Amandla Stenberg
Amandla Stenberg | |
|---|---|
Stenberg kwa San Diego Comic Con ka 2018 | |
| Tsalo | Phalane a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1998 |
| Ke mo | United States of America Denmark |
| Tiro | Modiragatsi |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2011 go tsena gompieno |
Amandla Stenberg (o o tshotsweng ka Phalane a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1988) ke modiragatsi wa kwa America. O simolotse tiro e le modiragatsi wa ngwana a amogela tlotla ka go tshameka Rue mo filiming ya The Hunger Games (ka 2012). Fa a ntse a gola, o ne a tlhagelela mo setshwantshong sa motseletsele sa Sleepy Hollow (go tswa ka 2013 go tsena 2014) le filimi ya marato ya Everything, Everything (ka 2017). O ne a amogela kgalaletso ka tiragatso ya gagwe e le monana a itemogela go thuntshiwa ga sepodise mo filiming ya The Hate U Give (ka 2018). O ne a nna modiragatsi mogolo mo setshwantshong se se tshegisang gape se boifisa sa Bodies Bodies Bodies (ka 2022), le se sengwe se se boifisang sa My Animal sa batho ba ba ratanang ka bong, le sethswantsho motseletsele sa Star Wars:The Acolyte ka 2024.
Kwa ntle ga go diragatsa, Stenberg o ne a simolola go opela ka 2015, a diragatsa e le bontlha jwa bobedi jo bo neng bo opela mmino wa rock ba ba neng ba ipitsa Honeywater, a opela pina ya "Let my baby stay" mo filiming ya Everything Everything. O itsege gape ka go lweladitshwanelo tsa banana ba ba ratanang ka bong, o ne a akareditswe mo lenaaneng la Time la banana ba ba nang le thotloetso ka 2015 go tsena 2016.
Botshelo jwa gagwe a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Amandla Stenberg, o o tsholetsweng kwa Los Angeles, California, ke morwadie Karen Brailsford, mogakolodi gape e le mokwadi wa lotso lwa African-American le Tom Stenberg, wa lotso lwa Danish.[1][2][3][4] Stenberg o na le bomogolowe ba le babedi mo lotlhakoreng lwa ga rraagwe.[5][6] O na le ditso tsa Greenlandic ka rragwemogolo, Ena Stenberg, o o tsholetsweng kwa Greenland a fudugela kwa Denmark ka nako molao wa bokolone wa Greenland. O ne a bereka mo seromamoweng gape e le seopedi kwa Denmark o o opetseng le setlhopha sa Mik se se neng se opela kwa ditshupong tsa mafatshefatshe kwa New York ka 1964. Ena Stenberg o ne a amana le batho ba kwa Greenland ba bokolone ba lotso lwa Danish pele ga a fudugela Denmark.[7][8]
Leina la ga Stenberg la ntlha le raya "maatla"" kgotsa "nonofo" mo ditemeng tsa Aforika Borwa tsa seXhosa le seZulu.[9] Fa a le dingwaga di le nne, Stenberg o ne a simolola go nna mmabontle wa Disney.[10] O tlhageletse mo dithekisong tsa barekiba tshwana le Boeing le Kmart.[11][12]
Ka 2016, Stenberg o ne a itsise ka maranyane a Instagram fa a tlaa ithutela go dira difilimi kwa New York University Tisch School of the Arts.[13] O ne a tsaya tshwetso ya gore a seka a tsena sekolo, ka o ne a iphitlhela a na le ditiro, ka jalo a itlhophela tiro ya go diragatsa.
Tsa Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]2011 go tsena 2017: tiro ya a santse a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2011, o ne a tlhagelela mo filiming ya gagwe ya ntlha ya Colombiana, e le motshameki o Zoe Saldana a neng a mo tshameka a sale mmotlana. Katlego ya gagwe e tsile a le dingwaga di le lesome le bone, fa a tshameka Rue mo filiming ya 2012 ya The Hunger Games. Filimi e e ne e le katlego ya maemo a ntlha gape e na le madi, ka jalo go diragatsa ga ga Stenberg go ne ga galalediwa. O amogetse dietsele di le dintsi le ditlhopho, di akaretsa tlhopho ya Black Reel. Ka 2013, o ne a tshameka morwadie Robin Thicke le Paula Patton, mo setshwantsho khutsweng sa Mercy; Thicke o ne a okametse filimi eo. Stenberg o ne a tlhagelela gangwe le gape mo legatong la ntlha la motselestele wa Sleepy hollow go tswa ka 2013 go tsena 2014.
