Jump to content

Anne Kansiime

Go tswa ko Wikipedia

Anne Kansiime Kubiryaba ( o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le lesome le boraro ka ngwaga wa 1986),o itsiwe botoka ka Anne Kansiime,ke monatitshi wa Ugandan,motlhatlhodi wa metlae,le motshameki wa mme.O ne a itsiwe ka ''Africa's Queen of Comedy'' ke bangwe ba African media outlets.[1][2][3]

TSA PELE LE THUTO

[fetola | Fetola Motswedi]

O tshotswe kwa Mparo mo Rukiga District, mo Western Region of Uganda. Ka nako ya fa a tsholwa, Mparo e ne e le karolo ya Kabale District. Rraagwe e ne e le mosebeletsi wa banka yo o neng a setse a tlogetse tiro, mme mmagwe e le housewife. Kansiime o ne a tsena sekolo kwa Kabale Primary School. Go dira O-Level le A-Level, o ne a ithuta kwa Bweranyangi Girls' Senior Secondary School kwa Bushenyi. O na le Bachelor of Arts in Social Science go tswa kwa Makerere University.[1][4]

Go simolola ka 2007, a sa ntse a le mo thutong ya gagwe kwa Makerere University, Kansiime o simolotse go tsaya karolo mo dikgaisanong tsa metlae tse di dirwang ke setlhopha sa Theatre Factory, se se neng se tshameka kwa Uganda National Theatre mo Kampala's central business district. Fa Theatre Factory e kgaogana, o ne a tsenelela Fun Factory, e e neng ya tsaa sebaka fa ya pele e sena go kgaogana. Setlhopha seo se tshameka ka Labone mongwelemongwe mo maitsiboeng. Dikgatiso tse di gaisang di ne di bonwa mo NTV Uganda mo lenaneong la Barbed Wire TV, le le ileng morago la nna U-Turn. O ne a dira mmogo le Brian Mulondo e le wa dituediso tsa boTaxi mo letlotlong la MiniBuzz mme a neelana ka metlae ya ditshwantsho tsa motshikinyego e e bontshang dikgang tsa malatsi tse bapalami ba di taxi ba di buang.[4] Go ya ka dipuisano tse a di buileng ka ngwaga wa 2014, Anne o ne a simolola go supa ditshwantsho tsa gagwe tsa metlae mo YouTube. O ne a amogela karabo e e siameng mme seo sa mo kgothatsa go tsenya ditshwantsho tsa gagwe dingwe gape. Katlego ya gagwe kgatlhanong le setshwantsho e ne ya fitlhelela fa Citizen TV go tswa mo Kenya e mo neela sebaka sa go tlhagisa, go kgaisa le go tsamaisa lenaneo la metlae gangwe mo bekeng. Ke gone jaaka ka fa a neng a tlhama lenaneo la Don't Mess With Kansiime.[5] Go tloga ka November 2014, channel ya gagwe ya YouTube e ne e setse e bonwe ke batho ba feta 15 million . Ditshwantsho tsa gagwe tsa YouTube di amogela ditlhagiso ka diketekete mme o setse a bonala mo BBC Focus on Africa. O kile a tshamekela mo mafelong a a tletseng batho mo Blantyre, Gaborone, Kigali, Kuala Lumpur, Lagos, Lilongwe, London, Lusaka le Harare.[3]

DIKAKANYO TSE DINGWE

[fetola | Fetola Motswedi]

Le fa a na le maikarabelo a mantsi a go tshameka mo metshamekong ee, Kansiime o tsweletse go itshupa le go etela mafatshe ka metlae ya gagwe ya go ema fa pele e le mokgweetsi wa metlae. Mokgwa wa gagwe wa metlae o ikaega thata ka dikarolo tsa botshelo jwa gagwe. “Ke rata go bua ka dilo tse di diragalang mo botshelong, ka gonne dilo tseo di nna ntse di farologane ebile di tla nna ntse di le teng,” o rialo. O ne a nyetswe ke Gerald Ojok, yo o tswang mo Acholi. Ka kgwedi ya Ngwanatsele 2017, ba ne ba kgaogana ka fa molaong. Ba ne ba sena bana mo lenyalong la bone. Ka nako eo, o ne a ntse a phutheletsa kopelo ya dipina tsa bana, e a neng a ikaeletse go e ntsha kgabagare mo 2015.[3]

DIPALOPALO TSA DITSHWANTSHO TSA MOTSHIKINYEGO

[fetola | Fetola Motswedi]
Year Filimi/Lenaneo la Setshwantsho sa motshikinyego Seabe Dikgatiso
2018 Girl From Mparo[6] Anne kansiime sitcom
2014 Don't Mess With Kansiime Kansiime_Protagonist
2022 Kanseeme Reality show
2024 Juniors Drama Club ka Glucose

