Anthony Enahoro
Kgosi Anthony Eromosele Enahoro CFR (o o tshotsweng ka ngwaga wa 1923, Phukwi a le masome a mabedi le bobedi, a tlhokafala ka ngwaga wa 2010, Morule a le lesome le botlhano)[1] e ne e le mongwe wa balweladitshwanelo ba ntlha ba ba kgatlhanong le bokolone ba lwela puso ya batho ka batho kwa Nigeria.[2]
Ke ngwana wa ntlha wa bana ba le lesome kwa Uromi, kwa e leng kgaolo ya Edo kwa Nigeria. Batsadi ba gagwe ba lotso lwa Esan e ne e le Anastasius okotako Enahoro (o o tsotshweng ka 1900 a tlhokafala ka 1968) le Fidelia Victoria Inibokun o pele ga lonyalo e neng e le Ogbidi Okojie (o o tsotshweng ka ngwaga wa 1906 a tlhokafala ka 1969).[3] Enahoro o ne a na le tiro ya maemo mo dikgangnyeng, polotiki, tiro ya mo gae le go lwela puso ya batho ka batho. O tsene sekolo kwa sekolong sa puso sa uromi, Owo le kwa King's College kwa Lagos.[4]
Enahoro o nnile mokwadi wa pampiri ya dikgang ya ga Nnamdi Azikiwe, ya Southern Nigerian Defender ya Ibadan ka ngwaga wa 1844 a le dingwaga di le masome mabedi le motso, se se mo dira mokwadi o mmotlana go feta bakwadi botlhe kwa Nigeria.[5] Morago o ne a nna mokwadi wa pampiri ya Zik's Comet kwa Kano ka ngwaga wa 1945 go tsena 1949, a nna mothusa mokwadi wa West African pilot kwa Lagos, a bo a nna mokwadi mogolo wa Morning Star go tswa ka 1950 go tsena 1953.[6]
Ka ngwaga wa 1953, Enahoro o ne a nna ene wa ntlha go sutisa gore lefatshe la Nigeria le tseye boipuso, mo go neng ga dumalanwa ka ngwaga wa 1960, morago ga dipoelo morago tsa sepolotiki kwa palamenteng di le mmalwa.[7] Enahoro o supiwa ke baithuti le batho ba Nigeria ba le bantsi e le "rrago kgaolo ya Nigeria."[2]
Tshutiso ya gagwe ya gore lefatshe la Nigeria le tseye boipuso e ne ya nna le dipoelo morago kwa palamenteng, ka maloko a palamente a kwa bokone a tswa mo palamenteng e ise e nne nako ka ntlha ya tshutiso e.[8] Le ntswa go ne go reteletse mo palamenteng, letsholo le le itsegeng thata le ne la simololwa ka ntlha ya tshutiso e, kgatelelo e le kgatlhanong le bokolone go na le diphuduego tsa boipuso jwa Nigeria, kgotsa go ikemela. SL Akintola o ne a leka go boela gape kwa tshutisong e ya boipuso jwa Nigeria ka ngwaga wa 1957, le ntswa tshutiso ya gagwe e ne ya dumalanwa ke palamente, e ne ya seka ya dumalanwa ke babusi ba dikolone tsa Britain ka jalo ya retelelwa.[9]
Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 1958, Remi Fani-Kayode o ne a boela gape kwa tshutisong ya ga Enahoro, tshutiso e e ne ya dumalanwa gape ke palamente mme letsatsi le ne la seka la amogelwa ke ba Britain. Tshutiso ya ga Fani-Kayode e ne e kopa gore lefatshe la Nigeria le neelwe boipuso ka Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1960. Tshutiso e nngwe e oketsa tshutiso ya ga Enahoro e ne ya ntshiwa kwa palamenteng ke Sir Abubakar Tafawa Balewa ka ngwaga wa 1959, mme ya dumalanwa.[10] Ka ntlha ya kgatelelo e, moeteledipele wa kolone o ne a itsise ka tshwetso ya puso ya Britain ya go neela Nigeria boipuso ka ngwaga wa 1960. Lefatshe la nigeria le ne la neelwa boipuso ka ngwaga wa 1960, Phalane a rogwa.[11]
