Ami Faku

Amanda Faku (o tshotswe ka 28 Motsheganong 1993) ke moopedi, motshameki le mokwadi wa dipina wa mo Afrika Borwa. O tsholetswe le go golela kwa toropong ya eZinyoka, Port Elizabeth, o ne a simolola go kgatlhegela mmino a le dingwaga di le 6 mme a nna le seabe mo dikoranteng tsa kereke. Faku o ne a itsege thata ka go nna motshameki mo The Voice SA ka ngwaga wa 2017, pele ga a itsege mo kgwebong ya mmino.. [1][2]
Fa a sena go saena tumalano ya rekoto le The Vth Season, Ami o ne a golola alebamo ya gagwe ya ntlha ya studio, Imali (2019), e e neng ya nna ya ntlha mo Afrika Borwa.[3] E fitlhile kwa kgaolong ya gauta ya Recording Industry of South Africa.
Mail & Guardian, e beile Faku motho wa masome a mabedi le bosupa mo bananeng ba ba makgolo a mabedi a South African, ka 2020.[4]
Botshelo le Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Botshelo jwa a le monnye
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a le dingwaga di le 6, Faku o ne a setse a rata mmino thata[5]O simolotse go opela kwa kerekeng ya ntlo e rraagwe a neng a e ruta mme a tlhotlhelediwa ke kereke, reggae le hip hop. Moragonyana o ne a simolola go rekota mmino mo masimologong a 2012 kwa motlhami wa gagwe a neng a nna teng dikilometara di se kae fela go tswa kwa ntlong ya gagwe[6]
Tshimologo ya tiro ya gawe (2017–2019)
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2017, o ne a gaisana mo thelebisheneng ya The Voice SA, e e neng e le phitlhelelo ya gagwe e kgolo mo intasetering ya mmino.[7] Le fa a sa fenya, o ne a saenelwa ke The Vth Season record label.[7]
2019–present: Imali, EA Wave Reimagines
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go atlega ga gagwe mo The Voice SA, o ne a golola pina ya gagwe ya ntlha e e bidiwang "Ndikhethe Wena".[8] Moragonyana Faku o ne a dira le De Mogul SA mo pineng ya "Ungowam". Ka 31 Pherekgong 2020, single ya gagwe "uWrongo" ya DJ wa Afrika Borwa Prince Kaybee e ne ya gololwa e na le Ami Faku, Shimza le Black Motion.[9] .[10]
Faku o ne a dira mmogo le DJ wa Afrika Borwa le motlhami wa mmino wa Sun-El Musician mo pineng e e bidiwang "Into Ingawe", e e netefaditsweng platinamo ya 3× ke Recording Industry of South Africa (RiSA).[11][12][13] Ka 16 Phatwe, single ya gagwe "Inde Lendlela" e ne ya gololwa. Moragonyana pina eno e ne ya newa setifikeiti sa platinamo. Ka la 26 Lwetse 2020, o ne a golola pina ya gagwe ya "Imali" a na le Blaq Diamond. Pina e ne ya newa setifikeiti sa platinamo ke indaseteri ya go rekota ya Aforika Borwa.[14]
Ka 27 Lwetse 2020, alebamo ya gagwe ya ntlha ya studio Imali e ne ya gololwa.[15] Moragonyana alebamo eno e ne ya newa setifikeiti sa gouta. E dirilwe ke Blaq Diamond, Sun-El Musician, 37MPH Eternal Africa le Wilson. Ka Ngwanatsele 2020, o ne a tlhophiwa jaaka Mosetsana yo o Molemo go Gaisa mo Borwa jwa Aforika le Mosha yo o Molemo go Gaisa mo African Muzik Magazine Awards.
