Jump to content

Amina Abubakar

Go tswa ko Wikipedia

Amina Abubakar ke porofesa-mmogo wa kwa Kenya mo Lephateng la baithuta-thaloganyo le botsogo jwa sechaba ka sekolong se segololwane Pwani University.Ke mmatlisisi kwa Setheong sa Patlisiso sa Kalafi sa Kenya(Kenya Medical Research Institute).Patlisiso ya gagwe e akaretsa go diega ga kgolo ya bana ba ba nang le mogare wa HIV,Phephelotlase le Malaria.ke moithuti yo o tlotlegang kwa University of Oxford.

Amina Abubakar
Alma materKenyatta University Tilburg University
O fetheletseRoyal Society Pfizer Award 2016
Scientific career
InstitutionsKenya Medical Research Institute

Lancaster University

Utrecht University

Botshelo jwa pele le Dithutego

[fetola | Fetola Motswedi]


Abubakar o amogetse dikirii ya gagwe ya Thuto kwa Moi University, abo a ithutela Thuto ya Tlhaloganyo kwa Kenyatta University.[1]O feleleditse PhD ya gagwe kwa Tilburg University ka ngwaga wa 2008.Patlisiso ya gagwe e ne e lebile mabaka a a neng a dira gore masea a nne mo kotsing le go itsetsepela mo Afrika e e kwa Borwa jwa Sahara.[2]E ne ele Moithuti wa tsa bongaka kwa Utrecht University le kwa Kenya Medical Research Institute.[3][4][5]

Patlisiso le Mokgwa wa go itshetsa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2014 Abubakar one a tsenelela Lancaster University jaaka Modiri wa Marie Curie.[6]O na le awate ya Baeteledipele ba Patlisiso ba Aforika ba lephata la Tlhabololo ya Boditšhabatšhaba la Lekgotla la Patlisiso ya Kalafi.[7] O tlhamile maano a ele go supa, go ela tlhoko le go tsosolosa bana ba ba mo kotsing.[7]O ne a dira patlisiso ya kafa mabaka a a amanang le seemo a tlhotlheletsang boitekanelo jwa basha ba ba fetang 7 000 go ralala mafatshe ale masome a mabedi le bone.[8][9]O supile ditshwaragano tse di atlegileng go tshegetsa kgolo ya tlhaloganyo ya bana ba ba nang le mogare wa HIV mo Aforika Botlhaba.[10] O fitlhetse gore ga go na kamano fa gare ga matshwao a go tshwenyega thata mo maikutlong a bomme le ditlamorago tsa boitekanelo jwa bana ba Maaforika.[11]

Abubakar o ne a tlhomiwa go nna moporofesara-mmogo kwa Yunibesithing ya Pwani ka ngwaga wa 2016.[12] Ke Moeteledipele wa setlhopha sa patlisiso ya maranyane ya metlhapo kwa Kilifi.[13]E ne e le mofeni wa Sekgele sa Pfizer sa Mokgatlho wa Segosi ka ngwaga wa 2016.[14]Ka ngwaga wa 2017 o ne a gatisa Bukanatshedimosetso ya maranyane ya Tlhabololo e e dirisiwang mo Aforika e e kwa Borwa jwa Sahara.[15] Mo ngwageng oo o ne a tlhomiwa go nna Mofellow wa Sekolo sa maranyane sa Aforika.[13]

  1. Culture and Human Development". International Association for Cross-Cultural Psychology. Archived from the original on 2018-05-29. Retrieved 2018-05-28.
  2. Abubakar, Amina; Van De Vijver, Fons J.R.; Mithwani, Sadik; Obiero, Elizabeth; Lewa, Naomi; Kenga, Simon; Katana, Khamis; Holding, Penny (May 2007). "Assessing Developmental Outcomes in Children from Kilifi, Kenya, Following Prophylaxis for Seizures in Cerebral Malaria". Journal of Health Psychology. 12 (3): 417–430. doi:10.1177/1359105307076230. ISSN 1359-1053. PMC 4825880. PMID 17439993
  3. Abubakar, Amina; Holding, Penny; Van de Vijver, Fons J.R.; Newton, Charles; Van Baar, Anneloes (2009-11-27). "Children at risk for developmental delay can be recognised by stunting, being underweight, ill health, little maternal schooling or high gravidity". Journal of Child Psychology and Psychiatry. 51 (6): 652–659. doi:10.1111/j.1469-7610.2009.02193.x. PMC 2919164. PMID 19951363.
  4. Abubakar, Amina; Holding, Penny; Van Baar, Anneloes; Newton, Charles R. J. C.; Van de Vijver, Fons J. R.; Espy, Kimberly Andrews (2013-09-04). "The Performance of Children Prenatally Exposed to HIV on the A-Not-B Task in Kilifi, Kenya: A Preliminary Study". International Journal of Environmental Research and Public Health. 10 (9): 4132–4142. doi:10.3390/ijerph10094132. PMC 3799506. PMID 24008985.
  5. Handbook of African Educational Theories and Practices" (PDF). Human Development Resource Centre. Retrieved 2018-05-28
  6. Safdar, Saba; Kosakowska-Berezecka, Natasza (2015-04-29). Psychology of gender through the lens of culture : theories and applications. Safdar, Saba F.,, Kosakowska-Berezecka, Natasza. Cham. p. 408. ISBN 9783319140056. OCLC 908336077.
  7. 1 2 Prof. Amina Abubakar - Initiative to Develop African Research Leaders, IDeAL". Initiative to Develop African Research Leaders, IDeAL. Retrieved 2018-05-28
  8. Globally, Forum on Investing in Young Children; Board on Children, Youth; Health, Board on Global; Medicine, Institute of; Council, National Research (2014-08-18). Participant Biographies. National Academies Press (US).
  9. Measurement Invariance of the Brief Multidimensional Student's Life Satisfaction Scale Among Adolescents and Emerging Adults Across 23 Cultural Contexts - Forskning - Aarhus Universitet". pure.au.dk (in Danish).doi:10.1177/0734282915611284. Retrieved 2018-05-28.
  10. Invited Speakers". www.issbd2014.com. Archived from the original on 2014-06-12. Retrieved 2018-05-28
  11. African children better off - study | IOL Lifestyle". Retrieved 2018-05-28
  12. Meet The Team | Neuro Development". neurodev.kemri-wellcome.org. Archived from the original on 2018-05-29. Retrieved 2018-05-28
  13. 1 2 AAS Fellows in Kenya". African Academy of Sciences. Archived from the original on 2018-08-13. Retrieved 2018-05-28.
  14. "2016 Royal Society Pfizer Award Seminar with Dr Amina Abubakar". royalsociety.org. Retrieved 2018-05-28
  15. Abubakar, Amina; Van De Vijver, Fons J.R (2017-11-17). Handbook of Applied Developmental Science in Sub-Saharan Africa. Abubakar, Amina,, Van de Vijver, Fons J. R. New York, NY. ISBN 9781493973286. OCLC 1017978244.