Botshelo jwa gagwe a santse a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Anthony Enahoro o tshotswe e le ene ngwana wa ntlha mo baneng ba le lesome kwa motseng wa Onewa, kwa Uromi kwa e leng kgaolo ya Edo gompieno kwa Nigeria. Bangwe ba batsalwa le ene ba akaretsa moemedi wa lefatshe kwa mafatsheng a sele Edward, mmega dikgang Peter, morutuntshi Henry, Mike Enahoro, mmega dikgang wa setshwantso sa motshikhinyego sa Nigerian Television Authority Ben, Dan, Bess, Chris le Emmanuel. Batsadi ba gagwe ba morafe wa Esan e ne e le Anastasius Asulinmen "Okotako" Enahoro (o o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1986), le Fidelia Inibokun o pele ga a nyalwa a neng a bidiwa Ogbidi Okojie (o o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1969) o e neng e le mohumagatsana mo bogosing jwa Nigeria.[6] Enahoro o nnile le tiro ya maemo mo go tsa bobega dikgang, polotiki, le bdirela puso, ga mmogo le go emela letsholo la puso ya batho ka batho.
O tsene dikolo kwa sekolong sa Goromente sa Uromi, kwa Owo le kwa King's College kwa Lagos. Enahoro o nnile morulaganyi wa pampri ya dikgang ya ga Nnamdi Azikiwe ya Southern Nigerian Defender kwa Ibadan ka ngwaga wa 1944 a le dingwaga di le masome mabedi le motso. Fa a santse a le moithuti kwa King's College, Enahoro o ne a tsaya karolo mo kgaratlhong ya kgololesego ya Nigeria kgatlhanong le molao wa bokolone ka dingwaga tsa 1940 di simologa, se sa baka tsuologo ya baithuti kwa sekolong seo kwa Lagos kwa a neng a le moeteledipele wa baithuti. O ne a le kwa godimo mo go tsa polotiki ka nako ya diphetogo. O ne a isediwa go baka dipheretlhego kwa kgolegelong gabedi ke puso ya bokolone, ka tsebe e a neng a e kwadile e sotla molaodi wa pele, le mafoko a go tweng a ne a gwetlha sesole sa Nigeria se se direlang sesole sa Britain. Batho ba Britain ba ne ba mo tshwaya e le motho o gotetsang molelo, mme le fa a isiwa kgolegelong la boraro, o ne a simolola go ela tlhoko gape maemo a gagwe.[12]
Polotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1950 ene le Arthur Prest ba ne ba tlhama Mid-west party. Enahoro o ne a setse a simolotse Mid-West press a gatisitse pampiri ya dikgang ya The Nigerian go tswa ka ngwaga wa 1950 go tsena 1953. Mid West Party e ne ya nna bontlha bongwe jwa setlhopha sa Action ka ngwaga wa 1951.[13] Enahoro e ne e le motsaya karolo wa dikopano tsa molao motheo tse di tswerweng pele ga boipuso jwa Nigeria ka ngwaga wa 1960.[12]
Ka nako ya dikgoberego kwa Nigeria tse di nnileng morago ga go thankgola puso ga sesole ga ngwaga wa 1966, Enahoro e ne e le moeteledipele wa setlhopha sa Mid West kwa bokopanong jwa molaomotheo kwa Lagos. Morago o ne a nna tona wa dintlha le pereko ka fa tlase ga puso ya sesole ya ga Yakubu Gowon go tswa ka 1967 go tsena 1974; a nna molaodi wa ditiro tse di faphegileng ka ngwaga wa 1975. Morago o ne a nna leloko la phathi ya Nationa Party kwa Nigeria go tswa ka 1978 go tsena 1983. O ne a le tautona wa meletlo ya mafatshefatshe ya botaki le ngwao tsa batho bantsho.[14]
