Jump to content

Anastasia Ndereba

Go tswa ko Wikipedia

Anastasia Ndereba ke moatlelete wa mosadi wa kwa Kenya le motabogi wa marathone. O tshotswe ka kgwedi ya Lwetse a le masome a mabedi le bosupa (27) ka ngwaga wa 1974. Ke kgaitsadie moatlelete yo o itsegeng thata e bile e le mmampodi wa dimetale tsa Diolimpiki Katherine Ndereba. Kgaisano ya gagwe ya ntlha e ne e le ka kgwedi ya di Ngwanatsele e le borataro (6) ka ngwaga wa 1999, fa a ne a fetsa kgaisano ya 8 km Senior Women's Cross-country race e e neng e rulagantswe ke KAAA, koo a neng a fetsa 4th ka nako ya metsotso e le 34 le metsotswana e le masome a mararo le bobbedi (32).[1]O simolotse jaaka moatlelete wa IAAF yo o neng a eteletswe pele ke IAAF ka ngwaga wa 2001, fa a ne a gaisana mo setlhopheng sa B sa basadi ba le 3000 kwa Rieti, Italy mme a tswa mo maemong a bo 7 ka nako ya metsotso e le 9, metsotswana e le 12,95.[2]

Ka ngwaga wa 2003, Anastasia o ne a gaisana le kgaitsadie mme a fenngwa mo lobelong lwa dikilometara di le 10 000 lwa KAAA kwa Kenya. Kgaitsadie o ne a fenya Anastasia ka nako e e kwa tlase ga nngwe-lesomeng ya motsotswana morago ga go dira 34:35.0 go ya go 34:35.6 ya ga Anastasia fa pele ga boidiidi jo bogolo kwa Ruring'u Stadium, kwa Nyeri Kenya.[3]

Dikgaisano tsa KAA

[fetola | Fetola Motswedi]

Anastasia Ndereba o ne a gaisana mo dikgaisanong di le mmalwa tsa KAAA pelenyana mo tirong ya gagwe. Ka kgwedi ya Ngwanatsele e le borataro (6) ka ngwaga wa 1999, o ne a gaisana mo kgaisanong ya dikilometara di le boferabobedi (8) ya go kgabaganya naga, mo a neng a tswa mo maemong a bone ka nako ya metsotso e le 34 le metsotswana e le 32. Kgaisano eno e ne ya rulaganngwa kwa Nairobi, Kenya mme e ne ya mo tsenya mo maemong a ntlha go tlhophiwa go tsenela dikgaisano tse dingwe. Ka kgwedi ya Sedimonthole a le masome a mabedi le bone (24) wa one ngwaga oo, o ne a gaisana mo kgaisanong e e tshwanang e e neng e bidiwa 'KAAA Energiser Crosscountry' kwa Machakos, Kenya, a tokafatsa nako ya gagwe ka metsotso e le supa (7) go ya go metsotso e le masome a mabedi le bosupa (27) le metsotswana e le masome a mararo le bobedi (32). Le fa go ntse jalo, o ne a nna wa botlhano mo lobelong lono. Ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le botlhano(25) ka ngwaga wa 2000, o ne a fenya kgaisano ya gagwe ya ntlha e kgolo kwa kgaisanong ya 10 km ya KAAA Meeting kwa Nyeri, mo a neng a fetsa a le wa ntlha ka nako ya 36:06.70, mme a bona tshono ya gagwe ya ntlha ya go gaisana mo seraleng sa boditšhabatšhaba kwa United States.[4]