Ka ngwaga wa 2020, o ne a bidiwa jaaka moopedi wa mosadi yo o neng a tshameka thata mo Afrika Borwa ke Deezer.[16][17][18]
Ka di 21 tsa Phatwe, o ne a golola EP ya gagwe e e bidiwang EA Wave Reimagines. Ka 31 October, single ya gagwe le Wichi 1080 "Never Let you go" e ne ya gololwa.[19]
2021–present:Dipina tse disha
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 22 Pherekgong, o ne a golola pina e le nngwe e e bidiwang "Lala Ngoxolo" a na le rapper wa Afrika Borwa Emtee.[20]
Ka Lwetse 2021, Ami o ne a tlhagelela mo go "Abalele" ya Kabza de Small le DJ Maphorisa. Pina eno e ne ya fitlha mo maemong a bo 4 mo Spotify Charts.[21]
Ka kgwedi ya Mphalane 2021, o ne a tlhagelela le moopedi Sha Sha mo go Nomfundo Moh single "Phakade Lami".[22] Kgwedi yone yeo gape o ne a nna le kgolagano mo African Lullabies alobamo ye kopakopntsweng ke Platoon.[23][24]
Ka Ngwanatsele 2021, o ne a dira tirisanommogo le Kabza de Small le DJ Maphorisa mo go "Asibe Happy" e e golotsweng.[25]
Faku o ne a golola "Fatela" ka 28 Diphalane 2022 mmogo le Aymos. Pina eno e ne ya newa setifikeiti sa platinamo kwa Afrika Borwa.[26]
Dipina tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]| Setlhogo | Ngwaga | Maemo a gawe | Ditankana | Alobamo |
|---|---|---|---|---|
| ZA | ||||
| "Ndikhethe Wena" | 2018 | Imali | ||
| "Ubuhle Bakho" | 2019 | |||
| "Inde Lendlela" | ||||
| "Mbize" | ||||
| "Love Drunk" | Tempolete:Non-album single | |||
| "Ndiyeke" (Lemon & Herb, Ami Faku) | Tempolete:Non-album single | |||
| "Regrets..."(Zoocci Coke Dope, Ami Faku) | Tempolete:Non-album single | |||
| "Into Ingawe" (Sun-El Musician, Ami Faku) | — | RiSA: 2× Platinum [27] | Tempolete:Non-album single | |
| "Khonza" (Kekelingo, Ami Faku) | 2020 | Tempolete:Non-album single | ||
| "Sihlobo Sami" (Kenza, Ami Faku) | 2021 | Tempolete:Non-album single | ||
| "Fatela" (Ami Faku and Aymos) | 2022 | Platinum[28] | Tempolete:N/A | |
| "There is Music in the Air" (Ami Faku, Black Coffee) | Gallo Remixed | |||
| "Umthandazo" (Karyendasoul, Ami Faku) | WL4OM | |||
| "Zimbali" (Prince Kaybee, Ami Faku) | Gemini | |||
| "Andikayeki" (Heavy-K, Ami Faku) | 2023 | Tempolete:N/A |
Dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Seetsele | Karolo | Maduo | Ref. |
|---|---|---|---|---|
| 2020 | 26th SAMA | Female Artist of the Year | Phenyo | [29][30][31] |
| Newcomer of the Year | Othopilwe | [32][33] | ||
| Best Afro Pop Album | Othopilwe | [34] | ||
| 2020 | African Muzik Magazine Awards | Best Newcomer | Othopilwe | [35] |
| Best Female Southern Africa | Othopilwe | |||
| 2021 | Saafma | Best Female Artist Award | Cancelled | [36] |
| Best Song of the Year | Cancelled | |||
| Best Rising Star | Cancelled | |||
| 2023 | Content Creator Awards | Song of the Year | Othopilwe | |
| 2025 | Metro FM Music Awards | Best Dance Song | Othopilwe | [37] |
| Song of the Year | Othopilwe |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Liam Karabo Joyce (25 June 2019). "Ami Faku shares journey through music". www.iol.co.za.
- ↑ "Ami Faku taking music scene by storm". SowetanLIVE. 11 October 2019.
- ↑ "Ami Faku's debut album is here". Channel 0. Retrieved September 27, 2019.
- ↑ "Mail & Guardian 200 Young South African". Mail & Guardian. 4 September 2020. Archived from the original on 2022-08-09. Retrieved 2024-06-19.
- ↑ Ndlovu, Romeo (2021-07-05). "Ami Faku Started Singing At Age Six - See How Accomplished A Musician She Is Now". Buzz South Africa. Retrieved 2021-11-21.
- ↑ Nkosi, Joseph (November 23, 2019). "Ami Faku Biography, Career, Record Label, Imali, Songs & Instagram". thenation.co.za. Archived from the original on 10 August 2022. Retrieved 15 April 2020.
- 1 2 "Ami Faku, 27 - Mail & Guardian 200 Young South Africans". Mail & Guardian. 4 September 2020. Archived from the original on 2022-08-09. Retrieved 2022-05-11.
- ↑ Mpiletso Motumi (16 October 2018). "Ami Faku has found her voice". iol.co.za (in Sekgoa).
- ↑ "Prince Kaybee releases new single, Uwrongo, featuring Ami Faku, Shimza and Black Motion | JustNje". JustNje. January 31, 2021. Archived from the original on September 28, 2025. Retrieved October 3, 2026.
