Aminata Mbengue Ndiaye

Aminata Mbengue Ndiaye ke mopolotiki wa kwa Senegal. Ka 2012, o ne a tlhophiwa go nna Tona ya Kgomo le Tlhagiso ya Diphologolo mo pusong ya Tonakgolo Abdou Mbaye mme go tloga ka 2014 ka fa tlase ga puso ya Tonakgolo Mahammad Boun Abdallah Dionne go fitlha ka 5 Moranang 2019, fa a ne a tlhophiwa go nna Tona ya Ditlhapi le Ikonomi ya Lewatle Ministre des Pêches et de l'Economie maritime. [1] O direla gape jaaka ratoropo wa Louga, mme ga jaana ke modulasetilo wa lekoko la basadi la Socialist Party of Senegal. Pelenyana, Ndiaye o ne a direla jaaka Tona ya Basadi, Bana le Lelapa, mmogo le Tona ya Tlhabololo ya Loago le Solidarity ya Bosetšhaba ka fa tlase ga botautona jwa Abdou Diouf.
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe kwa go El Hadj Ali Mbengue, modiredi wa puso, kwa Louga, Senegal. O ne a tsena sekolo sa Lycée Ahmed Fall kwa Saint-Louis mme moragonyana a tsena Lycée Kennedy pele ga École normale d'enseignement technique le École nationale d'économie appliquée. O ne a tshameka mo setlhopheng sa bosetšhaba sa basketball sa Senegal kwa Second All African Games kwa Lagos, Nigeria ka 1973.[ 3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Madame Aminata Mbengue NDIAYE" (in French). Gouvernement du Sénégal. Archived from the original on 23 April 2019. Retrieved 27 February 2016.
[2] List of Members of the Pan African Parliament (March 15, 2004) Archived May 18, 2011, at the Wayback Machine
[3]Makwemoisa, Anthonia (2011). The Herstory Project. Dakar: Amalion. p. 340. ISBN 9782359260038.