Dikgaisano tsa USA

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa gare ga kgwedi ya Moranang e le lesome le botlhano (15) ka ngwaga wa 2000 le kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le bosupa (27) ka ngwaga wa 2000, Anastasia o ne a gaisana mo dikgaisanyong tsa diatleletiki di le 12 kwa USA a fenya nngwe ya tsone mme a nna mofenyi wa bobedi mo go tse dingwe tse tharo. Ka kgwedi ya Moranang a le lesome le botlhano (15) ka ngwaga wa 2000, o ne a gaisana mo kgaisanong ya 5 km ya kgaisano ya Cherry Blossom kwa Cherry Hill, mo a neng a tsaya maemo a bobedi ka nako ya metsotso e le lesome borataro (16) le metsotswana e le masome a mabedi le boraro (23). Ka kgwedi ya Motsheganong a le supa (7) ka ngwaga wa 2000, o ne a tsenela kgaisano ya Blue Shield Broad Street Run kwa Philadelphia, USA. Eno e ne e le lebelo la dikilometara di le lesome mme e ne e le phenyo ya gagwe ya ntlha ya boditšhabatšhaba morago ga gore a feleletse a le mo maemong a ntlha ka nako ya metsotso e le masome a matlhano le bosupa (57) le metsotswana e le lesome. Kgaisano ya gagwe ya bofelo e kgolo kwa USA ka nako eno e ne e le kwa Avlon, NJ, kwa a neng a tswa mo maemong a bone morago ga go fenya kgaisano e le nngwe mo kgweding eo le go tloga ka kgwedi ya Motsheganong. Ka bonako fela o ne a boela kwa Kenya mme a tswelela ka dikgaisano tsa KAAA.

Ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2001, o ne a tsenela Yokohama International Women's Ekiden kwa Yokohama, Japan. mo lobelong lwa dikilometara di le 5 mme a tswa mo maemong a botlhano ka nako ya metsotso e le lesome le borataro (16) le metsotswana e le masome a mararo le bongwe (31). Dikgwedi di le thataro morago ga moo, o ne a nna wa bobedi mo kgaisanong ya Alpicella-Monte Beigua, e e neng e le lobelo lwa dikilometara di le 10,6 lo a neng a lo fetsa mo metsotsong e le masome a matlhano le bosupa (57). Ka kgwedi ya Lwetse e le boferabongwe (9) ka ngwaga wa 2001, o ne a nna wa boraro go fetsa kgaisano ya European Interclub Championships for Women kwa Salò, Italy ka nako ya metsotso e le masome a mathano le bongwe (51) le metsotswana e le masome a mararo le bone (34).

IAAF le go simolola mo dikgaisanong tsa Half marathon le Marathon

[fetola | Fetola Motswedi]

Anastasia o ne a simolola go tsenela Half Marathon fa a ne a tsenela Torino Half Marathon, kwa Torino, Italy ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le boraro (23) ,ka ngwaga wa 2001. O ne a fenya lobelo lono ka nako ya 1:12:36.

Ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2002 , Anastasia o ne a tsenela Marathone wa Turin kwa Turin, kwa Italy. O ne a fenya lobelo lono ka nako ya 2:29:27. Dikgwedi di le nnè moragonyana, o ne a fenya lobelo lwa halofo ya marathone lwa Lille Métropole kwa Lille, kwa Fora. O ne a dira seno ka nako ya 1:11:45. Kgwedi morago ga moo, ka kgwedi Lwetse e le masome a mabedi le bobedi (22) ka ngwaga wa 2002, o ne a fenya Turin Half marathon ka nako ya 1:12:09, a tokafatsa rekoto ya gagwe ya ngwaga o o fetileng.

Ka kgwedi ya Phalane a le masome a mabedi le bosupa (27), ka ngwaga wa 2002, o ne a tsenela Venezia Marathon kwa Venice, kwa Fora. O ne a fenya lobelo lono ka nako ya 2:29:03. Rekoto eno e ne ya feta rekoto ya gagwe ya marathone ya 2:29:27 e a neng a e dirile kwa Turin pelenyana mo ngwageng oo. Go tloga ka nako eo, tsela e a neng a dira ka yone e ne ya fokotsega thata mo ngwageng oo otlhe le mo go o o latelang.

Ka kgwedi ya Motsheganong a thola boraro (3), ka ngwaga wa 2003, Anastasia o ne a tsaya karolo mo Indianapolis Life 500 Festival half marathon kwa Indianapolis USA. O ne a tswa mo maemong a bobedi ka nako ya 1:11:59, metsotso e le menè go feta nako ya gagwe ya halofo ya marathone ya Lile mo ngwageng o o fetileng. Ka kgwedi ya Seetebosigo e thola bongwe (1) ka ngwaga wa 2003, o ne a tsaya karolo mo Suzuki Rock 'N' Roll marathon kwa San Diego usa. O ne a tswa mo maemong a bone ka nako ya 2:30:53. Dikgaisano tsa gagwe tse di latelang kwa USA di ne di le kwa Dacenport, Falmouth, Flint, Park Forest, Philadelphia le Chicago magareng ga Phukwi le Diphalane. O beile maemo a bo 9, 14, 9, 6, 8 le 11 ka go latelana mo dikgaisanong tseno pele a boela kwa Kenya.[5]