Ka 2013, Stenberg o ne a simolola go thsameka seletso sa violin gape a opela le seopedi Zander Hawley kwa mafelong a a farologaneng kwa Los Angeles. Ka 2014, Stenberg e ne e le lenstwe la ga Bia mo filiming ya dipopae ya Rio 2, e e neng ya rekisa sentle thata. O tshamekile motshameki o o tlhagelellang thata ebong Halle Foster mo setshwantshong sa motseletsele sa Mr. Robinson, se se neng se supiwa ka 2015.
Ka 2016, Stenberg o ne a tlhagelela mo setshwantsho sa pina ya ga Beyonce ya Lemonade, a fenya seetsele sa BET YoungStars. Ngwaga one oo, o ne a simolola go bereka a le mo tlhokomelong ya The Society. Ka 2016, Stenberg o ne a kile a ya go iteka go tshameka Shuri mo filiming ya Black Panther, mme le fa go ntse jalo, o ne a tswa a ise a fetse ka a ne a dumela gore ga a tshwanela go tshameka bontlha joo. O ne a bolelela Variety Magazine ka 2018 gorse: "go ne go kgatlhisa thata go bona e dirwa ke batho ba ba neng ba tshwanetse go nnabontlha jwa yone, ba ba tshwanetseng ebile ba e siametse. Nna e ne e sa nstwhanela." Letitia Wright o ne a tshameka bontlha joo.
Ka 2017, o ne a tshameka mo setshwantshong sa mararto sa Evrything Everything, se okametswe ke Stella Meghie, a tshameka le Nick Robinson. O ne a amogela kgalaletso ka tiragatso ya gagwe, a amogela tlhopho ya seetsele sa Teen Choice.
2018 go tsena gompieno :
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2018, o ne a tshameka moanelwa mogolo Starr Carter mo motshamekong wa The Hate U Give, o o tswang mo bukeng ya leina le le tshwanang, e e buang ka letsholo la matshelo a batho bantsho. Motshameko o o ne a amogelwa ka diatla tsoo pedi, Stenberg le ene a akgolelwa motshameko oo. Peter Travers wa Rolling Stone o ne a kwala are: "Ga go kgonagale go ka galaletsa go diragatsa ga ga Stenberg, ke setsuatsue se se golang ka maatla le maikutlo mo sethswantshong sengwe le sengwe." Mookamedi wa motshameko, George Tillman Jr. o ne a re "o na le bokgoni jwa go go dira gore o ikutlwe ekare o bona se se diragalang ka boammaruri, seo se tswa mo go nneng le maikaelelo mo go seo se dirang, selo se se sa tlwaelesegang mo dingwageng dipe fela." O ne a iponela dietsele le ditlotla tse di farologaneng tsa motshameko o, di akaretsa go fenya seetsele sa African American Films Critics Association, seetsele sa NAACP, le go tlhophelwa dietsele tsa Critics Choice le sa Washington DC Area Film Critics Association. Ka 2018 a ya fifing, Stenberg o ne a nna moanelwa mogolo mo motshamekong wa ga Amma Asante wa ntwa ya bobedi ya mafatshe o o bidiwang Where hands Touch.
Ka 2019, Stenberg o ne a tshameka Elizabeth Eckford, mosetsana wa dingwaga tse di lesome le botlhano o ka ngwaga wa 1957 a neng a le mo setlhopheng sa baithuti ba robabongwe ba ba neng ba kganetswe go tsena sekolo kwa Little Rock se se neng se seegetse ditso tse dingwe kwa ntle, ka sekhutlwana sa motshameko wa Drunk History ka 2019. Ka Motsheganong ngwaga wa 2019, o ne a nna bontlha jwa batshameki ba motshameko wa metseletsele o o supiwang mo maranyaneng a Netflix wa The eddy, o o ntshitsweng ka Motsheganong a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2020. Kgwedi yone eo, o ne a baya monwana go nna moanelwa mogolo mo mothsamekong wa poeletso wa 1996 wa Fear.
