Jump to content

Amanda Blanc

Go tswa ko Wikipedia

Dame Amanda Jayne Blanc DBE (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le boferabobedi (8) ka ngwaga wa 1967)[1]ke mosadi wa kgwebo wa Wales, yo e ntseng e le mokhuduthamaga wa setlhopha sa Aviva fa e sale ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2020.[2]

Blanc e ne e le Mokhuduthamaga wa EMEA le Banka ya Lefatshe Lotlhe kwa Setlhopheng sa Inšorense sa Zurich le mokhuduthamaga wa setlhopha sa Axa UK, PPP le Ireland kwa Axa. E ne e le mosadi wa ntlha go nna modulasetulo wa Mokgatlho wa Bainšorense ba Boritane mme ke poresidente wa nako e e fetileng wa Setheo sa Inšorense se se Kwadisitsweng. O nnile le ditiro di le mmalwa tse e seng tsa bokhuduthamaga, go akaretsa le modulasetulo wa Boto ya Rakabi ya Porofešenale ya Wales.[3][4]

Botshelo jwa bogologolo

[fetola | Fetola Motswedi]

Blanc o tsholetswe le go godisediwa kwa Treherbert, kwa Rhondda, kwa Wales. O tsene sekolo se se akaretsang sa Treorchy. Borraagwemogolo ka bobedi e ne e le badiri ba meepo.[4] O ithutile Hisitori ya Segompieno kwa Yunibesithing ya Liverpool mme moragonyana a aloga kwa Yunibesithing ya Leeds ka MBA, le Moinšorense yo o Kwadisitsweng (ACII).[5][6]

Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a sena go aloga, o ne a bona tiro ya go aloga le Commercial Union (e moragonyana e neng ya nna karolo ya Aviva) kwa Luton. Blanc o ne a tswelela go nna mokwadisi wa dikepe le dikgobalo, morago ga moo a nna motsamaisi wa tlhabololo ya lefelo le mosadi yo mmotlana le wa ntlha go dira jaaka motsamaisi wa lekala la Commercial Union. [7]O ne a tlogela Commercial Union ka ngwaga wa 1999 go ya kwa EY mme ka bonako morago ga moo a tsenela Axa lekgetlo la ntlha jaaka Mokaedi wa Kgaolo.[7]Ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2003, o ne a nna leloko la Groupama, mo tirong e e sa tswang go tlhamiwa ya go nna mokaedi wa ditirelo tsa kabo le bareki.[7]Ka ngwaga wa 2006, o ne a fudugela kwa Towergate Insurance, kwa a neng a na le maikarabelo a lephata la go rekisa, mme ka ngwaga wa 2010 o ne a tlhatlhosiwa go nna motlatsamokhuduthamaga.[8]

Blanc o ne a tsenela Axa ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2011 go etelela pele karolo ya kgwebo, ka nako e go neng go na le magatwe a a reng kgwebo ya UK e ne e tla rekisiwa ke khamphani ya yone ya motsadi ya Fora. Kgwebo e ne ya falola mme moragonyana ya tshwarwa ke Axa Group jaaka sekai se se gaisang sa tiro.[9]Ka nako eno, Blanc o ne a amogela awate ya 'Mokhuduthamaga wa Ngwaga' wa Inshorense Times gabedi mo dingwageng di le tharo (ngwaga wa 2013 le ngwaga wa 2015). [10]Ka ngwaga wa 2015 o ne a newa maikarabelo a karolo yotlhe ya Inšorense ya Kakaretso ya Axa kwa UK le Ireland mme morago ga ngwaga a nna mokhuduthamaga wa setlhopha sa AXA UK, PPP & Ireland.[11]

Blanc o ne a itsisiwe jaaka mokhuduthamaga wa Yuropa, Botlhabagare le Aforika kwa Zurich ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2018.[12]Morago ga ngwaga o ne a rotse tiro. [13]Blanc ga a ka a tshwaela ka mabaka a gore ke ka ntlha yang mme "dikgotlhang tsa botho" magareng ga gagwe le mokhuduthamaga wa setlhopha Mario Greco di ne tsa nopolwa ke metswedi. [14][15] [16]O ne a tshwanelwa ke go fologa tiro ya go nna modulasetulo wa ABI ka gonne porothokholo e laela gore ke fela mokhuduthamaga wa inšorense yo o ntseng yo o ka tshwarang tiro eo.[17]