Enahoro e ne e le modulasetilo wa setlhopha se se neng se buelela puso ya batho ka batho sa National Democratic Coalition (NADECO), se se neng se lwantsha mmusaesi Sani Abacha go fitlhelela Abacha a tlhokafala. Enahoro o ne a neetswe maemo a tlotla ya bolaodi, ya lefatshe e e bidiwang CFR ka ngwaga wa 1982, ebile e le modulasetilo wa letsholo la diphetogo tsa lefatshe la Movement for National Reformation MNR, le lekgotla la Pro National Conference Organisation (PRONACO). O ne a neelwa seetsele sa tlotla ke sekolo se segolwane sa ithuetlo ditiro sa Benin ka ngwaga wa 1972. Dikgatiso tsa gagwe di akaretsa tumalano ya Fugitive Offender.[15][16][17]
Dipheretlhego kwa bophirima jwa Nigeria
[fetola | Fetola Motswedi]Ka nako ya dipheretlhego tsa ngwaga wa 1962 kwa kgaolong ya bogologolo ya bophirima, o ne a tshwarwa le maloko a mangwe a setlhopha sa Action. Ba ne ba lebisitswe molato wa go batla go menola puso ka nako ya tsheko ya Alowolo ya go thankgola puso, Enahoro o ne a iphalotsa a feta ka lefatshe la Ghana go ya United Kingdom ka ngwaga wa 1963, lefatshe la Nigeria le ne la kopa go neelwa Enahoro ka fa tlase ga molao wa 1881 wa badira molato ba batshabi, ba itsa kopo ya gagwe ya botshabi jwa sepolotiki. Ka ngwaga wa 1963, moeteledipele o mošha wa phathi ya Labour Harold Wilson, o ne a lemoga go tlhabisiwa ditlhong mo go bakilweng ke go tshwarwa le go isiwa kgolegelong ga ga Enahoro. Phathi ya Labour e ne ya tlhasela ntlo e e kwa tlase ya palamente, ka kemo nokeng ya phathi ya Tories, ba enngwe nokeng ke moferefere o o neng o tsositswe ke dipampiri tsa dikgang. O kile a nna mongwe wa batho ba ba itsegeng thata kwa Britain ba Nigeria.[18] E ne e le modira molato wa motshabi o o bakileng ngangisano e e tsereng malatsi kwa palamenteng ka ngwga wa 1963 fa a lwantsha go gololwa ga gagwe.
Tiro ya ga Enaharo e ne ya nna kgang ya ditshwanelo tsa setho kgatlhanong le go nna sebete se molangwana ga puso ka keletso ya go sa kgopise lefatshe la nigeria, le go baya tona Harold Macmillan, le mokwaledi wa gagwe Henry Brooke mo maemong a a sa siamang.
O ne a busiwa kwa United Kingdom a tshwarelwa go menola puso. Ka ngwaga wa 1966, o ne a gololwa ke puso ya sesole.[19]
Metshameko
[fetola | Fetola Motswedi]Enahoro o goletse mo metshamekong. O tshamikile golf ebile e le molatedi wa cricket wa maemo a ntlha. O ne a atlega mo go tsa metshameko kwa sekolong sa King's College, ebile o supiwa e le motho wa nigeria wa ntlha go nna le boloko jwa setlhopha sa golf kwa Nigeria. O ne a kgona go fitlhelela go tsisa dipalo tsa gagwe tsa bokgone kwa dipalong tse dingwe fela mo tirong ya gagwe ya go tshameka golf. E ne e le ene o o gwetlhileng go tsisa FESTAC kwa Nigeria ka ngwaga wa 1970, ka nako e Muhammad Ali le Pele ba neng ba etetse lefatshe go tlotlomatsa.