Ka Phatwe 2020, o ne a tshameka e le Alana Beck mo motshamekong wa mo seraleng sa Broadway wa Dear Evan Hansen. O ne a bereka mmogo le barulaganyi ba motshameko Pasek and Paul mo The Anonymous ones, pina e ntsha e e kwaletsweng moanelwa oo, o maikarabelo a gagwe a neng a atolosiwa go tswamo go wa serala.
Ka 2021, Stenberg o ne a tshameka moanelwa mogolo wa motshameko wa mostelestele wa Star Wars: The Acolyte. Morago o ne a abelana mo maranyaneng a Instagram gore go emisiwa ga motshameko ga go mo gakgamatse ka ntlha ya tlhaolele, kilo, letlhoo le tiriso mafoko a a siamang a baletedi le barati ba Star Wars ba neng ba di supa.
Ka 2022, Stenberg e ne e le bontlha jwa batshameki ba motshameko o o tshosang gape o tshegisa wa Bodies Bodies Bodies ka 2022. Bodies Bodies Bodies e simolotse go supa lantlha kwa South by Southwest ka Mopitlo a le lesome le bone ngwaga wa 2022. E ne ya ntshiwa go supiwa mo diraleng ke A24 ka Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2022, kwa ditoropong tse di tlhophilweng pele ga e anama le lefatshe ka Phatwe a le lesome le bobedi.
Ka Motsheganong 2023, Stenberg o ne a itsisiwe fa e le bontlha jwa mantswe a Spider-Man: Across the Spider Verse e le Margo Kess kgotsa Spider-Byte.
Stenberg o tshamikile le Bobbie Salvor Menuez mo motshamekong o o tshosang wa baratani ba bong bo bo tshwanang wa My Animal, o o supileng e le lantlha lefatshe ka bophara kwa moketeng wa 2023 wa Sundance ka Firikgong a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2023 bosigogare.
Tse dingwe tse a di dirang
[fetola | Fetola Motswedi]Go lwela ditshwanelo
[fetola | Fetola Motswedi]Stenberg o itlhalositse e le molweladitshwanelo tsa bomme. O matlhagatlhaga ka dikakanyo tsa gagwe tsa sepolotiki mo di[puisanong le mo maranyaneng, o ne a bidiwa molweladitshwanelo tsa bomme wa ngwaga ya 2015 ke Ms. Foundation for Women. O buile phatlalatsa mo maranyaneng ka go ikamanya le ngwao e e seng ya gago. Setshwantsho sa gagwe sa motshikinyego sa "Dont cash crop my cornrows" se ne se kgalela Kylie Jenner go kgabisa moriri wa gagwe ka fa batho bantsho ba America ba dirang ka teng mo ngwaong. Ka Moranang 2016, Stenberg o ne a bua ka letsatsi la WE Day kwa California kwa moletlong wa boutlwelobotlhoko.
Ka Phalane 2023, Stenberg o ne a baya monwana lokwalo lwa setshaba lo lo kwaletsweng Joe Biden, tautona wa nako eo wa United States, le kopa kemiso ya go tlhasela Gaza ga lefatshe la Israel le ntwa ya Gaza.
Mmino
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2015, Stenberg o ne a ntsha alebamo e e okeditsweng ya ntlha ka Phatwe 2015 a opela le o mongwe ba ipitsa Honeywater. Ka 2015 gape, o ne a ntsha setshwantsho sa motshikinyego sa "Dont Cash Crop My Cornrows", se se neng se kgalela Kylie Jenner go itira moriri ka tsela e e tlwaelesegileng e le ngwao ya batho bantsho. Ka 2017, o ne a opela "Let My Baby Stay" e le pina ya boremelelo ya motshameko wa Evrything Everythign.
Ka Seetebosigo a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2024, Stenberg o ne a ntsha pina ya "Discourse", e e neng e diretswe go bua ka letlhoo la ditso le a e itemogetseng. Pina e e bua ka puisano ya ngwaga wa 2018 e a nenga e dira le The Daily Show ya ga Trevor Noah, e mo go yone Stenberg a opelang are "go lela ga batho basweu ke sone seelo" ya motshameko wa The Hate U Give.
