Amogelang Telekolo
Amogelang Telekolo | |
|---|---|
| Tsalo | 2000 |
| Ke mo | Motswana |
| Thuto | Creative Fields at University of Limkokwing of Creative Technology |
| Tiro | Modiragatsi, Motlhagisi, Mokaedi wa Botaki |
| O itsegi ka | Youngins |
Amogelang Telekelo (o tshotswe ka 2000) Modiragatsi wa Motswana, motlhami le mokaedi wa botaki. O itsege thata ka go tshameka karolo ya ga Palesa mo motseletseleng wa terameng sa Showmax se se bidiwang Youngins[1]. O ne a lemogiwa ka tsela e a neng a tshameka ka teng mo sesupaditshwantshong sa Aforika Borwa[2].
Botshelo jwa ntlha le Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe kwa Botswana mme a tswelela ka dithuto tsa gagwe tse dikgolwane mo Dithutong tsa Boitlhamedi a ithuta kwa mmadikolo wa botegeniki sa Boitlhamedi ya Limkokwing.[3] Go tsena ga gagwe mo tirong ya bodiragatsi e ne e le ka tshoganetso ka nako ya fa a ne a le kwa mmadikolo kwa a neng a ya kwa katisong ya bodiragatsi ya tsala ya gagwe mme a lalediwa go buisa mela, e leng se se neng sa dira gore a nne le seabe mo madirelong eano lantlha[3] . Maitemogelo ano a ne a dira gore a tlogelemmadikolo mme a fudugele kwa Aforikaborwa go ya go tsweletsa tiro ya gagwe ya difilimi le thelebišene[3] .
Tiro ya Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]Telekelo o ne a simolola go tshameka mo motseletseleng wa Showmax Original wa Youngins, koo a neng a tshameka Palesa, moanelwa wa mosha yo o neng a lebana le dikgwetlho tse di farologaneng[1]. Tiragatso ya gagwe e ne e lemogwa ka bonnete jwa yone, segolobogolo tiriso ya gagwe ya puo ya Setswana, e e neng ya utlwala mo bareetsing le go dira gore pontsho eno e atlege[4].
Botshelo jwa Botho
[fetola | Fetola Motswedi]Amogelang Telekelo o matlhagatlhaga mo metsweding ya dikgang, koo a abelanang ka dintlha ka ga mananeo a gagwea seporofešenale le dilo tse a di kgatlhegelang. O emetswe ke Gail Talent mo tirisanommogong le dipeeletso [5].
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Terblanche, Gen. "Youngins Season 1 episodes 10-12 recap: Bloodshed". stories.showmax.com. Retrieved 2025-09-20.
- ↑ Admin (2025-02-10). "Meet Showmax's Youngins Star Amogelang Telekelo". Botswana Gazette. Retrieved 2025-09-20.
- 1 2 3 Kgweetsi, Otlarongwa (2025-03-03). "Telekelo a fresh film force". Mmegi Online. Retrieved 2025-09-20.
- ↑ Admin (2025-02-10). "Meet Showmax's Youngins Star Amogelang Telekelo". Botswana Gazette. Retrieved 2025-09-25.
- ↑ "Telekelo Amogelang". multichoicetalentfactory.com. Retrieved 2025-09-20.