Amanda Dudamel
Amanda Dudamel Newman ke mmampodi wa kgaisano ya bontle wa kwa Venezuela yo o neng a rweswa serwalo sa Miss Venezuela 2021, a emela Kgaolo ya Andina. Gape o ne a emela Venezuela kwa Miss Universe 2022 mme e ne ya nna ene wa bobedi. [1][2]
Botshelo le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Amanda Dudamel o tsholetswe kwa Mérida, Mérida kwa Venezuela. Kwa ntle ga go godisiwa kwa Mérida le Yaracuy, Dudamel o feditse bongwana jwa gagwe kwa dinageng tse di farologaneng jaaka Canada, Colombia, Chile le Afrika Borwa, kwa a ithutileng go bua Seesimane teng. Ke morwadia Rafael Dudamel, motshameki wa pele wa kgwele ya dinao wa kwa Venezuela go tswa kwa San Felipe, Yaracuy, le Nahir Newman Torres, moagi wa kwa Venezuela le morekisi wa thoto go tswa kwa Mérida, Mérida.
Dudamel o ne a ithuta go dira difeshene kwa Roma, Italy, kwa a neng a nna dingwaga di le mmalwa gone mme a ithuta go bua Se-Italy sentle. [3]Ke mong le motsamaisi wa letshwao la gagwe la diaparo "By Amanda Dudamel" le mothei-mmogo wa letshwao "Reborn the Brand", le motsamaisi wa porojeke ya thotloetso ya loago "Emprendiendo e Impactando".
Ka di kgwedi ya Ngwanatsele ale lesome le boferabobedi (18) ka ngwaga wa 2021, Dudamel o ne a tshwara pontsho ya gagwe ya ntlha jaaka motlhami wa feshene kwa Venezuela ka letshwao la gagwe la diaparo Reborn the Brand. [4]
Ke creative director wa Made in Petare, e leng letshwao la dilwana tse di diretsweng go tshegetsa setheo sa Un Par Por Un Sueño ka madi. Mmogo le bone, ka go tlhama le go rekisa dikuno, ba thusa mo tirong ya motheo o mo go one bana ba ba fetang 1000 ba fepiwang letsatsi le letsatsi mo diphaposing tse di farologaneng tsa bojelo kwa Petare, Venezuela, e leng kgaolo e kgolo go di feta tsotlhe kwa Latin America. Gape ba akaretsa bomme jaaka karolo ya thulaganyo, ba ba neela katiso le ditšhono tsa tiro go thusa go tshegetsa malapa le bana ba bona. [5]
Ka kgwedi ya Ferekgong ka ngwaga wa 2022, o ne a nna le seabe mo papatsong ya letshwao la tlhokomelo ya moriri Drene.[6]
Ka kgwedi ya Motsheganong ale masome a mabedi le bone (24) ka ngwaga wa, 2022, kwa pontshong ya motlhami wa feshene wa Venezuela Giovanni Scutaro, o ne a dira dikao tsa kgobokanyo ya selemo ya selemo, e e nang le setlhogo sa Canto a Caracas (Ke opelela Caracas).[7]
Dudamel o simolotse sethala sa dijithale, [when?] o bidiwa "Lentswe go kgabaganya Legodimo" mme o ne a botsolotsa bakgethi ba le mmalwa ba Miss Universe, go akaretsa: Argentina, Brazil, South Korea, Curaçao, Colombia, Spain, Philippines, Ghana, Panama, Kosovo, Mexico, Honduras, India, Indonesia, Italy, Paraguay, Portugal, Ukraine, le Uruguay.
Tsa MaBontle
[fetola | Fetola Motswedi]Mohumagadi Venezuela 2021
Dudamel o ne a fenya Miss Venezuela 2021 ka kgwedi ya Phalane ale masome a mabedi le boferabobedi(28) ka ngwaga wa 2021. [8]
Ka nako ya fa e ne e le Mohumagadi wa Venezuela, o ne a dira porojeke ya loago, e e bidiwang Dale play al éxito (go tshameka katlego). Eno ke porokerama ya katiso e mo go yone a neng a bereka le banna le basadi mo lephateng la temothuo, kwa Petare, Miranda, Venezuela.[9]
Mohumagadi wa Lobopo wa 2022
Dudamel o ne a emela Venezuela kwa Miss Universe 2022 mme e ne ya nna ene wa bobedi. Eno ke maemo a a kwa godimo a a fitlheletsweng ke Venezuela fa e sa le Gabriela Isler a fenya ka ngwaga wa 2013..[9] O ne a nna motshameki wa bone a latelana go tswa kwa Latin America go fetsa jaaka motshameki wa ntlha morago ga Madison Anderson, Puerto Rico, kwa Miss Universe 2019, Julia Gama, Brazil kwa Miss Universe 2020, le Nadia Ferreira, Paraguay kwa Miss Universe 2021.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Amanda Dudamel es Miss Venezuela 2021". El Nacional. 29 October 2021
- ↑ "Amanda Dudamel, coronada nueva Miss Venezuela". www.elnuevoherald.com. El Nuevo Herald. 28 October 2021. Archived from the original on 9 July 2022. Retrieved 29 October 2021
- ↑ "BIOGRAFÍA- Conozca más de cerca a Miss Venezuela 2021, Amanda Dudamel / BIOGRAPHY- Get a closer look at Miss Venezuela 2021, Amanda Dudamel". gossipvzla. 29 October 2021 [October 29, 2021]. Archived from the original on 23 November 2021.
- ↑ "GRACIAS infinitas!!! Official Instagram of Amanda Dudamel: amandadudamel". Official Instagram of Amanda Dudamel: amandadudamel. 19 November 2021.
- ↑ "AMANDA DUDAMEL Miss Región Andina". MissVenezuela.com. Archived from the original on 3 October 2021
- ↑ [permanent dead link
- ↑ "Atrevernos tiene poder si lo que tiene !". Official Instagram of Amanda Dudamel, May 25, 2022
- ↑ "Amanda Dudamel: Región Andina se coronó Miss Venezuela 2021". Venezuela. eldiario.com. 28 October 2021. Retrieved 29 October 2021
- 1 2 Hernández, Sofia (2022) [June 12, 2022]. "Amanda Dudamel inició en Petare su proyecto "Dale play al éxito" /Amanda Dudamel started her project "Dale play al éxito" in Petare". Ultimas noticias (in Spanish). Últimas noticias.