Go kwala
[fetola | Fetola Motswedi]Stenberg o kwadile buka ya metlae ya Niobe:She is Life, le Sebastian Jones, e e tshwantshitsweng ke Ashley A Woods, e gatisitswe ka Ngwanatsele 2015. K ebuka ya ntlha ya metlae e e nang le mosadi o montsho e le moanelwa, mokwadi o mongwe e le moopedi. Ka 2017, Stenberg le Sebastian Jones ba ne ba ntsha buka ya bobedi mo go tse tharo ya Niobe: She is Death.
Ka fa a bonwang ka teng ke babegadikgang
[fetola | Fetola Motswedi]Pampiri ya Dazed e ne ya bitsa Stenberg mongwe wa mantswe a a bogale a dithaka tsa gagwe, fa e mo akaretsa mo pating ya pampiti ya bone ya letlhafula 2015. O ne a akarediwa mo lenaaneng la Time la banana ba ba nang le thotloetso ka 2015 le 2016. Ka 2016, o ne a akarediwa mo lenaaneng la Supersoul la batho ba ba lekgolo ba ba nang le thotloetso ebile ba na le tebelopele ke Oprah Winfrey.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Firikgong 2016, Stenberg o ne a bolelela fa a ratana le batho ba bong bongwe le bongwe, le ntswa a ne a re le lefoko le le rayang go sa bone bong le ntse le siame go mo supa. Ka Mopitlo, Stenberg o ne a re ga se mosadi ebile ga se monna, fa e sale ka nako eo o dirisa maemedi a borre le bomme kgotsa a batho ba le bantsi. Ka Seetebosigo 2018, mo puisanong le Wonderland Magazine, o ne a re o ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe.
Mo puisanong ya Phukwi 2017, Stenberg o ne a re o emisitse go dirisa mesokelatsebeng sa sesha, a dumela gore didirisiwa tsa go nna jalo le maranyane di ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo botsogong jwa tlhaloganyo.
Ka Phalane a le malatsi a marataro ngwaga wa 2018, Teen Vogue e ne ya gatisa mokwalo o a neg a o kwadile, o mo go one a neng a supa gore o itemogetse tiriso dikgoka mo tlhakanelong dikobo gabedi.
Go tswa ka ngwaga wa 2018 o simologa go fitlhelela a fela, Stenberg o ne a ratana le seopedi Mikaela Mullaney Straus, o o itsegeng ka leina le a le dirisang mo go tsa kopelo la King Princess. Go tswa ka 2018 go tsena 2020, o ne a ratana le moopedi-mokwadi Lindsey Jordan.
Ka ngwaga wa 2020, Stenberg o ne a nna kwa Copenhagen dikgwedi di le tharo gore a kgone go tswelela a na le boagedi jwa Danish.
Metshameko
[fetola | Fetola Motswedi]Difilimi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Seabe | Ditshetlana | Metswedi |
|---|---|---|---|---|
| 2011 | Colombiana | Cataleya Restrepo o mmotlana | ||
| 2012 | The Hunger Games | Rue | ||
| 2012 | Mercy | Sarah | Motshameko khutswe | |
| 2014 | Rio 2 | Bia | Lentswe | |
| 2016 | As You Are | Sarah | ||
| 2017 | Everything Everything | Maddy Whittier | ||
| 2018 | The Darkest Minds | Ruby Daly | ||
| The Hate U Give | Starr Carter | |||
| Where Hands Touch | Leyna | |||
| 2021 | Dear Evan Hansen | Alana Beck | ||
| 2022 | Bodies Bodies Bodies | Sophie | Ele morulaganyi gape | |
| 2023 | My Animal | Jonny | ||
| Spider-man:Across the Spider Verse | Margo Kess kgotsa Spider Byte | lentswe | ||
| Ozi: Voice of the Forest | Ozi | lentswe | ||
| 2026 | Wildwood | lentswe | ||
| 2027 | Children of Blood and Bone | Mohumagatsana Amari | morago ga go dirwa |
Setshwantsho sa motshikinyego
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Seabe | Dintlhana | Metswedi |
|---|---|---|---|---|
| 2012 | A Taste of Romance | Taylor | filimi | |
| 2013 go tsena 2014 | Sleepy Hollow | Marcey Irving | moanelwa o o tlhagelelang gangwe le gape | |
