Asaba (singer)

Mary Asombang Asaba, (o belegweka di 7 Phukwi 1992), o itsege ka leiia la Asaba[1] ke moopedi, mokwadi wa dipina le moooki wa kwa Cameroon. O belgwe kwa Muea, Buea.
kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Asaba o tswa kwa lefapheng la Lebialem, tota go tswa mo morafeng wa Bangwa wa kgaolo ya borwabophirima jwa Cameroon, Asaba o belegwe ka 7 Phukwi 1992 kwa Muea, mo kgaolong ya Buea. O ne a godisiwa ke mmaagwe a le nosi. Ka nako ya fa a ne a le kwa sekolong sa poraemari le sa sekontari, o ne a fiwa direto tse di jaaka Choir Mistress, Bagis, Delta State, DJ Christina, jalo le jalo.[2] ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa go itumedisa batho. Fa a ntse a gola, o ne a rotloediwa ke bataki ba ba jaaka Charlotte Dip anda, Whitney Houston, Adele, Simi, Andra Day le Asa.[ 3]
Ka ngwaga wa 2018, Asaba o ne a bona dipoloma ya booki e e kwadisitsweng ke puso kwa Biaka University Institute kwa Buea. Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe, o ne a fudugela kwa Yaoundé go ya go dira tiro ya booki kwa Bookelong jwa Yaoundé Central koo a neng a direla teng dikgwedi di le 8. Ka bonako morago ga moo, o ne a thapiwa mo khampaning ya boitekanelo le pabalesego ya kwa tirong kwa Limbe e e bidiwang Noiia LTD.[ 4]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2007, o ne a itsisiwe mo label ya Trackzone Records jaaka moopedi wa Gospel. Fa a le koo o ne a kopana le Daphne, Martin Dachristo le ba bangwe.
Ka 2009, DJ Subzee, mong wa TrackZone Records o ne a mo itsise M1 Studios. Ke gone koo a neng a simolola go dira tiro ya gagwe ya mmino gone. O ne a kopana le batho ba ba tshwanang le Emile Ngomba, Salatiel, Mr Leo, Adelle Clarice le Myra Davida.[5]
Ka kgwedi ya Ngwanatsele 2016, o ne a nna le seabe mo pina ya setlhogo sa African Women's Cup of Nations e e nang le setlhogo sa We Are Champions mmogo le Salatiel, Mr Leo, Daphne, Mink's le ba bangwe ba le bantsi go tshegetsa Setlhopha sa Basadi sa Cameroon. Kgwele ya dinao ka nako ya kgaisano.
Ka 2016, o ne a nna le seabe mo porojekeng ya tlhokomediso ya mogare wa Ebola e e bidiwang We Do It For Africa go tlotla botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bone ka ntlha ya mogare le bana botlhe ba ba neng ba sala e le masiela ka ntlha ya leroborobo leno.[ 6]
Ka Lwetse 2020, tiro ya gagwe ya mmino e ne ya fetoga fa a ne a saena le Starfish Entertainment, khampani ya boitlosobodutu ya Cameroon e e leng kwa United Kingdom mme e na le seabe mo botsamaising jwa bataki. Kgwedi morago ga go saena konteraka eno, Asaba o ne a golola bidio ya gagwe ya ntlha ya mmino e e bidiwang Yele.[ 7]
Ka Moranang 2022, Asaba o ne a gapa sekgele sa gagwe sa ntlha kwa Urban Jamz Awards ka fa tlase ga setlhopha sa Best Vocal Performance (Female). O ne a tlhophiwa mmogo le Charlotte Dipanda, Darina Victry le Rinyu.
Ka Phatwe 2022, o ne a golola EP ya gagwe ya ntlha e e bidiwang Lighter, EP ya dipina di le 9 e e nang le tirisanommogo le Mr. Leo, Locko, Kameni, Mic Monsta le Cleo Grae.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] BlackStyle (5 July 2022). "Throwing some light on the rising Mary 'Asaba'". Blackstyle Media. Retrieved 10 September 2023.
[2] "Asaba; The Face of Starfish Entertainment Seems to be Aiming for Nothing but the Crown – Hovareigns". 9 April 2021. Retrieved 14 September 2023.
[3] "Afro-pop artiste, Asaba, taking music industry by storm". Afro-pop artiste, Asaba, taking music industry by storm. Retrieved 14 September 2023.
[4] "Mary Asombang Asaba (Asaba)". africabokutalent.org. Retrieved 26 May 2025.
[5] E, George (21 September 2022). "Artiste Profile: Asaba's Biography, Career & Personal Life". eNow Digital. Retrieved 14 September 2023.
[6] Lively, Cilia (14 March 2022). "Prosopography Of One Of Cameroon's Finest Afropop Voices – ASABA". Critiqsite. Retrieved 14 September 2023.
[7]"Afro-pop artiste, Asaba, taking music industry by storm". Afro-pop artiste, Asaba, taking music industry by storm. Retrieved 14 September 2023