Jump to content

Andreína Martínez

Go tswa ko Wikipedia

Andreína Martínez Founier-Tejada ke mmampodi wa kgaisano ya bontle wa Dominican yo o neng a rweswa serwalo sa Miss Dominican Republic 2021 mme a emela Dominican Republic kwa Miss Universe 2022, a fitlha mo maemong a bobedi.[1]

Martínez o tsholetswe kwa Santiago de los Caballeros, Dominican Republic mme a golela kwa New York City, United States. O ne a tsena kwa Bronx Bridges High School koo a neng a le mokapotene wa setlhopha sa sekolo sa softball. Morago ga sekolo se segolwane o ne a tsenela City College of New York, University of New York koo a neng a aloga summa cum laude ka dikirii ya bachelor mo thutong ya tlhaloganyo le dithuto tsa Latin America.

Bontlentle

[fetola | Fetola Motswedi]

Mmabontle wa Dominican Republic wa 2021

Main article: Miss Dominican Republic 2021

Martínez o ne a fenya Miss Dominican Republic 2021 ka kgwedi ya Ngwanatsele ale supa (7) ka ngwaga wa 2021, kwa Salón de Eventos Sambil kwa Santo Domingo de Guzman. O ne a rweswa serwalo sa bogosi ke mofenyi wa pele Kimberly Jiménez[2]

Mohumagadi wa Lobopo wa 2022

Setlhogo sa konokono: Miss Universe 2022

Fa a sena go tlhatlhobiwa gore o na le COVID-19, Martínez o ne a emisediwa ke mofenyi wa ntlha Debbie Aflalo wa Miss Universe 2021. Moragonyana o ne a tlhophiwa go nna Miss Dominican Republic 2022 mme a tsenela kgaisano ya Miss Universe 2022,[3] koo a neng a le mofenyi wa bobedi.[4]

  1. Feliz, Elmer (November 8, 2021). "Andreina Martínez es coronada como la nueva Miss República Dominicana 2021". El Nuevo Diario (República Dominicana) (in Spanish). Retrieved August 15, 2022
  2. Armando, Tinoco (January 15, 2023). "Miss Universe Winner: USA Representative R'Bonney Gabriel Takes Crown". Deadline Hollywood. Archived from the original on January 15, 2023. Retrieved November 5, 2024