| 2015 | Mr. Robinson | Halle Foster | moanelwa mogolo | |
| 2017 | Neo Yokio | Helenist | mo sekhutlwaneng sa O, the hlenists | |
| 2019 | Drunk History | Elizabeth Eckford | mo sekhutlwaneng sa Trailblazers | |
| Gaslight | Sarah | lentswe: mo dikhutlwaneng di robabongwe | ||
| 2020 | The Eddy | Julie | moanelwa mogolo | |
| 2022 | Ziwe | Penny | mo sekhutlwaneng sa "Critical Race Theory" | |
| 2023 | RuPaul's Drag Race | Moatlhodi, molalediwa | mo sekhutlwaneng sa "Supersized snatch Game" | |
| RuPaul's Drag Race:Untucked | ene | mo sekhutlwaneng sa "Untucked" | ||
| 2024 | The Acolyte | Osha le Mae | baanelwa bagolo ba babedi |
Ditshwantsho tsa mmino
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Moopedi | Seabe | Motswedi |
|---|---|---|---|---|
| 2016 | Lemonade | Beyonce | Ene |
Dietsele le go tlhopiwa
[fetola | Fetola Motswedi]Stenberg o galalediwa thata tiragatso ya gagwe mo The Hate U Give ya 2018. Mo The Hate U Give, o amogetse ditlotla tse di farologaneng tsa motshameki o o gaisitseng le dikarolo tsa ba e leng go ne ba simololang, a fenya seetsele sa Africa-America Film Critics Association, sa Hollywood Fillm, sa NAACP Image, a tlhophiwa mo Critics Choice Award, MTV Movie & TV, Teen Choice, le Washington D.C Area Film Critics Association.
Ditlhopho tsa ntlha tsa ga Stenberg e ne e le tsa Hunger Games ya 2012, phenyo ya gagwe ya ntlha ke ya BET YoungStars Award a le dingwaga di le lesome le bosupa. O amogetse dilthopho tsa ditiragatso tsa gagwe e le monana o o lwalang mo setshwantshong sa Everything Evrything sa 2017.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Fogarty, Lisa (July 13, 2015). "Amandla Stenberg Is An Intelligent, Talented Force". Bustle. Archived from the original on July 28, 2017.
- ↑ "Colombiana in Mexico City". amandlastenberg.com. September 29, 2011. Archived from the original on March 31, 2012. Retrieved 25 November 2025
- ↑ "Amandla Stenberg: "So excited to be playing Rue in The Hunger Games"". Hunger Games Network. Archived from the original on July 9, 2012. Retrieved 25 November 2025
- ↑ Martin, Michel (April 3, 2012). "Should Kids See 'The Hunger Games'". NPR. Archived from the original on December 3, 2013. Retrieved 25 November 2025
- ↑ "Instagram". Instagram. April 11, 2014. Archived from the original on May 19, 2016. Retrieved 25 November 2025
- ↑ "Rookie » It's a New Wave: An Interview With Amandla Stenberg". Rookiemag.com. July 24, 2013. Archived from the original on June 3, 2016. Retrieved 25 November 2025
- ↑ Olesen, Simon Mølholm. "The Danish Decolonisation of Greenland, 1945-54." Nordics Info, Aarhus University, 19 Aug. 2019. Available here.
- ↑ "Svensk Hungerspelen Fansida". Hungergamesweden.blogg.se. Archived from the original on December 3, 2013. Retrieved 25 November 2025
- ↑ "Amandla Means". Archived from the original on April 17, 2016. Retrieved 25 November 2025
- ↑ Martin Howden (July 27, 2012). Hunger Games A-Z. Kings Road Publishing. p. 6. ISBN 9781782190240. Archived from the original on March 17, 2023. Retrieved 25 November 2025
- ↑ "Up Close with Rue!" Archived March 4, 2016, at the Wayback Machine. People March 28.2-12/
- ↑ "Amandla's resume". amandlastenberg.com. Archived from the original on February 20, 2014. Retrieved 25 November 2025
- ↑ "Instagram post by amandla • Feb 16, 2016 at 11:07pm UTC". Instagram. Archived from the original on May 10, 2018. Retrieved 25 November 2025