- ↑ "Reviewing Ami Faku's Album" (in Sekgoa). 702.co.za.
- ↑ "Ami Faku & Sun El Musician's Hit Into Ingawe Now Double Platinum". May 20, 2020.
- ↑ "Ami Faku on cloud nine as she rakes in accolades". SowetanLIVE. 16 December 2020.
- ↑ Mbambo, Simphiwe (2020-05-20). "Ami Faku and Sun Els "Into Ingawe" goes double platinum - SA" (in Sekgoa). www.musicinafrica.net. Retrieved 2020-05-23.
- ↑ Adejoy (16 December 2020). "Ami Faku's singles are multiple platinum and debut album certified gold". Fakaza News.
- ↑ Mkhabela, Sabelo (30 September 2020). "Ami Faku Delivers a Stellar Debut Album with 'Imali' - OkayAfrica". OkayAfrica.
- ↑ "Ami Faku Earns Top Spot Of Most Streamed Female Artist On Deezer In 2019". ZAlebs.
- ↑ Herbst, Denika (March 11, 2020). "Ami Faku number 1 most-streamed SA female artist on Deezer in 2019". briefly.co.za. Archived from the original on April 7, 2023. Retrieved October 3, 2026.
- ↑ "Ami Faku Number 1 Most-Streamed South African Female Artists on Deezer in 2019 »". March 12, 2020.
- ↑ Jabulani, John (October 31, 2020). "Ami Faku & Wichi 1080 - Never Let You Go". Ubetoo.
- ↑ "Ami Faku on new single Lala Ngoxolo and her upcoming second album | Drum". https://www.news24.com/amp/drum/celebs/news/ami-faku-on-new-single-lala-ngoxolo-and-her-upcoming-second-album-20210205.
- ↑ Neophytou, Nadia. "The 10 Best Amapiano Songs of 2021 - OkayAfrica". OkayAfrica. Retrieved 2022-05-11.
- ↑ Darangwa, Shingai (2021-11-20). "Nomfundo Moh: Ami Faku and Sha Sha collabo was a surprise gift". Independent Online. Retrieved 2022-02-02.
- ↑ "Ami Faku, Msaki, TRESOR, others feature on Platoon's African Lullabies album -". museafrica.com. 2021-10-04. Retrieved 2022-05-12.
- ↑ Shumba, Ano (2021-10-01). "SA: Platoon celebrates Kids Music Day with release of African Lullabies album | Music In Africa". Retrieved 2022-05-12.
- ↑ Gaanakgomo, Constance (2021-11-12). "Tweeps clap for Kabza De Small and Maphorisa for releasing 'Asibe Happy' 'on time'". TimesLIVE. Retrieved 2022-05-11.
- ↑ "Aymos's Fatela' Reaches Platinum Status & Surpasses 2 Million Views". Archived from the original on 2023-02-10. Retrieved 2026-10-03.
- ↑ Seroto, Butchie (2020-05-20). "Ami Faku and Sun-El's Into Ingawe goes double platinum in SA | Music In Africa". Music In Africa. Retrieved 2023-11-27.
- ↑ "Aymos's Fatela' Reaches Platinum Status & Surpasses 2 Million Views". Archived from the original on 2023-02-10. Retrieved 2026-10-03.
- ↑ "Ami Faku bags Best Female of the Year award at the SAMAs | eNCA". www.enca.com. Archived from the original on 12 March 2021. Retrieved 15 February 2021.
- ↑ "Ami Faku, AKA, Benjamin Dube receive top honours at SAMA26 night 4". www.iol.co.za.
- ↑ Mbendeni, Alutho (22 May 2020). "Ami Faku on her Sama win, the financial effects of Covid-19 and new music". Drum.
- ↑ "Here's a List of the 2020 South African Music Awards (SAMAs) Winners". okayafricasite.
- ↑ "AND THE SAMA NOMINEES ARE..." DailySun.
- ↑ "Samas boss unfazed by snub of hitmakers". SowetanLIVE. 16 July 2020.
- ↑ Hansen, Gabriel Myers (16 November 2020). "African Muzik Magazine Awards 2020: All the winners | Music In Africa". Music In Africa.
- ↑ Patience Bambalele (7 May 2021). "Star-studded list of nominees for 2021 South African Afro Music Awards". Sowetan LIVE (in Sekgoa).
- ↑ Shumba, Ano (2025-03-06). "Metro FM Awards 2025: All the nominees". Music in Africa. Retrieved 2025-03-17.