Jump to content

Anne-Marie Essy Raggi

Go tswa ko Wikipedia

Anne-Marie Essy Raggi (née Thomas;O belegwe ka di 8 Phalane 1918 - o tlhokafetse ka di 19 Phalane 2004) e ne e le mopolotiki wa kwa Ivory Coast le letshwao la ntwa kgatlhanong le bokoloniale. O ne a etelela pele mogwanto wa basadi kwa Grand-Bassam, e ne e le leloko la tlotlo la lekgotla la bosetšhaba la Ivorian Women's Association, le Tautona wa AFI ya Grand-Bassam. [1][2]

Kitso ka gagawe

[fetola | Fetola Motswedi]

Botshelo le thuto Anne-Marie Essy Raggi o tsholetswe kwa Lauzoua, kwa Divo, ka October 8, 1918. O ne a tsena sekolo sa Sisters of Notre Dame des Apôtres kwa Moossou. O ne a tlhokafala ka October 19, 2004, kwa Avicenne Clinic kwa Abidjan-Marcory. Gape e ne e le Mofora ka lenyalo la gagwe le Louis Raggi. [3]

Boitsaanape

[fetola | Fetola Motswedi]

Go batla go gololwa ga batho ba sepolotiki ba kwa Ivory Coast ba ba neng ba tshwerwe ke puso ya bokoloniale ya Fora, Anne-Marie Essy Raggi o ne a etelela pele, mmogo le ba bangwe ba ba neng ba tshwerwe, go akaretsa le Marie Koré, mogwanto wa basadi kwa Grand-Bassam, mokgatlho wa boipelaetso o o simolotsweng ke basadi ba kwa Ivory Coast, ba ba neng ba tswa kwa Abidjan go ya Grand-Bassam go tloga ka Sedimonthole 22 go ya go 24, 1949. [ 4]

Anne-Marie Essy Raggi o itsege gape ka go nna le seabe mo dipolotiking le mo mekgatlhong e mengwe. O ne a direla jaaka mokwaledi-kakaretso wa komiti ya basadi ya PDCI-RDA Sub-Section ya Grand-Bassam go tloga ka 1946 go fitlha ka 1974, leloko la tlotlo la lekgotla la bosetšhaba la Ivorian Women's Association (AFI), moporesidente wa Ivorian Women's Association ya Grand-Bassam, leloko la Economic and Social Council go tloga ka 1976 go fitlha ka 2000, le motlatsa ratoropo wa Grand-Bassam ka fa tlase ga Jean-Baptiste Mockey go tloga ka 1980 go fitlha ka 1985.[ 5][6]

Ditse a di fitlheletseng

[fetola | Fetola Motswedi]

Anne-Marie Essy Raggi o ne a amogela dikgabiso di le mmalwa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe go ralala botshelo jwa gagwe kwa Fora le Ivory Coast. O ne a abelwa Grand Cross National, officer of the National Order, mme a kgabisitswe ka Order of the Ram.[ 7][8]

[1] "Des figures incroyables". Elle Côte d'Ivoire (in French). 2021-08-06. Retrieved 2022-07-06.

[2] "Hommage à Anne Marie Raggi". IRMA GRAND BASSAM (in French). Retrieved 2022-07-06.

[3] "Journée de la femme : Un zoom sur Anne-Marie Raggi, combattante de la lutte anti-coloniale aux 4 « nationalités» | AbidjanTV.net". 2019-03-08. Retrieved 2022-07-06.

[4] SANGARE, Mohamed. "Côte d'Ivoire: RAGGI ANNE-MARIE, HONNEUR À LA GRANDE AMAZONE DE LA MARCHE SUR GRAND-BASSAM". Mediapart (in French). Retrieved 2022-07-06.

[5] SANGARE, Mohamed. "Côte d'ivoire : qu'est ce qu'on attend pour rebaptiser le Boulevard Giscard d'Estaing en Boulevard Anne-Marie Raggi?". Mediapart (in French). Retrieved 2022-07-06.

[6] YECLO.com (2019-03-08). "Journée de la femme : Lumière sur Anne-Marie Raggi, combattante de la lutte anti-coloniale aux 4 "nationalités"". YECLO.ci (in French). Retrieved 2022-07-06.[dead link]

[7] "Rezo-Ivoire .net | anne marie raggi". rezoivoire.net. Retrieved 2022-07-06.

[8] "Rezo-Ivoire .net | raggi anne marie la grande amazone de la marche sur grand bassam". rezoivoire.net. Retrieved 2022-07-06.