi (2004 le 2008), le mofenyi wa boronse wa lefatshe ka 2011. Mo 400 m, ke mmampodi wa lefatshe wa 2015,mofenyi wa selefera sa lefatshe ka 2011, mofenyi wa selefera kwa diolimpiking tsa 2016, mofenyi wa boronse wa lefatshe wa 2017, mofenyi wa boronse kwa diolimpiking tsa 2020. Mo mabelong a makhutshwane, Felix ke mmampodi wa lefatshe la Amerika (2004, 2005, 2007–2012, 2015 le 2016).
Felix o ne a nna le karolo ya botlhokwa mo ditlhopheng tsa mabelo a neelano a basadi ba Amerika, a fenya digauta tse thataro tsa Diolimpiki fa godimo: dietsele tse nne tse di latelelanang ka 4 × 400 metres (2008, 2012, 2016, le ka 2020) le tse pedi tsa 4 × 100 metres (2012 le 2016). Ditlhopha tsa 2012 le 2016 tsa Olimpiki tsa Amerika tsa 4 × 100 m di ne tsa tlhoma rekote ya lefatshe ya nako ya metsotswana e le 40.82 s le nako ya bobedi e e bonako ya 41.01s, ka go latelana. Ka digauta tseo tse thataro go tswa go mabelong a neelano le e nngwe go tswa mo go ene ka bongwe jwa gagwe, Felix o ne a nna motabogi wa ntlha wa mosadi go fenya di dietsele di le supa tsa gauta tsa diOlimpiki.[3] Gape ke ene mosadi yo o kgabisitsweng go gaisa mo mabelong a diolimpiki le mo ditsong le yo kgabisitsweng thata mo lefatsheng la Amerika mo ditsong tsa diOlimpiki, ka go gapa dietsele tsa palogotlhe ya lesome le motso go tswa mo dikgaisanong tsa diolimpiki tse tlhano ka go latelelana.[4] Felix ke motabogi yo o kgabisitsweng thata, mo banneng kgotsa mo basading, mo ditsong tsa World Athletic Championships ka dietsele tse masome mabedi tsa tiro, tse supa e le tsa gagwe ka nosi le tse lesome le boraro go tswa mo ditlhopheng tsa mabelo a neelano.[5] Dipalo tsa gagwe tsa diolimpiki le dikgaisano tsa lefatshe lotlhe ke dietsele tse masome mararo le motso , gape ke ene motabogi yo o kgabisitsweng go gaisa mo ditsong tsa mabelo, ka dietsele tse lesome go tswa mo dikgaisano ka nosi le tse lesome le boferabongwe go tswa go tswa mo mabelong a neelano. Felix e ne e le motabogi wa ntlha mo ditsong tsa mabelo go gapa dietsele mo mabelong a neelano ka go farologana, 4 × 100 m, 4 × 400 m, le sa mixed 4 × 400 m.
Gareng ga ditiro tse di itsegeng tsa ga Felix, nako ya gagwe e e ne e le ntle thata ya 21.69 mo lebelong la sekgele sa 200 m, e e neng ya tlhomiwa mo ditekong tsa 2012 tsa Olimpiki tsa Amerika, e ne ya nna nako ya boraro e e bonako e sianweng ke mosadi wa Amerika le ya borataro ka motabogi wa mo ditsong.[6][7] Gape o ne a taboga legato la metsotswana e le 47.72 mo setlhopheng sa Amerika sa basadi kwa dikgaisanong tsa 2015 Beijing World Championships sa lebelo la neelano la 4 × 400 m, a baya rekote kgaoganyo e e bonako go gaisa e e kileng ya tlhomiwa ke mosadi wa Moamerika, le kgaoganyo ya boraro e e gaisang e e kileng ya tlhomiwa ke motabogi wa mosadi.[8]
Felix, mmogo le Alysia Montaño le Kara Goucher, o supiwa ka go tsosa selelo sa setshaba ka ntlha ya go gana ga Nike go tlhomamisa tshireletso ya mouputso wa batabogi ba yone ba baimana, go epa kompone yeo ya diaparo tsa metshameko go atolosa melao ya lone ya boimana ka 2019.[9] Morago ga dingwaga di le pedi fa a sena go tswa kwa Nike, motabogi yo o ne a simolola kgwebo ya gagwe ya ditlhako, Saysh, ka Seetebosigo wa 2021.[10]
O ne a balelwa mo Time magazine's 100 Most Influential People ya batho ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo ka 2020 le 2021.[11][12] Ka 2022, Felix o ne a amogela lekwalo le le tlotlegang la digarata tsa Doctor of Humane Letters go tswa sekolong se a alogileng kwa go sone sa USC gape le o ne a nna sebui sa tshimologo sa moletlo wa go aloga ga ngwaga oo.[13] Ka Phukwi wa 2024, Felix o ne a bewa mo maemong a masome marataro le boraromo lenaaneng la ESPN la batabogi ba le lekgolo ba ba gaisang mo dingwageng tsa 21st century.[14]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Athlete Bio: Allyson Felix". USA Track & Field. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Allyson Felix". Team USA. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Allyson Felix by the numbers". Olympics. Archived from the original on August 14, 2021. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Felix most decorated in U.S. track with relay gold". ESPN.com. August 7, 2021. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Phyllis Francis Shocks Shaunae Miller-Uibo, Allyson Felix in World 400 Win". FloTrack. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Belson, Ken; Pilon, Mary (July 2012). "Felix's 200-Meter Win May Help Settle the 100". The New York Times. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "200 meters (Women) - All Time". World Athletics. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Larsson, Peter. "All-time Women's 4x400m relay". Track and Field All-time Performances. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Chavez, Chris (August 16, 2019). "Nike Removes Contract Reductions for Pregnant Athletes After Backlash". Sports Illustrated. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Gregory, Sean. "Exclusive: Allyson Felix Launches Her Own Shoe Company Two Years After Breaking Up With Nike". Time. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Turlington Burns, Christy. "Allyson Felix: The 100 Most Influential People of 2020". Time. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Kwan, Michelle. "Allyson Felix: The 100 Most Influential People of 2021". Time. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "2022 Honorary Degree Recipients". USC Commencement. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "ESPN's top 100 professional athletes of the 21st century: Unveiling 1-25". July 18, 2024. Retrieved 23 February 2025.