Jump to content

Annah Gela

Go tswa ko Wikipedia
Annah Gela
Leloko la palamente ya Aforika Borwa
In office
Motsheganong a le amsome mabedi le bobedi ngwaga wa 2019  Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2024
Ka Ga Ena
Mosetshaba wamo Aforika Borwa
MokgatlhoAfrican National Congress

Annah Gela ke mopolotiki wa phathi ya African National Congress (ANC) o e neng e le leloko la palamente ya Aforika Borwa go tswa ka 2019 go tsena 2024.

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Gela o feditse dithuto tsa ketelelo pele mmasepala kwa University of Pretoria. O feditse gape thuto ya go tsamaisa setšhaba ya Siyakhala Trust.[1]

Ke leloko la African National Congress, o berekile e le motlhokomedi mogolo wa phathi eo kwa mmasepaleng wa Westonaria go tswa ka 2008 go tsena 2016.[1]

Kwa bokopanong jwa lekgotla la bomme ba African National Congress la kgaolo jo bo neng bo tshwerwe ka Phatwe 2023, Gela o ne a tlhophiwa mothusa mokwaledi wa kgaolo a fenya Sylvia Mcungeli.[2]

Tiro ya palamente

[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga ditlhopho tsa lefatshe tsa Motsheganong a robabobedi ngwaga wa 2019, o ne a neelwa maemo a masome mabedi le bobedi mo lenaaneng la ANC la Gauteng.[3] O ne a tlhophiwa go ya palamenteng kwa ditlhophong tseo[4], a tlhomamisiwa jaaka leloko la palamente ka Motsheganong a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2019.[5]

Kwa palamenteng, o berekile mo komiting ya botsogo.[6]

  1. 1 2 "Gela, Annah". African National Congress Parliamentary Caucus. Retrieved 17 November 2025
  2. Moichela, Kamogelo (8 August 2023). "Faith Mazibuko elected as new Gauteng ANC Women's League Chairperson". Independent Online. Retrieved 18 November 2025
  3. "ANC national and provincial lists for 2019 elections". Politicsweb. 17 March 2019. Retrieved 18 November 2025
  4. "SEE: These are the people who will represent you in Parliament, provincial legislatures". News24. 15 May 2019. Retrieved 18 November 2025
  5. "Annah Gela". People's Assembly. Retrieved 18 November 2025
  6. "Portfolio Committee on Health - Parliament of South Africa". Parliament of South Africa. Retrieved 18 November 2025