Fa a sena go tswa kwa Zurich, Blanc o ne a simolola go dira ditiro di le supa tse e seng tsa bokhuduthamaga: dikhamphani tse tharo tse di simololang tsa thekenoloji ya inšorense – Laka, [18]Trov [19]le RightIndem,[20]OSG,[21] Aviva PLC,[9] Modulasetulo wa moitseanape wa inšorense ya dikoloi ya Lloyd’s ya London, Boir ya inšorense ya dikoloi ya ERS, maemo a boithaopo.[22]

Blanc e ne e le mosadi wa ntlha go nna modulasetulo wa ABI, [23] mme pele e ne e le modulasetulo wa komiti ya Inšorense ya Kakaretso ya ABI. E ne e le mosadi wa ntlha go nna modulasetulo wa Biro ya Tsietso ya Inšorense mme o ne a direla jaaka mopresidente wa Setheo sa Inšorense se se Kwadisitsweng.[4] Ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2020 Blanc o ne a kopiwa ke Puso go etelela pele tshekatsheko ya merwalela ya ngwaga wa 2019.[26] Pegelo e gatisitswe ka kgwedi ya Ngwanaitseele ngwaga wa 2020.[24]

Diphetlelelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Blanc o ne a bidiwa Mosadi wa Phitlhelelo ka ngwaga wa 2008 ke Basadi mo Toropong. [25][26]Awate eno e akgola basadi ba maemo a a kwa godimo ba ba rotloetsang le go rotloetsa kgatelopele ya basadi ka matlhagatlhaga go feta le go feta tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi.

Blanc o ne a tlhagisiwa gape le mo Yahoo! Lenaane la ngwaga wa 2019 la Bakhuduthamaga ba Basadi ba ba Tlhokang Sekao sa HERoes la Finance [27] [28]ka ntlha ya maiteko a gagwe a go rotloetsa tekatekano ya bong mo tirong, le mo lenaaneng la Forbes la ngwaga wa 2021 le ka ngwaga wa 2023 la Power Women,[29] le le bontshang tlhotlheletso e ntsi ya basadi mo lefatsheng.

Ka ngwaga 2022, o ne a bidiwa Motho wa Inšorense wa Ngwaga kwa Dikabong tsa Inšorense tsa Borithane mme o ne a amogelwa jaaka mongwe wa Basadi ba le 100 ba ba Nang le Tlhotlheletso Thata mo go tsa Ditšhelete ke Financial News. [30]Gape o umakilwe mo basading ba le 25 ba ba nang le tlhotlheletso thata ba 2022 ba Financial Times. Sunday Times e tlhophile Amanda jaaka motho wa bone wa kgwebo wa kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2023.[31]

Blanc o ne a le mo maemong a bo 33 mo lenaaneng la Fortune la Basadi ba ba Maatla go gaisa ka ngwaga wa 2023.[32]

O ne a tlhomiwa go nna Molaodi wa Dame wa Taolo ya Mmusomogolo wa Borithane (DBE) mo Ditlotla tsa Ngwaga o Mošwa wa 2024 ka ntlha ya ditirelo tsa gagwe mo kgwebong, tekatekano ya bong le nete-zero.[33]

Botshelo jwa motho ka namana

[fetola | Fetola Motswedi]

Blanc o nyetse o na le barwadi ba babedi.[8] Ke motshameki wa piano yo o nang le bokgoni mme fa a gola keletso ya gagwe e ne e le go nna seopedi sa seporofešenale.[4]

Blanc e ne e le moeng mo motseletseleng o o sa bolong go nna teng wa BBC Radio 4 wa Desert Island Discs, o o neng o tshwerwe ke Lauren Laverne ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa 2023. Gape o emela Aviva jaaka molekane yo o eteletseng pele wa togamaano wa WWF mo lephateng la inšorense le diphenšene kwa UK le kwa Canada.[34]

