Jump to content

Aruna Vasudev

Go tswa ko Wikipedia

Aruna Vasudev (o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele e thola bongwe (1) ka ngwaga wa 1936 [1] abo a thokagala ka kgwedi ya Lwetsee thola botlhano (5) ka ngwaga wa 2024) e ne e le motshwayadiphoso wa Moindia, mokwadi, morulaganyi, motaki, le modiri wa ditokomane yo o neng a tsewa jaaka mokanoki yo o itsegeng thata mo cinema ya Asia,[2][3] mme a tlhalosiwa jaaka "mmaagwe Cinema ya Asia". [4]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgaitsadie Uma Vasudeva, o tshotswe ka ngwaga wa 1936. Morago ga go nyala Sunil Kumar Roy, morutabana wa India, o ne a tlhopha go nna a ntse a dirisa leina la gagwe la pele.[5]

Mohumagadi wa gagwe Sunil Roy o tlhokafetse kwa New York ka ntlha ya kankere ka ngwaga wa 1993, morago ga go dira jaaka Moemedi wa India kwa Poland, morago kwa Mexico, le Mokomišenara wa Bogolo kwa Nigeria.[6]

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1960, o ne a tsenela dithuto tsa filimi kwa New York kwa rraagwe a neng a dira teng mme o ne a dira difilimi tse dikhutshwane di le mmalwa morago ga go boela kwa India. O ne a amogela dikirii ya bongaka go tswa kwa Yunibesithing ya Paris ka cinema le censorship. [7] Thesis ya gagwe ya PhD e ne ya phasaladiwa jaaka buka e e nang le setlhogo sa Liberty and Licence in the Indian Cinema ka ngwaga wa 1979.[2]

Bosheng jaana Vasudev o ne a direla jaaka motsamaisi wa Osian's-Connoisseurs of Art Private Limited.[3][8]O ne gape e le mongwe wa baemedi ba Public Service Broadcasting Trust kwa India. [9]

O simolotse jaaka motshameki yo mosha a thusa mo dikamoreng tsa makeup tsa Doordarsan ka ngwaga wa 1960.[10]

O simolotse Cinemaya ka ngwaga wa 1988 jaaka kgatiso e e supang batlhami ba difilimi go tswa kwa Asia. Ka ngwaga wa 1991, o ne a tlhoma NETPAC e e itsegeng lefatshe ka bophara jaaka mokgatlho o o tsweletsang pele lebaka la difilimi tsa Asia.[5]

Go tloga ka ngwaga wa 1990, e ne e le Moporesidente kgotsa leloko la jury ya meletlo ya difilimi ya boditšhabatšhaba go akaretsa Karlovy Vary, Locarno, Cannes (Camera d'Or), Las Palmas, Pusan, Singapore, Fajr (Tehran), le Antalya.

Ka kgwedi ya 5 Lwetse e thola botlhano (5) ka ngwaga wa 2024, go ne ga itsisiwe gore Vasudev o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a boferabobedi le bosupa (87).[1]

Ditlotla le dikgele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditlotla

O ne a tlhophiwa go nna Cavaliere della Stella della Solidarietà Italiana kangwaga wa 2004, [11] ka ngwaga wa 2019 Vasudev o ne a tlotliwa ke Puso ya Fora jaaka Officier des Arts et des Lettres, [12]ditlotlomatso tse di kwa godimo go tswa kwa dinageng tse pedi tse dikgolo tse di tlhagisang difilimi, Italy le Fora.[5]

Dimpho

Ka ngwaga wa 1997, Vasudev o ne a gapa Sekgele sa Cinema sa Korea kwa Pusan International Film Festival.

Ka ngwaga wa 2006, Vasudev o ne a amogela Lifetime Achievement Award kwa Cinemanila International Film Festival.

Ka ngwaga wa 2015, Vasudev o ne a tlotliwa ka Lifetime Achievement Award kwa kgatisong ya 2 ya International Film Festival ya Colombo [1]ka ntlha ya seabe sa gagwe mo go beeng dibaesekopo tsa Asia mo mmapeng wa boditšhabatšhaba. [13]Mo Moletlong wa Ditšhabatšhaba wa Difilimi wa kwa Hawaii mo go one ngwaga oo, Vasudev o ne a gapa Sekgele sa Vision in Film.

Mokete wa Difilimi wa Tripoli[14] o biditse sekgele sa one sa go Kwala go go Gaisang ka Cinema jaaka Sekgele sa  Aruna Vasudev .[4]

  1. 1 2 3 Aruna Vasudev, 1936 – 2024
  2. 1 2 "Lifetime Achievement Awards - Aruna Vasudev and Adoor Gopalakrishnan". IFFCOLOMBO 2015 - International Film Festival of Colombo 2015. Archived from the original on 6 March 2019. Retrieved 22 November 2017.
  3. 1 2 "Aruna Vasudev: Executive Profile & Biography - Bloomberg". www.bloomberg.com. Retrieved 22 November 2017.
  4. 1 2 "Aruna Vasudev gets 4 lifetime awards in 1 year". asianage.com/. 22 January 2016. Retrieved 22 November 2017
  5. 1 2 3 "Power Moment: Aruna Vasudev". Verve Magazine. 7 July 2016. Retrieved 22 November 2017
  6. www.nytimes.com
  7. www.in.ambafrance.org
  8. "www.osians.co.in". Archived from the original on 30 December 2022. Retrieved 30 December 2022
  9. www.psbt.org
  10. "The Telegraph - Calcutta : Weekend". www.telegraphindia.com. Archived from the original on 1 January 2007. Retrieved 22 November 2017.
  11. www.presidenti.quirinale.it
  12. www.tribuneindia.com
  13. Ramakrishnan, T. (27 October 2015). "Adoor, Aruna Vasudev to be honoured at Colombo Film festival". The Hindu. ISSN 0971-751X. Retrieved 22 November 2017.
  14. www.tripoli-filmfestival.org