Anna Bossman
| Anna Bossman | |
|---|---|
| Moemedi wa Ghana kwa France, Portugal | |
| Assumed office Phukwi 2017 | |
| President | Nana Akuffo-Addo |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Morule a rogwa ngwaga wa 1957 Kumasi, Ghana |
| Bana | A le mongwe |
| Alma mater | Holy Child High School
Achimota School University of Ghana Ghana School of Law |
| Tiro | Mmueledi wa ditshwanelo tsa setho |
Anna Bossman (o o tshotsweng ka Morule a rogwa ngwaga wa 1957) ke molweladitshwanelo tsa setho wa kwa Ghana. Pele e ne e le mookamedi wa lephata le le kgatlhanong le tshenyetso setshabaa Afeican Devopment Bank.[1][2][3] Ka 2017, o ne a tlhomiwa moemedi wa Ghana lwa France.[4]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe kwa Kumasi,Ghana, e le ngwana wa ga Dr Jonathan Emmanuel Bossman,moemedi wa Ghana kwa United Nations kwa Geneva wa pele[5], le Alice Decker. Anna Bossman o tsene sekolo kwa Cape Coast sa Holy Child School, a tswelela kwa Achimota school. O alogile kwa University of Ghana ka dithuto tsa molao le polotiki ka 1989, a simolola go diragatsa molao kwa Ghana ngwaga oo.[6]
Tse pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go bereka e lr mothusa mmueledimogolo wa lefatshe kwa lephateng la tshiamiso la Ghana,Bossman o ne a ya go ipereka, mo dingwageng di le masome mabedi le botlhano o ne a bereka mo mohameng wa lookwane le gase le kgothetso, a bereka le dikompone tsa mafatshefatshe di akaretsa Tenneco kwa Gabon (kwa a neng a le mosadi wa ntlha go nna mokwaledi mogolo wa dikompone tsa petroleum tsa Gabon tse di neng di ikopantse), Congo, Ivory Coast, Angola le kwa Ghana, kwa e rileng ka 1996 a neng a tlhama kompone ya Bossman Consultancy Limited go ema nokeng mehama ya metlakase le kgothetso, metheo ya mafatshefatshe ga mmogo le dikompone tse di ikemetseng le babeeletsi ba dikgwebo.[7]
O ne a le mothusa molaodi wa komiti ya ditshwanelo tsa setho le tshiamiso (CHRAJ) go tswa ka 2002 go tsena 2010, kwa a neng a thapiwa e le motshwarelela molaodi.[8]
Ka Phukwi 2011, o ne a thapiwa ke African Development Bank go nna mookamedi wa lephata le le kgatlhanong le tshenyetso setshaba, maikarabelo a gagwe e le go netefatsa gore go a sekasikiwa ka tshenyo, tshenyetso setshaba le tshiamololo nngwe le nngwe.[9]
Tiro ya boemedi
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Seetebosigo 2017, o ne a thapiwa go nna moemedi wa Ghana kwa France, a kaela tautona wa France Emmanuel Macron ka Phatwe a le lesome le boraro ngwaga wa 2017 makwalo a a tlhomamisang se a leng sone.[10] O ne a nna moemedi wa Ghana kwa Portugal, le moemedi wa sennela ruri wa lefatshe la gagwe kwa UNESCO.[11]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Pele o ne a nyetswe ke ntlhopheng wa bo tonakgolo wa Burkina Faso Pierre-Claver Damiba; ba ne ba na le ngwana wa mosetsana.[12]
Dietsele tse di tlhophilweng
[fetola | Fetola Motswedi]2008- Seetsele sa Ghana sa bomme ba ba atlegileng mo ditshwanelong tsa setho le molao (Ghana National Honorary Awards of Fame)[13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Why I Do What I Do — Bossman". Realnews Magazine. 8 July 2013. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Speakers | The 15th International Anti-Corruption Conference, Brazil, 7–10 November 2012". 15iacc.org. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "16IACC – Speakers". 16iacc.org. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Interview with Anna Bossman". La France au Ghana. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Interview with Anna Bossman". La France au Ghana. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Oyuky, Yvette (4 November 2010). "NS Intro to Journalism Fall 2010: Ghana's Deputy Commissioner: Anna Bossman (Edit Three)". NS Intro to Journalism Fall 2010. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Interview with Anna Bossman". La France au Ghana. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Myjoyonline: Derick Romeo Adogla (20 June 2011). "Anna Bossman: I felt frustrated by ruling on Dr. Anane's case". Modern Ghana. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Interview with Anna Bossman". La France au Ghana. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Interview with Anna Bossman". La France au Ghana. Retrieved 2025-10-28
- ↑ ANNA BOSSMANAmbassador of Ghana to France
- ↑ Oyuky, Yvette (4 November 2010). "NS Intro to Journalism Fall 2010: Ghana's Deputy Commissioner: Anna Bossman (Edit Three)". NS Intro to Journalism Fall 2010. Retrieved 28 october 2025
- ↑ "Meet Our New Ambassador" Archived 2019-04-23 at the Wayback Machine, Ghana Embassy, Paris.