  1. Treanor, Jill (20 December 2020). "Interview: Amanda Blanc, Aviva's rugby-loving boss". The Sunday Times. Archived from the original on 29 July 2024
  2. Ralph, Oliver (6 July 2020). "Aviva appoints Amanda Blanc as chief". Financial Times. FT.com. Retrieved 9 July 2020
  3. Thomas, Simon (20 December 2019). "The woman just handed one of the biggest jobs in Welsh rugby". walesonline. Retrieved 30 June 2020.
  4. 1 2 3 4 "A View from the Top with insurance boss Amanda Blanc". The Independent. Archived from the original on 1 February 2019.
  5. Lynch, Interviews by Andrew. "How we made it (thanks to an MBA): Amanda Blanc of AXA UK, John McFarlane of Barclays and Linda Jackson of Citroën". The Times. ISSN 0140-0460. Retrieved 12 September 2022.
  6. "Alumna featured in Sunday Times article". business.leeds.ac.uk. 19 September 2017. Retrieved 12 September 2022.
  7. 1 2 3 "Starting with a clean slate". Insurance Age. 1 July 2004. Retrieved 30 June 2020.
  8. 1 2 Stobbart, George (14 December 2009). "Towergate appoints Amanda Blanc as Deputy Group CEO". News Insurances. Retrieved 30 June 2020
  9. 1 2 "Amanda Blanc lands Aviva role". Insurance Times. 3 December 2019. Retrieved 30 June 2020.
  10. Newsdesk (16 July 2014). "Amanda Blanc on being the Insurer CEO's CEO of the Year". Insurance Times. Retrieved 30 June 2020.
  11. "AXA". January 2025
  12. "Amanda Blanc a "big loss to Axa and unbelievable gain for Zurich"". Insurance Age. 5 April 2018. Retrieved 30 June 2020
  13. "Amanda Blanc resigns as CEO EMEA of Zurich". www.zurich.com. Retrieved 30 June 2020.
  14. "Briefing: So why DID Amanda Blanc leave Zurich?". Insurance Times. 5 July 2019. Retrieved 30 June 2020
  15. Gangcuangco, Terry. "Zurich's Amanda Blanc in shock resignation". www.insurancebusinessmag.com. Retrieved 30 June 2020.
  16. "'Personality clash' behind departure of top female Zurich executive". Financial Times. 7 July 2019. Retrieved 12 September 2022.
  17. "Kicking Off 2020 with a Bang: Laka Welcomes Amanda Blanc to Board of Directors". Laka – Read the Latest Stories About Cycling & Insurance. 7 January 2020. Retrieved 30 June 2020.
  18. "Kicking Off 2020 with a Bang: Laka Welcomes Amanda Blanc to Board of Directors". Laka – Read the Latest Stories About Cycling & Insurance. 7 January 2020. Retrieved 30 June 2020.
  19. "Blog". Trōv Insurance Solutions. Retrieved 30 June 2020
  20. "RightIndem appoints Amanda Blanc as Chair of Board of Directors". symvan-capital-1709. 8 January 2020. Retrieved 30 June 2020
  21. GmbH, finanzen net. "OSG Announces Executive Leadership and Board Member Transitions". markets.businessinsider.com. Retrieved 30 June 2020
  22. O'Dwyer, Michael (7 July 2020). "Blanc Slate: New Aviva Chief Enters the Battle to Keep Insurer Relevant". Daily Telegraph – via EBSCOhost
  23. "Amanda Blanc, CEO Europe, Middle East & Africa and Global Banking, Zurich and ABI Chair ABI". www.abi.org.uk. Retrieved 30 June 2020
  24. "South Yorkshire flood review calls for better insurance support". BBC News. 5 November 2020. Retrieved 5 November 2020.bbc.co.uk/news/uk-england-south-yorkshire-54811585
  25. "Women in the City - Woman of Achievement Award". Retrieved 17 August 2022
  26. WalesOnline (4 December 2008). "Treherbert-born Amanda Blanc wins the 2008 Woman of Achievement award". WalesOnline. Retrieved 17 August 2022.
  27. "2019 Top 100 Women Executives – INvolve Heroes". Retrieved 17 August 2022.
  28. "The HERoes Top 100 Role Model Women Executives 2019". uk.finance.yahoo.com. 11 September 2019. Retrieved 17 August 2022
  29. "The FT's 25 most influential women of 2022". Financial Times. 1 December 2022. Retrieved 1 December 2022
  30. "Zurich, Amanda Blanc and Vicky Carter among big winners at the 2022 British Insurance Awards". Insurance Post. 6 July 2022. Retrieved 1 December 2022
  31. Treanor, Jill (21 June 2024). "Aviva boss Amanda Blanc is The Sunday Times business person of the year". The Times. Retrieved 21 June 2024
  32. "Most Powerful Women". Fortune
  33. "No. 64269". The London Gazette (Supplement). 30 December 2023. p. N9
  34. "Aviva chief Amanda Blanc to sit alongside Sir David Attenborough as ambassador for WWF". CityAM. 30 March 2022. Retrieved 15 July 2024