Jump to content

Angel Reese

Go tswa ko Wikipedia

Angel Reese (yo o tshotsweng ka Motsheganong a le garataro ka 2002) ke motshameki wa baseketebolo e e porofeshenale wa Amerika wa Chicago Sky ya Women's National Basketball Association (WNBA). O na le maina a mareto a "Bayou Barbie" le "Chi Barbie",[1][2] o tshamekile baseketebolo ya sekolo sa ithutelo ditiro a tshamekela Maryland Terrapins le LSU Tigers.

Reese o ne a tsena sekolo sa Saint Frances Academy kwa Baltimore, Maryland, kwa a neng a fiwa tlotla ya McDonald's All American ka 2020 mme a bewa mo maemong a bobedi mo setlhopheng sa gagwe ke ESPN. O ne a ya kwa Maryland Terrapins jaaka motlhopiwa yo o kwa godimo thata mo ditsong tsa thulaganyo, mme paka ya gagwe ya ntlha ka 2020–21 e ne ya kgaosediwa ke lenao la moja le le thubegileng. O ne a bidiwa mo setlhopheng sa boraro sa All-American ke Associated Press jaaka moithuti wa ngwaga wa bobedi. Mo pakeng ya gagwe ya boraro, Reese o ne a fudugela kwa LSU mme e ne e le tlhopho ya setlhopha sa ntlha sa All-American ka bongwefela jwa pelo. O ne a etelela pele LSU go ya kwa makgaolakgannyeng a yone a ntlha a bosetshaba, kwa a neng a le motshameki yo o gaisitseeng thata. Reese o ne a baya rekote ya NCAA ya setlha se le sengwe ya double-doubles tse pedi le rekote ya SEC ya setlha se le sengwe ya di-rebounds. Fa a le mo ngwageng wa bofelo, o ne a bidiwa Motshameki wa Ngwaga wa SEC (SEC PLayer of the Year) le ya All-American.

Reese o ne a tlhophiwa ke Chicago Sky ka tlhopho ya bosupa ka kakaretso mo setlhopheng sa 2024 WNBA draft. Mo pakeng ya gagwe ya magorogomasha, o ne a bidiwa WNBA All-Star mme a tlhoma rekote ya paka e le nngwe ya liki mo dipoelong. Mo maemong a boditshabatshaba, o ne a thusa Amerika go fenya setsele sa selefera kwa 2023 FIBA Women's AmeriCup. Ka 2025, o ne a tlhagelela mo khabareng ya Vogue.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Angel Reese o tshotswe ka Motsheganong a le garataro ka 2002, kwa Randallstown, Maryland, e le ngwana wa ga Angel le Michael Reese.[3][4] O ne a ithuta go tshameka baseketebolo go tswa mo go mmaagwe a sa le monnye thata mme a gola a tshameka kgatlhanong le morwarraagwe, Julian, fa pele ga ntlo ya bone. O ne a nna le seabe mo kgaisanong ya itoso bodutu kwa kgaolong ya Baltimore County, kwa mmagwe le ene a neng a tshameka teng. O ne a nna mongwe wa batshameki ba ba itseng baseketebolo thata mo toropong mme a atlega go tshameka metshameko e e kwa godimo ga dingwaga tsa gagwe le mo ditlhopheng tsa basimane.[5] O ne a tshameka maemo kwa pele a a tshamekiwang ke yo mokhutshwane mo setlhopeng, a nna le kgolo ga bedi mo ngwageng wa ntlha wa sekolo se segolwane. Mo godimo ga baseketebolo, o ne a nna le seabe mo mminong wa ballet, gymnastics, go thuma le go taboga mo bongwaneng jwa gagwe.[5][6]Reese o ne a nna a ya metshamekong ya Washington Mystics mme a bona tlhotlheletso go tswa go batshameki ba Basadi ba Basketball Association (WNBA) Candace Parker le Maya Moore, mmogo le motshameki wa pele wa National Basketball Association (NBA) yo o tlholegang kwa Baltimore native Muggsy Bogues.[7][8] O ne a katisiwa ke Ron James le Team Takeover, lenaneo la Amateur Athletic Union (AAU) le le neng le le kwa Washington, D.C. e e gaisanang mo Nike Elite Youth Basketball League (EYBL), e leng lekgamu la bosetshaba.[9] Batshameki ka enekwa AUU ba ne ba akaretsa Madison Scott, Mir McLean le Jakia Brown-Turner,[10][11] botlhe ba ba neng ba fiwa dinaledi tse tlhano ke ESPN kwa bofelong jwa ditiro tsa bona tsa sekolo se segolwane.[12][13][14]

  1. Kassim, Ehsan. "Angel Reese 'Bayou Barbie' nickname, explained: How LSU basketball star earned unique moniker". The Daily Advertiser. Retrieved 23 Ferbruary 2025.
  2. "Video: Angel Reese Reveals 'Chi Barbie' Nickname After Being Drafted by WNBA's Sky". Bleacher Report. Retrieved 23 February 2025.
  3. "Angel Reese". USA Basketball. Archived from the original on July 23, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  4. "Angel Reese (USA)'s profile – FIBA U19 Women's Basketball World Cup 2021". FIBA. Archived from the original on April 4, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  5. 1 2 Gilpin, Matt (February 11, 2022). "The Reeses: A Terp Family Affair". University of Maryland Athletics. Archived from the original on July 23, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  6. Ashley, Mike (November 11, 2019). "St. Frances Star, Terps Commit Angel Reese Says Maryland 'Really Great Fit'". PressBox. Archived from the original on April 23, 2022. Retrieved 23 February 2025.
  7. Northam, Mitchell (March 24, 2023). "Angel Reese is carrying her Baltimore pride through the NCAA Tournament". Baltimore Banner. Archived from the original on August 4, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  8. Cooper, Leah Faye (August 23, 2023). "Angel Reese on Double Standards, Making History and the Future of Women's Basketball". Teen Vogue. Archived from the original on September 11, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  9. Gardner, Hayes (April 3, 2023). "'She's embracing her moment': Like it or not, St. Frances grad, LSU star Angel Reese is a champion again". The Baltimore Sun. Archived from the original on August 4, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  10. Villa, Walter (September 13, 2018). "With reminders of her dad everywhere, 'Little Big Play' soars on the court, in the classroom". ESPN. Archived from the original on August 4, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  11. Heeter, Jonathan (April 20, 2018). "Top recruits shine on opening day of Nike EYBL girls tournament". Daily Press. Archived from the original on August 4, 2023. Retrieved
  12. "Madison Scott 2020 High School Girls' Basketball Profile". ESPN. Archived from the original on August 4, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  13. "Mir McLean 2020 High School Girls' Basketball Profile". ESPN. Archived from the original on August 4, 2023. Retrieved 23 February 2025.
  14. "Jakia Brown-Turner 2019 High School Girls' Basketball Profile". ESPN. Archived from the original on August 4, 2023. Retrieved 23 February 2025.