Anastasia o ne a boela kwa USA ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa 2004 mme ka Motsheganong 8, o ne a tsaya karolo mo Indianapolis Life 500 Festival half marathon. O ne a tsaya maemo a borataro ka nako ya 1:16:16. O ne a tokafatsa nako eno mo Vancouver half marathon dibeke di le supa (7) moragonyana kwa Vancouver Canada, koo a neng a dira 1:15:41 go tsaya maemo a bobedi. Dibeke di le tlhano morago ga moo, ka August 15, o ne a tokafatsa ka metsotswana e le 10 go tsaya maemo a bobedi mo metshamekong ya half marathon ya America's Finest City kwa San Diego, CA ka nako ya 1:15:31. Morago ga go dira ka tsela e e bokoa mo kgaisanong ya halofo ya marathone ya Rock 'n' Roll kwa Virginia Beach, VA kwa a neng a tswa mo maemong a bo 8 ka kakaretso, o ne a tswelela go fenya marathone wa Beirut ka nako ya metsotso e le 2:36 le metsotswana e le 46. Kgaisano ya gagwe ya bofelo e kgolo ya ngwaga oo e ne e le kwa gae kwa Kenya, koo a neng a le mo boemong jwa bosupa mo kgaisanong ya halofo ya marathone ya Nyeri ka nako e e sa begwang.

Ka ngwaga wa 2005, Anastasia o ne a tsenela dikgaisano tsa marathone di le 4 le marathone a le 2 go dikologa lefatshe. O ne a fenya marathone a le mongwe, e leng wa Toronto Waterfront Marathon kwa Toronto, Canada, ka nako ya 2:36:30.8; le wa halofo ya marathone ya Safaricom kwa Nyeri, Kenya, ka nako ya 1:18:26. O ne a tswa mo maemong a bobedi mo go a mabedi a one, America's Finest City half marathon, ka 1:16:01; mme The Stone Harbor Lions Run ga a ka a fenya epe ya one.[6]

Ka ngwaga wa 2006, Anastasia o ne a tsenela dikgaisano tse dikgolo di le tharo, tse pedi tsa tsone e le tsa marathone. Tseno e ne e le tsa Osaka International Women's kwa Osaka, kwa Japane le tsa Hokkaido marathon kwa Sapporo, kwa Japane. O ne a fetsa a le mo maemong a bo 8 le bo 9 ka nako ya 2:32:47 le 2:45:52 mo lobelong lwa ntlha le lwa bobedi. Morago ga moo o ne a tlogela tiro ka dingwaga di le nnè, mme a boa gape ka ngwaga wa 2010.

Fa a boa ka ngwaga wa 2010, Anastasia o ne a tsenela Standard Chartered Nairobi marathon kwa Nairobi, Kenya le Standard Chartered Mumbai marathon kwa Mumbai, India ka ngwaga wa 2010 le ka ngwaga wa 2011 ka go latelana, o ne a dira ka tsela e e sa itumediseng mo metshamekong eo ka bobedi, a tsaya maemo a bo lesome le bobedi (12) le bo lesome le boraro (13) ka nako e e fetang diura di le bobedi (2) le metsotso e le masome a mane le bosupa (47) mo metshamekong eo ka bobedi. O ne a tokafatsa nako ya gagwe kwa Nagano Olympic Commemorative marathon wa ngwaga wa 2012 fa a ne a dira 2:43:33 mme a nna moatlelete wa bo 9 go fetsa lobelo.[7]

  1. "ARRS - Runner: Anastasia Ndereba". more.arrs.run. Retrieved 2019-02-04.
  2. "Anastasia Njambi NDEREBA | Profile | iaaf.org". www.iaaf.org. Retrieved 2019-02-04
  3. "Ndereba triumphs in weekend meet - Daily Nation". www.nation.co.ke. Archived from the original on 2019-02-04.
  4. "ARRS - Runner: Anastasia Ndereba". more.arrs.run. Retrieved 2019-02-04.
  5. "ARRS - Runner: Anastasia Ndereba"
  6. "ARRS - Runner: Anastasia Ndereba".
  7. "ARRS - Runner: Anastasia Ndereba".