Jump to content

Angela Zachepa

Go tswa ko Wikipedia
Angela Zachepa-Muluzi
Mopalamente wa Blantyre bokone botlhaba
In office
2004–2009
Morago Ga GagweCecelia Chanzama
Ka Ga Ena
O tsetswe1983
Mosetshaba waMalawi
Mo/BakapeloAustin Muluzi
Alma materUniversity of Malawi, Polytechnic
TiroMma Matlotlo

Angela Zachepa-Muluzi ke mopolotiki le mma matlotlo o o berekileng e le leloko la palamente. O itsege ka go nna ene o monnye go fetisa batho botlha ba ba kileng ba tlhophiwa go ya palamenteng kwa Malawi, se se mo dira gore a bidiwa "ngwana wa mo ntlong".[1]

Thuto le pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Zachepa-Muluzi o na le Bachelor Degree ya matlotlo go tswa kwa University of Malawi, Polytechnic. Morago ga go aloga, o ne a simolola tiro ya gagwe e le ramatlotlo.

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a le dingwaga di le masome mabedi le motso, Angela Zachepa-Muluzi o ne a tlhophiwa go nna lelok la palamente wa kgaolo ya botlhophi ya bokone botlhaba jwa Blantyre mo ditlhophong tsa 2004. Phenyo e e ne ya mo dira motho o monnye go fetisa mapalamente mo ditsong tsa palamente ya malawi. O ne a bereka mo legatong le le lengwefela, a latlhegelwa ke ditlhopho tse di latelang tsa 2009, kgatlhanong le Cecelia Chanzama, maduo a a neng a sa a itumelela.[2][3]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Angela Zachepa-Muluzi o nyetswe ke Austin Muluzi, morwa tautona wa pele wa Malawi Bakili Muluzi.

  1. "Atupele Muluzi to engage former youngest parliamentarian, Angella Zachepa". Malawi Voice. Archived from the original on 2010-05-23. Retrieved 2025-10-24
  2. "Atupele Muluzi to engage former youngest parliamentarian, Angella Zachepa". Malawi Voice. Archived from the original on 2010-05-23. Retrieved 2025-10-24
  3. EdgeCube.com. "africanelections.org| Malawi Election News |Losing MPs seek court injunctions". www.africanelections.org. Archived from the original on 2023-04-16. Retrieved 2025-10-24