Jump to content

Amadou Dia Ba

Go tswa ko Wikipedia

El Hadj Amadou Dia Bâ OLY[1] (o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi ka ngwaga wa 1958) ke moatlelete wa Senegal yo o rotseng tiro yo o neng a gaisana mo mabelong a dikgoreletsi tsa dimitara di le 400. O ne a gapa mmentlele wa selefera wa Diolimpiki tsa 1988 mo tiragalong eno ka nako e e molemolemo ya metsotswana e le 47,23. E ne e le mmentlele wa ntlha, mme e le one fela (ka 2024) wa Diolimpiki wa Senegal. O ne a gaisana mo Diolimpiking tsa Selemo di le tharo ka go latelana mo nageng ya gaabo, go simolola ka ngwaga wa 1984.

Diphitlhelelo

[fetola | Fetola Motswedi]
Year Competition Venue Position Event Notes
Representing  Senegal
1978 All-Africa Games Algiers, Algeria 3rd High Jump 2.08
1982 African Championships Cairo, Egypt 1st 400 m 45.80s
1st 400 m hurdles 49.55s
1983 World Student Games Edmonton, Canada 2nd 400 m hurdles
World Championships Helsinki, Finland 7th 400 m hurdles 49.61
1984 African Championships Rabat, Morocco 1st 4X400 m 3.04.80s
1st 400 m hurdles 49.30s
Olympic Games Los Angeles, USA 5th 400 m hurdles 49.28
1985 African Championships Cairo, Egypt 1st 400 m hurdles 48.29 CR
1987 400 m hurdles Rome, Italy 5th 400 m hurdles 48.37
All-Africa Games Nairobi, Kenya 1st 400 m hurdles 48.03 CR
1988 Olympic Games Seoul, South Korea 2nd 400 m hurdles 47.23 NR
African Championships Annaba, Algeria 1st 400 m hurdles 48.81
1989 Jeux de la Francophonie Casablanca, Morocco 1st 400 m hurdles 49.47 CR

Go tloga ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le masome a mabedi ka ngwaga wa 2024, Dia Ba o na le direkoto di le tlhano tsa dikgoreletsi tsa dimitara di le 400 tse di beilweng mo pakeng ya Phatwe ka ngwaga wa 1985 go fitlha ka Lwetse ngwaga wa 1989. Tseno di akaretsa direkoto tsa Manresa (48.69) le Nairobi (48.03).

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. WOA Leadership". World Olympians Association. Retrieved August 16, 2021