Bana ba gagwe botlhe ba ne ba atlega mo metshamekong ka nako ya ba tsena dikolo le dingwaga tsa sekolo sa ithutelo ditiro, ba tshameka kgwele ya dinao, rugby, golf le thenase. Kenneth (o o tshotsweng ka 1953 a tlhokafala ka 2017) le Eugene e ne e le batshameki ba tlhwatlhwa ba golf, ebile e le basimolodi ba mokgatlho wa matlhatso wa Benin Golf Club. Annabella o ikatisetsa pilates, fa Gabriel e le mopagami wa baesekele wa tlhwatlhwa.
Tse a di tlogetseng
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1953, Anthony Enahoro o ne a simolola tshutiso ya puso kwa ntlong ya bophirima ya palamente, mo go neng ga felela go baka boipuso jwa lefatshe la Nigeria ka Phalane a rogwa ngwaga wa 1960.[12]
Lolwapa
[fetola | Fetola Motswedi]Enahoro o ne a tlogela mosadi wa gagwe Helen (o a neng a fana ka Ediae pele ga lonyalo) ( a tshotswe ka ngwaga wa 1933 a tlhokafala ka wa 2012), bana ba le batlhano, bana ba bana ba le mmalwa le dikokomane.[12]
Dibuka
[fetola | Fetola Motswedi]O gatisitse buka ya :
- Fugitive Offender: polelo ya legolegwa la motshabi
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Asika-Enahoro, Maureen (2018-12-15). "Remembering Anthony Eronsele Enahoro: Adolor of Uromi, Okaku"o of Edoland". The Guardian. Retrieved 16 July 2025.
- 1 2 Muoka, Chidera (2017-10-01). "Five Independence Day Heroes". The Guardian. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "Biography – Anthony Enahoro Foundation". Retrieved 16 July 2025.
- ↑ Adesulu, Dayo (2016-09-29). "Nigeria at 56: What Education was like before independence". Vanguard. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "Chief Anthony Enahoro speaks!". Sahara Reporters. 2006-01-01. Retrieved 16 July 2025.
- 1 2 "Enahoro:Tribute to a statesman". Vanguard. 2010-12-26. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "Resting places of some Nigeria's independence heroes". The Punch. 2020-10-03. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "Anthony Enahoro, A Journalist Who Moved Motion For Nigeria's Independence In 1953". Nigerian Tracker. 2021-02-25. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "Who Moved The Motion For Nigeria's Independence, By Fani-Kayode". Premium Times. 2013-05-02. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "The truth about the motion for Nigeria's independence". Daily Trust. 2010-10-10. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "Nigeria - Independent Nigeria". Britannica. Retrieved 16 July 2025.
- 1 2 3 4 Whiteman, Kaye (2011-02-08). "Chief Anthony Enahoro obituary". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ Professor Henry Louis Gates, Jr.; Professor Emmanuel Akyeampong; Mr. Steven J. Niven (2012). Dictionary of African Biography. Oxford University Press. p. 302. ISBN 978-0-19-538207-5.
- ↑ "Heroes of the struggle for Nigeria's independence/pioneer political". The Guardian. 2020-10-01. Retrieved 16 July 2025
- ↑ Sklar, Richard L. (1963). Power in an Emergent African Nation. Princeton Legacy Library. Princeton University Press. p. 269. ISBN 1400878233. JSTOR j.ctt183q1zx.
- ↑ Fani-Kayode, Femi (2010-09-27). "The Truth About the Motion for Independence". Leadership. Retrieved 16 July 2025 – via allAfrica.
- ↑ "Enahoro was a titan, says Fani-Kayode". Vanguard. 2010-12-15. Retrieved 16 July 2025
- ↑ "Chief Enahoro (Hansard, 21 March 1963)". api.parliament.uk. Retrieved 16 July 2025.
- ↑ "Anthony Enahoro". Zaccheus Onumba Dibiaezue Memorial Libraries. Retrieved 16 July 2025