MEKGETHO YA TLOTLO YA GAGWE

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Honorary recognition by the SIIKETV Rising Star Academy Awards, the "Queen of Comedy" 2018[7]
  • Comedy YouTube Sub-Saharan Africa Creator Award 2016[8]
  • Outstanding Female Comedian 2016[9]
  • Teeniez Funniest Comedian 2016[10]
  • African Entertainment Awards USA, Best Comedian's Award 2015[11]
  • Rising Star – Comedian of the Year 2015[12]
  • African Oscar Award for favorite comedian 2015[13]
  • Nollywood & African People's Choice Award for favorite comedian 2015[14]
  • YouTube silver play button 2015[15]
  • AIRTEL Women of Substance Awards 2014[16]
  • BEFFTA 2013 (Best Comedian) Winner[17]
  • Lagos International Festival 2013 (Best Actress) Winner[18]
  • Social Media Awards (Favorite Celebrity) winner[19]
  • African Social Awards Malaysia (ASAM) – 2013[20]

THUSO YA BOPELONOMI

[fetola | Fetola Motswedi]

Anne Kansiime, ka mokgatlho wa gagwe wa bopelonomi o o bidiwang The Kansiime Foundation, o thusa bana ba ba tlhokang mme ba ntse ba le botlhale ka go dira jalo gre ba nne mo dikolong. Gompieno o tshegetsa bana ba fetang masome a mararo le botlhano gotlhe mo dikolong tse dipotlana le tse di kgolwane.

Anne Kansiime o tsaya karolo gape le mo dikgwebong tsa boitapoloso. O tsamaisa Kansiime Backpackers, e e leng kwa mabopong a Letsha la Bunyonyi, mme e fa o leba sentle letsha leo le mo Kgaolong ya Kabale, Uganda.

  1. 1 2 Umutesi, Doreen (4 July 2013). "Rwanda: Queen of Comedy Anne Kansiime Speaks About Her Journey to Stardom". New Times (Rwanda) via AllAfrica.com. Retrieved 26 February 2015.
  2. Rubagumya, Ikilezi (31 May 2013). "Kansiime Anne: Uganda's Queen of Comedy". Cimamag.com. Archived from the original on 4 February 2015. Retrieved 26 February 2015.
  3. 1 2 3 Mubangizi, Odomaro (4 December 2014). "Uganda: Anne Kansiime – A Philosophical Inquiry into The Political Economy of Humour". AllAfrica.com. Retrieved 26 February 2015.
  4. 1 2 Wanjala, Christine W. (16 February 2013). "Ann Kansiime: The Story of A Funny Lucky Girl". Daily Monitor (Kampala). Archived from the original on 3 March 2016. Retrieved 26 February 2015.
  5. Muli, Lilian (10 May 2014). "Lillian Muli's Interview With Anne Kansiime on Citizen TV One on One (2-Part Video)". Naibuzz.com. Archived from the original on 19 February 2015. Retrieved 26 February 2015.
  6. [permanent dead link]
  7. "SIIke TV Crowns Anne Kansiime, the "Queen of Comedy"". SIIKETV Rising Star Academy Awards. 14 June 2018. Retrieved 14 June 2018.
  8. "Google Launches YouTube Sub-Saharan Africa Creator Awards". Face2Face Africa. 15 November 2016. Retrieved 10 November 2017.
  9. "Nail It Like Anne Kansiime: Career Lessons We Can Learn From The African Queen of Comedy – Accelerate Your Ambition". 22 March 2017. Archived from the original on 11 November 2017. Retrieved 10 November 2017.
  10. "Buzz Teeniez Awards 2016: Full List of Winners". 14 May 2016. Archived from the original on 6 June 2017. Retrieved 28 January 2018.
  11. "Anne Kansiime Scoops African Entertainment Awards USA, Best Comedian's Award". 10 November 2015. Archived from the original on 29 January 2018. Retrieved 28 January 2018.
  12. "Rising Star Awards 2015 successful [Full list of winners]". 25 October 2015. Archived from the original on 29 January 2018. Retrieved 28 January 2018.
  13. "Kansiime wins 'African Oscar' for favorite comedian – Daily Nation]". 5 August 2015.
  14. "Anne Kansiime Wins The Nollywood & African People's Choice Award For Favorite Comedian". 4 August 2015. Archived from the original on 29 October 2021. Retrieved 28 January 2018.
  15. "YouTube Rewards Anne Kansiime with a Silver Play Button". 9 April 2015.
  16. "Top Women receive Airtel Women of Substance Awards". 14 March 2014. Archived from the original on 29 October 2021. Retrieved 28 January 2018.
  17. "Uganda's Anne Kansiime and Dr. Jose Chameleone Win BEFFTA Awards". 26 October 2013. Archived from the original on 1 November 2021. Retrieved 28 January 2018.
  18. "Anne Kansiime, the winner of The Lagos International Film Festival Best Actress". 20 September 2013. Archived from the original on 29 January 2018. Retrieved 28 January 2018.
  19. "Awards honour social media enthusiasts". 17 November 2013.
  20. "Kansiime To Scoop Award in Malaysia". 26 November 2013. Archived from the original on 29 January 2018. Retrieved 28 January 2018.